A go Fedile ka Matshosetsi a Nuklea?
KA DINGWAGA di feta di le 40, lefatshe le ntse le tshelela mo poifong ya gore le tla senngwa ka nuklea. Mme ka 1989, Lebota la Berlin le ne la phutlhama—e leng ketapele ya go wa ga Bokomonise jwa Soviet. Go ise go ye kae, mebusomegolo e ne ya dumalana gore e kgaotse go supana ka dimmisaele tsa bone. E re ka go ne go bonala e kete “Haramagedona” ya nuklea e emisitswe, kana bobotlana e buseditswe kwa morago, lefatshe le ne la kgona go wela makgwafo morago ga nako e telele.
Le fa go ntse jalo, bomankge ba le bantsi ba dumela gore ga e ise e nne nako ya go keteka. Ka 1998 tshupanako e e itsegeng thata ya letsatsi la tshenyego ya The Bulletin of the Atomic Scientists, e ne ya isiwa kwa pele ka metsotso e le metlhano, go dira gore e nne metsotso e le robongwe pele ga bosigogare—e leng selo se se neng se bontsha sentle gore ruri matshosetsi a nuklea a sa ntse a le gone.a Ruri seemo sa lefatshe se fetogile. Ga e tlhole e le dinaga di le pedi fela tse dikgolo tse di dirang dibetsa tsa nuklea, tse di emeng ka dibetsa tsa tsone. Gone jaanong ke merafe e le mmalwa e e kgonang go tshola dibetsa tsa nuklea! Mo godimo ga moo, bomankge ba tshoga gore go ise go ye kae ditlhopha dingwe tsa dirukhutlhi di ka bona dilo tse di dirang marang a a bolayang mme di dire bomo ya bomagogorwane ya atomo.
Mo godimo ga moo, le mororo go fokoditswe thata jaana, United States le Russia di sa ntse di na le mabolokelo a a boitshegang thata a dibetsa tsa nuklea. Go ya ka setlhopha sengwe sa dipatlisiso se se bidiwang Komiti ya Melao ya Nuklea, dibetsa tsa nuklea di ka nna 5 000 gone jaanong di mo seemong sa gore di ka thunya nako nngwe le nngwe. Pego ya bone e bolela jaana: “Ka jalo, fa go ne go ka tswa taolo nngwe ya gore go tlhaselwe mo maemong a gone jaanong, mo metsotsong e se mekae fela dimmisaele di le 4 000 tse di kgonang go itsamaisa [go kgabaganya dikontinente] (dimmisaele di le 2 000 kafa letlhakoreng lengwe le lengwe), di ka tsena mo tseleng go ya kwa di rometsweng gone, mme [dimmisaele tse dingwe tse di kgonang go itsamaisa tse di romelwang go tswa kafa tlase ga metsi] di le 1 000, le tsone di ka tsena mo tseleng ka bonako fela morago ga foo go ya kwa di rometsweng gone.”
Go nna teng ga mabolokelo ano a dibetsa go dira gore go nne le kotsi ya gore go ka tlhagoga ntwa ka phoso, kana gongwe e bile e le e e akanyeditsweng go sa le gale. Morulaganyi yo o itsegeng thata wa Mo-Russia e bong Vladimir Belous o ne a tlhagisa jaana: “Fa go ka direga kotsi nngwe e e bolayang, e ka thabuetsa lefatshe mo tlhakatlhakanong ya masetlapelo a ntwa ya nuklea, e leng selo se baeteledipele ba dipolotiki ba sa se eletseng.” Ka jalo, le fa Ntwa ya Molomo e ka tswa e fedile, matshosetsi a go gailwa ka nuklea tota one ga a ise a fele. Mme gone matshosetsi ano a magolo go le kana kang? A lefatshe le tla tsamaya le tlosa dibetsa tsa nuklea mo go lone? Ditlhogo tse di latelang di tla bua ka dikgang tseno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tshupanako ya letsatsi la tshenyego e e mo khabareng ya The Bulletin of the Atomic Scientists, ke letshwao le le bontshang gore lefatshe le bonala le le gaufi go le kana kang le “bosigogare” jwa ntwa ya nuklea. Ka masomesome a dingwaga, lenaka le leleele la tshupanako eno le ntse le tsamaisiwa go bontsha diphetogo mo maemong a dipolotiki a lefatshe.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Explosions on pages 2 and 3: U.S. National Archives photo