LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g01 6/8 ts. 28-29
  • A Polao ya Kgailo e ka Boa ya Direga Gape?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Polao ya Kgailo e ka Boa ya Direga Gape?
  • Tsogang!—2001
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga se Kgang e e Amang Bajuda Fela
  • Polao ya Kgailo le Basupi ba ga Jehofa
  • Basupi ba ga Jehofa le Go Gailwa ga Batho ke Banasi—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Go Gailwa ga Batho ke Banasi—Ke Eng fa go Ile ga Diragala? Ke Eng fa Modimo A ne A sa Go Thibele?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Bosula Jwa Ba-Nazi bo a Senolwa
    Tsogang!—1995
  • Baboloka Bothokgami ba ba Pelokgale ba Fenya Pogiso ya Banasi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2001
g01 6/8 ts. 28-29

A Polao ya Kgailo e ka Boa ya Direga Gape?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SWEDEN

KA January 26-28, 2000, baeteledipele ba Dipuso le baemedi ba dipuso di le 48 go tswa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba phuthegela kwa motsemogolong wa Sweden go ya go nna teng kwa Pokanong ya Boditšhabatšhaba ya Stockholm go tla go tlotla ka Polao ya Kgailo. Dintlha dingwe tse di neng di buiwa go tswa mo seraleng di ne di bontsha gore baeteledipele ba boifa gore Bonasi bo tla runya gape. Tonakgolo ya pele ya Iseraele e bong Ehud Barak o ne a bolela jaana: “Khonferense eno e romela molaetsa o o yang mo lefatsheng lotlhe: Ga go a tshwanelwa ga tlhola go letlelelwa gope fela mo lefatsheng puso e e lereng boikepo le polao le go tlhaola batho ka ntlha ya bodumedi jwa bone, lotso le mmala.”

Ga se Kgang e e Amang Bajuda Fela

Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba amanya lereo la “Polao ya Kgailo” le Bajuda fela. Le fa go ntse jalo, go na le ba bangwe ba le bone e neng ya ba ama. Kwa tirelong e e neng e tshwaretswe kwa Great Synagogue ya Stockholm ya go gopola Polao ya Kgailo ya Bajuda e e phasaladitsweng fela thata ka nako ya pokano eo, tonakgolo ya Sweden e ne ya akantsha gore go dirwe tumalano ya gore go bulwe mabolokelo otlhe a direkoto tsa kgang eno mo lefatsheng lotlhe gore batho ba sedimosediwe ka Polao ya Kgailo e e neng ya diragala. O ne a bolela jaana: “A re itseng ka polao ya morafe wa Ba-Gypsy, ka kgailo ya batho ba ba golafetseng le go bogisiwa le go bolawa ga basodoma, baganetsi le Basupi ba ga Jehofa.”

Puso ya kwa Sweden e kwadile buka e e buang ka Polao ya Kgailo ya setlhogo se se reng Tell Ye Your Children e e neng ya phasaladiwa mahala mo nageng yotlhe e newa malapa otlhe a a nang le bana. Kgatiso eno e bolela gore Basupi ba ga Jehofa “ba ne ba gana go ikobela puso ya ga Hitler le Jeremane ya Bonasi. Go gana mo go ntseng jalo go ne go tlhomologile ka gonne go saena fela lekwalo le le bontshang go e ikobela ga bone go ka bo go fedisitse go bogisiwa ga bone—le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwanyana fela ba ba neng ba tlhopha go dira jalo.”

Polao ya Kgailo le Basupi ba ga Jehofa

Ka 1933, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 25 000 kwa Jeremane. Diketekete tsa bone di ne di le mo gare ga ba ntlha go tsenngwa mo dikampeng tsa Bonasi le mo dikgolegelong. Ba ne ba bolela gore jaaka Bakeresete, ba itlhaotse mo mefuteng yotlhe ya bopolotiki le mo ditirong tse di amanang le bosole. Ba ne ba sa galaletse Hitler. Ba ne ba gana go amogela kgopolo ya botšhaba ya Bonasi le go nna le seabe mo mokgatlhong wa bopolotiki le wa bosole wa ga Hitler. Go ne ga swa ba ka nna 2 000, ba ba fetang 350 ba bone e le ka gonne ba ne ba atlholetswe loso.

Mo godimo ga moo, magolegwa a Basupi a ne a thusa magolegwakabone gore a itshoke, go akaretsa le Bajuda le ba bangwe. Ba ne ba dira jalo ka go ba naya tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng le go abelana sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone le ba ba lwalang le ba ba bokoa, gantsi ba ne ba ngathogana le bone lenathwananyana la bone la bofelo la senkgwe. Mo dingwageng tsa ntlha tsa pogiso ya Bonasi, gape ba ne ba ntshetsa kwa ntle ka bofitlha tshedimosetso ka dikampa tsa pogisetso le gore go ne go diragalang mo go tsone. Fa e sa le ka nako eo, ba gatisitse ditlhogo di le mmalwa tse di buang ka masetlapelo a Bonasi le dikgang tsa botshelo tsa ba ba falotseng mo dimakasineng tsa bone tse di phasaladiwang mo lefatsheng lotlhe tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

Go ne go bonala baemedi ba ba neng ba tlile kwa Pokanong ya Boditšhabatšhaba ya Stockholm ba ne ba boifa gore Bonasi bo tla runya gape. Porofesa Yehuda Bauer, mokaedi wa Setheo sa Boditšhabatšhaba sa Dipatlisiso Tsa Polao ya Kgailo kwa Institute of Contemporary Jewry, kwa Iseraele, o ne a tlhalosa jaana: “E re ka e kile ya diragala, e ka diragala gape, e seng ka tsela e e tshwanang le e e neng ya diragala ka yone, e bile go sa reye gore e tla diragalela bone batho ba e neng ya ba diragalela, e sa dirwe ke batho ba ba neng ba e dira, mme e ka nna ya diragalela ope fela e bile e ka nna ya dirwa ke ope fela. E ne e sa tshwane le epe e e kileng ya diragala, mme jaanong go ka nna ga diragala e e tshwanang le yone.”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Khutlotharo e phepole e ne e tlhaola Basupi ba ga Jehofa kwa dikampeng

[Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

1. Julius Engelhardt, yo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a bolawa ke Banasi kwa Brandenburg ka August 14, 1944

2. Basupi ba ga Jehofa ba le bararo ba ya gae fa ba sena go gololwa kwa Sachsenhausen, ka 1945

3. Elsa Abt, Mosupi yo o neng a kgaogana le morwadie yo mmotlana mme a tswalelwa mo kgolegelong ka dingwaga di ka nna tharo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Nordrhein-Westfälisches Hauptstaatsarchiv, Düsseldorf

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Basupi ba ba falotseng ba bolela se se ba diragaletseng mo dibidiong tseno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela