Go Senka Tlholelo ya Motho
KE KA ntlha yang fa go dumela mo tlholelong go aname thata jaana? Go ralala dingwaga, motho o ntse a senka go rarabolola masaitseweng a botshelo le go bona maikaelelo mangwe mo ditiragalong tse di diregang. Mokwalahisitori e bong Helmer Ringgren o tlhalosa jaana: “Ke gone mono, mo dikgopolo tsa ‘modimo,’ ‘go tlholelwa,’ le ‘go itiragalela fela ga dilo,’ di simololang go umakiwa teng, go ikaegile ka gore a ditiragalo tseno di nnile teng ka ntlha ya maatla mangwe a motho, taolo nngwe e e seng ya motho kana ga go a ka ga nna le taolo epe gotlhelele.” Hisitori e tletse ka ditumelo, dingwao le ditlhamane tse di buang ka go tlholelwa ga motho.
Jean Bottéro, yo o leng mankge wa hisitori kaga Asiria ya bogologolo o bolela jaana: “Mo dikarolong tsotlhe tsa setso sa rona re tshwaeditswe segolobogolo ke dingwao tsa Mesopotamia,” a bo a oketsa ka gore ke kwa Mesopotamia kana Babelonia wa bogologolo kwa re fitlhelang teng “tsela ya bogologolo thata e re ka e akanyang e motho a tsibogelang ka yone dilo tse e seng tsa tlholego le tsela e a akanyetsang ka yone dilo tse e seng tsa tlholego, thulaganyo ya bogologolo thata ya bodumedi e motho o kileng a e bona.” Gape ke gone mono mo re fitlhelang tshimologo ya tlholelo.
Medi ya Bogologolo ya Tlholelo
Gareng ga marope a bogologolo a kwa Mesopotamia, kwa go se gone jaanong e leng Iraq, baithutamarope ba ne ba ribolola mengwe ya mekwalo ya bogologolo go gaisa yotlhe e motho a e itseng. Matlapanakwalelo a le diketekete a a kwadilweng ka mokwalo wa cuneiform a re bontsha sentle botshelo jwa batho ba bogologolo ba kwa Sumer le kwa Akkad le jwa kwa motseng o o tumileng thata wa Babelona. Go ya ka moithutamarope e bong Samuel N. Kramer, Ba-Sumer “ba ne ba tshwentswe ke bothata jwa go boga ga batho, segolobogolo malebana le dilo tse di sa itsiweng tse di bakang bothata jono.” Go batla ga bone dikarabo go ne ga dira gore ba akanye ka tlholelo.
Mo bukeng ya gagwe ya Babylon, moithutamarope e bong Joan Oates o bolela gore “Mobabelona mongwe le mongwe o ne a na le modingwana kana modimo wa gagwe wa sesadi.” Bababelona ba ne ba dumela gore medimo “e ne e laola se se tlileng go diragalela batho botlhe, ka bongwe kana ka setlhopha.” Go ya ka Kramer, Ba-Sumer ba ne ba dumela gore “medimo e e laolang lobopo e ne e rulagantse gore boikepo, go bua maaka le thubakanyo e nne karolo ya botlhokwa ya tlhabologo e bile e tlhomile gore go nne jalo.” Go dumela mo tlholelong go ne go aname e bile go tseelwa kwa godimo.
Bababelona ba ne ba akanya gore ba ka kgona go itse se medimo e se rulagantseng ka go laola ka bola—“mokgwa wa go buisana le medimo.” Go laola ka bola go ne go akaretsa go leka go bolelela pele isagwe ka go leba dilo le ditiragalo ka kelotlhoko, go di tlhaloganya le go di tlhalosa. Gantsi go ne go sekasekwa ditoro, boitshwaro jwa phologolo le mateng. (Bapisa Esekiele 21:21; Daniele 2:1-4.) Ditiragalo tse di sa lebelelwang kana tse di sa tlwaelegang tse go neng go bolelwa gore di senola isagwe di ne di kwalwa mo matlapanakwalelong a letsopa.
Go ya ka mokanoki wa ditšhaba tsa bogologolo wa Mofora e bong Édouard Dhorme “fa re boela morago mo hisitoring ya kwa Mesopotamia, re fitlhela motho yo o bolelelang dilo pele le kgopolo ya go laola ka bola.” Go laola ka bola e ne e le karolo ya botlhokwa ya botshelo. Eleruri, Porofesa Bottéro o bolela gore “sengwe le sengwe se ne se lejwa e le selo se se ka tlhokang go tlhatlhobiwa le go laolwa ka bola . . . Lobopo lotlhe lo lo bonalang lo ne lo tsewa e le sesupo se ka tsela nngwe go ka bonwang isagwe ka sone fa lo sena go tlhatlhobiwa ka kelotlhoko.” Ka jalo, baagi ba Mesopotamia ba ne ba rata tepodinaledi thata e le go bonela pele isagwe.—Bapisa Isaia 47:13.
Mo godimo ga moo, Bababelona ba ne ba dirisa letaese kana ba thela bola fa ba laola ka bola. Mo bukeng ya gagwe ya Randomness, Deborah Bennett o tlhalosa gore seno se ne se tla “dira gore motho a se ke a kgona go fetola isagwe ya gagwe mme ka go dira jalo a neele medimo tsela e e siameng ya go tlhalosa se e se ratang.” Le fa go ntse jalo, ditshwetso tsa medimo di ne di sa tsewe e le tse di ka se fetolweng. Motho o ne a ka thusiwa go tila isagwe e e bosula fa a ne a ka ikuela mo medimong.
Tlholelo Kwa Egepeto ya Bogologolo
Mo lekgolong la bo15 la dingwaga B.C.E., Babelona le Egepeto di ne di dirisana thata. E ne ya re fa dinaga tseno di ntse di refosanya ditso tsa tsone, go ne ga akarediwa le ditiro tsa bodumedi tse di amanang le tlholelo. Ke ka ntlha yang fa Baegepeto ba ne ba amogela go dumela mo tlholelong? John R. Baines, porofesa wa go ithuta dilo tsa bogologolo tsa Egepeto kwa Yunibesithing ya Oxford o bolela gore “karolo e kgolo ya bodumedi jwa [Egepeto] e ne e le kaga go leka go tlhaloganya ditiragalo tse go sa kgonegeng go di bonela pele le tsa bomadimabe le go di tsibogela.”
Gareng ga medimo e mentsi ya kwa Egepeto, Isis o ne a tlhalosiwa e le “mohumagadi wa botshelo, molaodi wa tlholelo le go laolelwa isagwe.” Gape Baegepeto ba ne ba laola ka bola e bile ba dirisa tepodinaledi. (Bapisa Isaia 19:3.) Mokwalahisitori mongwe o bolela jaana: “Ba ne ba na le botswerere jo bo seng kana ka sepe jwa go botsa medimo.” Le fa go ntse jalo, ga se setšhaba sa Egepeto fela se se neng sa amogela dikgopolo tseno go tswa mo Babelona.
Gerika le Roma
Jean Bottéro o bolela gore fa go tliwa mo dikgannyeng tsa bodumedi, “Gerika ya bogologolo ga ya ka ya falola tlhotlheletso e e anamang thata mme e le e kgolo thata ya Babelonia.” Porofesa Peter Green o tlhalosa lebaka la go bo Bagerika ba ne ba rata thata jaana go dumela mo go laoleng isagwe: “Mo lefatsheng le le sa tlhomamang, le mo go lone batho ba neng ba etsaetsega thata go tsaya boikarabelo jwa ditshwetso tsa bone, e bile gantsi ba ikutlwa e le dimpopi fela, ba isiwa kwa le kwa ke Tlholelo e e sa tlhaloganyegeng e bile e gagametse thata, taolo ya bomodimo [tlholelo e e laolwang ke medimo] e ne e le tsela e nngwe e motho a ka rulaganyediwang isagwe ya gagwe ka yone. Se se neng se tlhomilwe ke Tlholelo se ne se ka bolelelwa pele fa e le gore motho wa teng o na le bokgoni kana kitso e e kgethegileng ya go dira jalo. E ne e ka nna ya se nne se motho a neng a batla go se utlwa; mme le fa go ntse jalo fa a tlhagisitswe go sa le gale, seno se ne se ka mo thusa gore a nne a ipaakantse.”
Mo godimo ga gore go dumela mo tlholelong go bo go ne go tlhomamisetsa batho ka isagwe ya bone, gape go ne go dirwa ka maikaelelo a mangwe a a sa siamang. Kgopolo ya tlholelo e ne ya thusa go kokobetsa batho ba bantsi ba maemo a a kwa tlase, mme ka ntlha ya seo, go ya ka mokwalahisitori e bong F. H. Sandbach, “go dumela gore lefatshe le ne le laolwa gotlhelele ke Kaelo ya Modimo e ne e le kgopolo e setlhopha se se busang sa batho ba ba busang se neng se e rata thata.”
Ka ntlha yang? Porofesa Green o tlhalosa gore tumelo eno “e ne e le selo se ba neng ba se dirisa—mo boitsholong, mo bodumeding, mo tseleng ya go tlhalosa dilo—go dira gore thulaganyo e e tlhomilweng ya setšhaba le ya dipolotiki e bonale e siame mo matlhong a batho: e ne e le sedirisiwa se se maatla le se se bofitlha se setlhopha se se busang sa Gerika se kileng sa se dirisa go dira gore se tswelele pele se ntse se busa. Boammaaruri fela jwa gore sengwe le sengwe se se diragalang se tlholetswe gore se diragale; e bile e re ka tlhago go le gale e ne e ntse e sekametse mo go nneng molemo mo bathong, se se neng se tlholetswe go ne go tlhomamisegile gore e tla nna se se molemolemo.” Totatota, e ne ya dira gore “boithati jo bo setlhogo bo tsewe e le selo se se itshiametseng fela.”
O kgona go bona mo dibukeng tsa Segerika gore ba le bantsi ba ne ba amogetse kgopolo eno ya tlholelo. Gareng ga dibuka tsa bogologolo go ne go na le tse di buang ka ditiro tsa bogatlhamelamasisi, ditlhamane le tsa masetlapelo—tseo mo go tsone tlholelo e nnileng le karolo e kgolo. Mo ditlhamaneng tsa Gerika, tlholelo ya motho e ne e emelwa ke medimo e le meraro ya sesadi e e neng e bidiwa Moirai. Clotho e ne e le ene a thanthololang tlhale ya botshelo, Lachesis ene o ne a laola gore botshelo bo ne bo tshwanetse go nna boleele jo bo kana kang, mme Atropos ene o ne a kgaola botshelo fa nako e e beilweng e fedile. Baroma le bone ba ne ba na le medimo e e tshwanang e e dikarolo di tharo e ba neng ba e bitsa Parcae.
Baroma le Bagerika ba ne ba tlhoafalela go itse gore ba laoletswe eng kwa bokhutlong. Ka jalo, ba ne ba adima mekgwa ya tepodinaledi le go laola ka bola go tswa go Babelona le go e oketsa. Baroma ba ne ba bitsa ditiragalo tse di neng di dirisiwa go bolelela pele isagwe ba re ke portenta, kana ditshupo. Melaetsa e ditshupo tseno di neng di e bontsha e ne e bidiwa omina. Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., go lepa dinaledi e ne e le selo se se tlwaelegileng kwa Gerika, mme ka 62 B.C.E., go ne ga tlhaga horosekoupo ya ntlhantlha ya Bagerika. Bagerika ba ne ba kgatlhegela tepodinaledi thata jaana mo e leng gore go ya ka Porofesa Gilbert Murry, tepodinaledi “e ne ya wela megopolo ya Bagerika fela jaaka bolwetse jo bosha bo wela batho ba ba nnang kwa setlhaketlhakeng se se kwa kgakala.”
Bagerika le Baroma ba ne ba dirisana thata le baperesiti ba ba buang le medimo kana batho ba ba buang le baswi, ka ba ne ba leka go itse isagwe ya bone. Ka mekgwa eno go dumelwa gore medimo e ne e buisana le batho. (Bapisa Ditiro 16:16-19.) Diphelelo tsa ditumelo tseno e ne ya nna dife? Mofilosofi mongwe e bong Bertrand Russell o ne a bolela jaana: “Batho ba ne ba tlala poifo go na le gore ba nne le tsholofelo; boikaelelo jwa botshelo jaanong e ne ya nna gore motho a falole bomadimabe go na le gore a fitlhelele sengwe se se molemo.” Ditlhogo tse di tshwanang le tseno di ne tsa tsoga le mo go Labokeresete.
“Bakeresete” ba Ganetsana ka Tlholelo
Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshela mo setsong se se neng se tlhotlheleditswe thata ke dikgopolo tsa Bagerika le tsa Baroma malebana le tlholelo le se motho a se laoletsweng. Ka sekai, ba go neng go twe ke Borara ba Kereke, ba ne ba dirisa thata dibuka tsa bafilosofi ba Bagerika ba ba jaaka Aristotle le Plato. Bothata bongwe jo ba neng ba leka go bo rarabolola e ne e le gore, Go ka tla jang gore Modimo yo o itseng tsotlhe, yo o maatla otlhe, “Yo [o] bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo,” go bo go ka twe ke Modimo yo o lorato? (Isaia 46:10; 1 Johane 4:8) Fa Modimo a itse bokhutlo go tswa mo tshimologong, ba bolela gore he o tshwanetse a bo a ne a itse gore motho o ne a tla wela mo boleong le gore seno se ne se tla lere ditlamorago tse di kotsi go le kana kang.
Origen, mongwe wa bakwadi ba bogologolo ba Bakeresete yo o neng a kwala dibuka tse dintsi thata, o ne a bolela gore sengwe sa dilo tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go nna re di gakologelwa e ne e le kgopolo ya motho ya go itlhophela se a se batlang. O ne a kwala jaana: “Eleruri, go na le ditemana di le dintsi mo Dikwalong tse di tlhomamisang ka phepafalo gore motho o na le kgololesego ya go itlhophela.”
Origen o ne a bolela gore go kaya fa go na le mongwe o sele yo o dirang gore re dire se re se dirang “ga se boammaaruri e bile ga go utlwale, mme ke selo se se buiwang ke motho yo o batlang go senya kgopolo ya gore motho o kgona go itlhophela se a se batlang.” Origen o ne a bolela gore le fa gone Modimo a kgona go itse ditiragalo go sa le gale ka tatelano ya tsone, seno ga se bolele gore ke ene yo o bakang tiragalo eo kana gore e tshwanelwa ke go direga le fa go ka nna jang. Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba neng ba dumalana le seo.
Rara wa Kereke yo o neng a na le tlhotlheletso thata e bong Augustine (354-430 C.E.), o ne a raraanya dilo le go feta ka go fokotsa seabe se go itlhophela dilo go nang le sone mo ditiragalong. Augustine o ne a dira gore go dumela mo goreng dilo di laoletswe go sa le gale e nne thuto ya motheo mo dithutong tsa bodumedi tsa Labokeresete. Mo Metlheng ya Bogare, go ne go tlotliwa thata ka dibuka tsa gagwe, segolobogolo De libero arbitrio. Kgabagare kganetsano eno e ne ya fitlha kwa setlhoeng sa yone ka nako ya Phetogo e Kgolo, fa Labokeresete e ne e kgaogana thata ka ntlha ya kgang ya taolelogale.a
Tumelo e e Anameng
Le fa go ntse jalo, dikgopolo tsa tlholelo, ga di a felela fela kwa dinageng tsa Bophirima. Fa ba supa gore ba dumela mo tlholelong, Bamoseleme ba le bantsi ba re “mektoub”—go kwadilwe jalo—fa ba lebane le masetlapelo. Le fa gone e le boammaaruri gore madumedi a le mantsi a kwa Botlhaba a gatelela thata seabe se motho a nang le sone mo bofelelong jwa gagwe ka boene, gone, go na le dikarolo dingwe tsa tlholelo mo dithutong tsa bone.
Ka sekai, Karma mo Bohindung le mo Bobudeng ke bofelelo jo o ka se bo tileng jo bo bakilweng ke ditiro tsa gago tsa botshelo jwa nako e e fetileng. Kwa China mekwalo ya bogologolo e e neng ya ribololwa e ne e le mo dikgapeng tsa khudu tse di neng di dirisediwa go laola ka bola. Gape tlholelo e ne ya nna karolo ya ditumelo tsa batho ba ba tlholegileng kwa dinageng tsa Amerika. Ka sekai, Ba-Aztec ba ne ba dira dikhalendara tsa go laola ka bola tse di neng di dirisiwa go bontsha bofelelo jwa batho. Gape go dumela mo tlholelong go tlwaelegile thata le mo Afrika.
Tsela e kgopolo ya tlholelo e amogetsweng thata ka yone mo dinageng di le dintsi totatota e supa gore motho o tlhoka go dumela mo maatleng mangwe a magolo. John B. Noss, mo bukeng ya gagwe ya Man’s Religions, o dumela jaana: “Madumedi otlhe a bolela ka tsela nngwe gore motho ga a kgone e bile a ka se kgone go itshelela a le nosi. O amana e bile o ikaegile thata ka maatla a Tlholego le a Setšhaba a a ka kwa ntle ga gagwe. A ka tswa a sa lemoge kana a lemoga ka phepafalo, o a itse gore a ka se itshelele fela ka boene a tlhomologa mo lefatsheng.”
Mo godimo ga gore re bo re tlhoka go dumela mo Modimong, gape re tlhoka go tlhaloganya gore ke eng se se diragalang go re dikologa. Le fa go ntse jalo, go na le pharologanyo gareng ga go lemoga Mmopi yo o maatla otlhe le go dumela gore ke ene yo o tlhomang se se tlileng go re diragalela mme ga a na go se fetola. Totatota re na le seabe sefe mo go bopeng bofelelo jwa rona? Modimo o na le seabe sefe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona makasine o o tsamaisanang le ono wa Tora ya Tebelo, ya February 15, 1995, ditsebe 3-4.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Khalendara ya Sebabilone ya tepodinaledi, 1000 B.C.E.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Musée du Louvre, Paris
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Bagerika le Baroma ba ne ba dumela gore bofelelo jwa motho bo ne bo tlhomilwe ke medimo e le meraro ya sesadi
[Motswedi wa Setshwantsho]
Musée du Louvre, Paris
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Isis wa kwa Egepeto, “molaodi wa tlholelo le go laolelwa isagwe”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Musée du Louvre, Paris
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Mekwalo ya bogologolo ya Ba-China mo dikgapeng tsa dikhudu e ne e dirisediwa go laola ka bola
[Motswedi wa Setshwantsho]
Institute of History and Philology, Academia Sinica, Taipei
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ditshupo tsa “zodiac” di ne di bonala mo lebokosong leno la Baperesia
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photograph taken by courtesy of the British Museum