LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g03 2/8 ts. 20
  • O Tshwanetse go Robala mo go Lekaneng!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Tshwanetse go Robala mo go Lekaneng!
  • Tsogang!—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Dira Jang Gore ke Kgone go Robala Sentle?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Go Robala—A ke Go Tsamaisa Nako Fela Kgotsa go a Tlhokega?
    Tsogang!—2003
  • Go Robala Boroko Jo bo Lekaneng
    Tsogang!—2004
  • Go Robala—Go Botlhokwa go le Kana Kang?
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2003
g03 2/8 ts. 20

O Tshwanetse go Robala mo go Lekaneng!

A go na le mongwe yo o ka ganelang gore go robala sentle go botlhokwa thata gore motho a nne le botsogo jo bo siameng? Ga go bonale a ka nna teng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba tseye boroko bo le botlhokwa go le kalo. Shawn Currie, yo e leng ngaka ya malwetse a tlhaloganyo e bile e le motlatsa porofesa kwa Yunibesithing ya Calgary, kwa Canada a re: “Mme gone o utlwa ditlamorago tsa teng mo letsatsing le le latelang.” Fa o sa robale mo go lekaneng, seo se ka dira gore o nne motho yo o felafelang pelo mme ka dinako tse dingwe o tshwenyege thata mo maikutlong.

Lokwalodikgang lwa Calgary Herald lwa re: “Baitsesaense ba dumela gore go robala go lapolosa boboko, le gore motho o tswelela pele a ithuta a ntse a robetse.” Porofesa Currie o bolela jaana: “Fa o robetse bosigo dilo tse o di gakologelwang di simolola go kopana mmogo mme sengwe le sengwe se o se ithutileng motshegare se bolokiwa ka tsela e e tshwanetseng. Fa o sa ikhutse ka tsela eno, tota o a bo o kgoreletsa go ithuta ga gago.” Mo godimo ga moo, o bolela gore “go robala mo go lekaneng go bonala ka tsela nngwe go thusa go dira gore o ritibale mo maikutlong.”

Ka jalo motho o tshwanetse go robala nako e e kana kang? Baitse ba le bantsi ba bolela gore motho o tshwanetse go robala diura di le robedi, mme Currie ene a re: “Batho ga ba tshwane.” Ka ntlha ya seno o akantsha gore motho a leke go robala boroko. Mme gone motho a ka dira jalo jang, segolobogolo batho ba ba nang le bothata jwa go tlhorega boroko? Dikakantsho di le mmalwa ke tseno:

◼ Tlhapa ka metsi a a bothitho pele ga o robala.

◼ Ikatise mo go lekaneng makgetlo a le mmalwa mo bekeng; mme o se ka wa ikatisa thata pele fela ga o robala.

◼ Dira gore kamore ya gago e se ka ya nna modumo, e nne lefifi le gore e nne tsiditsana go se kae.

◼ Leka go tsoga ka nako e e tshwanang moso mongwe le mongwe gore mmele o tlwaele go tsoga ka nako eo ka metlha.

E re ka go bonala gore boroko bo molemo mo botsogong, nna botlhale mme o dire gore boroko e nne sengwe sa dilo tse di botlhokwa mo go wena.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela