LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g03 1/8 ts. 21
  • Leitlho la Ntsu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leitlho la Ntsu
  • Tsogang!—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhatloga ka Diphuka Jaaka Bontsu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Jehofa o Naya yo o Lapileng Maatla
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Go Ithuta mo Dinonyaneng Tsa Magodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • A ke Bontsu Kana Manong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2003
g03 1/8 ts. 21

Leitlho la Ntsu

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

BATHO ba kwa Spain ba tlhalosa motho yo o nang le matlho a a bogale ba re o na le matlho a ntsu (vista de águila). Bajeremane le bone ba na le polelo e e tshwanang le eno (Adlerauge). Ga se fela go bo go fetile makgolokgolo a dingwaga go na le seane se se buang ka matlho a a bogale a ntsu. Buka ya ga Jobe e e kwadilweng dingwaga tse di fetang dikete di le tharo tse di fetileng e bua jaana ka ntsu: “Matlho a yone a nna a lebile kwa kgakala.”—Jobe 39:27, 29.

Tota ntsu e kgona go bona bokgakala jo bokae? The Guinness Book of Animal Records e tlhalosa jaana: “Mo maemong a a tlwaelegileng fela, ntsu ya mmala wa gouta (Aquila chrysaetos) e kgona go bona mmutla fa o suta go sekae fela o le bokgakala jo bo fetang [dikilometara di le 2].” Bangwe ba bolela gore ntsu e kgona go bona kgakala go feta moo!

Ke eng se se dirang gore ntsu e nne le matlho a a bogale jaana? Sa ntlha, ntsu ya mmala wa gouta e na le matlho a mabedi a magolo a a tletseng ka sefatlhego sa yone. Book of British Birds e bontsha gore matlho a ntsu ya mmala wa gouta “a magolo thata mme ga a e imele gore e se ka ya kgona go fofa.”

Mo godimo ga moo, leitlho la ntsu le na le disele tse di e thusang go bona mmala, tse di fetang tsa rona mo e ka nnang ka makgetlo a le matlhano—tse di ka nnang disekweremilimetara di le 1 000 000 sengwe le sengwe sa tsone fa di bapisiwa le tsa rona tse 200 000. Mo e ka nnang nngwe le nngwe ya disele tseno e tshwaragane le nyurone. Ka ntlha ya moo, mosifa wa leitlho wa ntsu o o romelang melaetsa go tswa mo leitlhong go ya kwa bobokong o na le ditogwa tse di fetang tsa motho gabedi. Ga go gakgamatse go bo ditshedi tseno di kgona go bona mmala botoka thata! Sa bofelo, dinonyane tse di jang nama fela jaaka tse dingwe, di na le matlho a a nang le dithaka tse di bogale tse di kgonang go fetofetoga ka bonako gore di kgone go bona dilo tse di fa gaufi le tse di kgakala thata. Matlho a tsone a gaisa a rona kgakala thata mo ntlheng eno.

Ntsu e kgona go bona sentle thata fa go le motshegare, mme fa go le bosigo morubisi o bona botoka go na le yone. Dinonyane tseno tse di jang nama tse di fofang bosigo di na le matlho a a nang le disele tse dintsi tse di tsibogang ka bonako fa di utlwa lesedi le dithaka tse dikgolo tsa matlho. Ka ntlha ya moo, fa go le bosigo, di kgona go bona botoka thata makgetlho a le 100 go feta rona. Le fa go ntse jalo, ka dinako tsa fa go le lefifi thata, merubisi e ikaega ka ditsebe tsa yone tse di bogale go utlwa kwa nonyane e di e tsomang e leng teng.

Ke mang yo o neileng dinonyane tseno dinonofo tseno? Modimo o ne a botsa Jobe a re: “A ntsu e fofela kwa godimo ka taelo ya gago?” Go phepafetse gore ga go na motho ope yo go ka tweng ke ene a dirileng popo eno e e gakgamatsang. Jobe ka boene o ne a dumalana jaana ka boikokobetso: “Ke a itse [Jehofa] gore o kgona go dira dilo tsotlhe.” (Jobe 39:27; 42:1, 2) Leitlho la ntsu ke bosupi jo bongwe jwa botlhale jwa Mmopi wa rona.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ntsu ya mmala wa gouta

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Morubisi wa lefelo le le tletseng kapoko

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela