LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g03 11/8 ts. 12
  • Oli—A e Tla Tsamaya e Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Oli—A e Tla Tsamaya e Fela?
  • Tsogang!—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Oli—Re e Bona Jang?
    Tsogang!—2003
  • Ke Eng fa go Tlhokega Mekgwa e Mesha ya go Fetlha Maatla a Motlakase?
    Tsogang!—2005
  • Oli—Kafa e go Amang ka Teng
    Tsogang!—2003
  • Go Bona Motswedi wa Maatla Otlhe
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2003
g03 11/8 ts. 12

Oli—A e Tla Tsamaya e Fela?

“Madirelo a ka bo a sa bereke fa go ka bo go sena [maatla a oli] . . . Go ne go ka se dirwe dikoloi, dilori, diterena, dikepe kgotsa difofane dipe . . . Matlo a ne a tla nna tsididi e bile dipone di ne di se kitla di tshubiwa, dijo di ne di se kitla di apewa fa go ka bo go se na maatla a oli. . . . Fa go ne go se na metswedi ya maatla a oli re ka bo re le mo Motlheng wa Maloba.”—Go tswa go “U.S. Geological Survey World Petroleum Assessment 2000.”

BOMANKGE ba maatla a oli ba dumela gore metswedi ya oli e ka feleletsa e kgadile. Bangwe ba fopholetsa gore mabolokelo a oli ya lefatshe a tla nna gone dingwaga tse di fetang di le 63 go ya go di le 95. Go sa ntse go le jalo, metswedi e mengwe ya maatla a oli e ntshiwa oli mme mengwe ya metswedi eno ga e bolo go dirisiwa ka masomesome a dingwaga. E mengwe ya metswedi e e ka ntšhafadiwang ka bonako ke eno: ya maatla a letsatsi, ya phefo, ya makhubu a metsi, ya motlakase o o fetlhiwang ka metsi le e e dirang ka mogote wa lewatle. Mme gone jaanong, go na le mathata a magolo a a amang tsela e e dirwang le e e phatlaladiwang ka yone.

Kgang ya go ntsha oli mo metsweding ya maatla a oli a a sa intšhafatseng mme e re fa e sena go kgala e be e le gone go iwang kwa metsweding e e intšhafatsang ruri ke kgang e e sa jeseng diwelang. Dikhampani tsa oli di dirisa nako e khutshwane e di tsayang gore oli e tla nna e le gone ka yone. Ka maswabi, go na le mabaka a a utlwalang a go lebelela gore mathata a loago le a tikologo a a amanang le oli a tla nna gone fa fela oli e sa ntse e le gone. Le fa go ntse jalo, selo se segolo se se bakang bothata jono ga se oli. Lebaka le le dirang gore oli e itsege ka tsela e e sa siamang ke ka ntlha ya bogagapa jwa batho le go batla go laola.

Se se itumedisang ke gore bokamoso jwa oli—le jwa metswedi e mengwe yotlhe ya maatla a oli—ga bo mo diatleng tsa ditšhaba. Bo mo diatleng tsa Mmopi wa lefatshe le Motlhokomedi wa lone e bong Jehofa Modimo, yo o re solofeditseng gore go ise go ye kae, mathata mangwe le mangwe a tikologo le a loago a a amanang le go dirisa didirisiwa tsa lefatshe le go di senya a tla fela. (Tshenolo 4:11) Fela jaaka Baebele e bolela, nako eo e gaufi e Modimo a tla ‘senyang ba ba senyang lefatshe’ ka yone. Bolaodi jo bo siameng jwa Modimo bo tla felela ka “legodimo le lesha le lefatshe le lesha,” lefatshe le le se nang tsietso le tshiamololo, le mo go lone didirisiwa tsa lefatshe di tla dirisiwang ka tsela e e seng ya bogapapa gore di solegele batho botlhe ba ba kutlo molemo.—Tshenolo 11:18; 21:1-4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Metswedi e mengwe ya maatla a oli e akaretsa diphanele tsa letsatsi le metšhine e e ntshang maatla ka ntlha ya go bo e fetlhiwa ke phefo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela