LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g01 2/8 ts. 3
  • Fa o Tlelwa ke Bothata Bongwe Jwa Botsogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa o Tlelwa ke Bothata Bongwe Jwa Botsogo
  • Tsogang!—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bolwetse Jo bo Sa Foleng—Bothata Jwa Lelapa Lotlhe
    Tsogang!—2000
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2001
  • Go Fuduega Maikutlo
    Tsogang!—2001
  • Kafa Malapa a Lepalepanang le Bolwetse Jo bo Sa Foleng ka Teng
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2001
g01 2/8 ts. 3

Fa o Tlelwa ke Bothata Bongwe Jwa Botsogo

“Ke ne ke gamaregile tota.”—Go ne ga rialo John fa a sena go bolelelwa gore o tshwerwe ke bolwetse bongwe jo bo golafatsang.

“Ke ne ke tshogile.”—Go ne ga rialo Beth, fa a sena go lemoga kafa bolwetse jwa gagwe bo neng bo le masisi ka gone.

GO BOLELELWA gore o na le bolwetse bongwe jo bo sa foleng le jo bo golafatsang kana gore dikgobalo dingwe tse di bakilweng ke kotsi di tlile go go tlogela o golafaletse ruri, ke sengwe sa dilo tse di botlhoko thata tse di diragalelang batho mo botshelong. Le fa o ka tswa o utlwa dikgang tseno tse di ka ga bolwetse jwa gago mo kantorong e e didimetseng ya ngaka kana o tshwanelwa ke go tsena mo phaposing ya maemo a tshoganyetso go lebana le bothata jwa go golafala ga gago, gantsi o iphitlhela o sa dumele dilo tseno tse di go diragalelang. Ga go sepe mo botshelong se se dirang gore o ipaakanyetse go lepalepana le go utlwa botlhoko thata mo maikutlong go go go diragalelang fa o tlelwa ke bolwetse bongwe jo bo masisi.

E le gore go ka kokoanngwa tshedimosetso e e ka nnang ya thusa batho ba botsogo jwa bone bo neng jwa koafala thata bosheng jaana, Tsogang! e ne ya bua le batho ba le mmalwa mo dinageng tse di farologaneng ba ba ileng ba lepalepana ka katlego le bolwetse jo bo sa foleng jo bo golafatsang ka dingwaga di le dintsi. Ba ne ba kopiwa gore ba arabe dipotso tse di jaaka: O ne wa ikutlwa jang? Ke eng se se neng sa go thusa go itshokela bothata jono le go dira gore o ritibale maikutlo gape? Ke dikgato dife tse o neng wa di tsaya gore o kgone go laola botshelo jwa gago gape? Kitso e e tserweng ka tlhamalalo mo dipotsolotsong tseno mmogo le dilo dingwe tse di fitlheletsweng ke babatlisisi ba ba ithutang ka ditlamorago tsa malwetse a a tshwarang motho lobaka lo loleele di kwadilwe fano gore di solegele molemo batho ba gone jaanong ba lebaneng le bothata bongwe jwa botsogo.a

[Ntlha e e kwa tlase]

a Le mororo motseletsele ono wa ditlhogo o kwaletswe segolobogolo batho ba ba lwalang kana ba ba golafetseng, motseletsele wa ditlhogo o o buang ka go lepalepana le bolwetse jo bo sa foleng lo le lelapa (Tsogang! ya June 8, 2000) o ne o na le tshedimosetso e segolobogolo e neng e kwaletswe batho ba ba tlhokometseng balwetse.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela