LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g04 1/8 ts. 19
  • Go Belegelwa mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Belegelwa mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato!
  • Tsogang!—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Kafa Bana ba Fetolang Lenyalo ka Gone
    Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Se Bana ba se Batlang Le se Ba se Tlhokang
    Tsogang!—2004
  • Baebele e a Reng ka go Ntsha Mpa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2004
g04 1/8 ts. 19

Go Belegelwa mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato!

LESEA le belegelwa mo lefatsheng le le makgwakgwa, le le se nang lorato, lefatshe le le tletseng matshwenyego. Tota le fa lesea le ka se bue maikutlo a lone, baitsesaense bangwe ba dumela gore tota le pele ga leseanyana leno le belegwa le setse le kgona go lemoga se se diregang.

Buka ya The Secret Life of the Unborn Child ya re: “Jaanong re setse re itse gore ngwana yo o iseng a belegwe o kgona go ela maemo tlhoko, le gore e setse e le motho yo o kgonang go tsibogela dilo dingwe, yo go tloga mo dikgweding di le thataro tsa fa a imilwe (gongwe le pele ga moo) a setseng a bontsha gore o na le maikutlo.” Le fa gone lesea le ka nna la se ka la kgona go gakologelwa dilo, baitsesaense bangwe ba ipotsa gore a tsela e le belegweng ka yone e ama botshelo jwa lone ka tsela nngwe moragonyana.

Fa le sena go belegwa, matshwenyego a tswelela pele. Fa le setse le dule mo sebopelong sa mmaalone, go jesiwa ga lone ga go sa tlhole go itiragalela fela. Khujane e e neng e fetisetsa okosejene le dikotla kwa go lone ga e sa tlhole e le gone. Gore le kgone go tshela, le tshwanetse go simolola go hema le go ja ka bolone. Le tlhoka mongwe yo o tla le jesang le go le tlhokomela ka dilo tse dingwe tse le di tlhokang mo mmeleng.

Gape lesea leno le le sa tswang go belegwa le tshwanetse go gola mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo semoyeng. Ka gone mongwe o tshwanetse go le tlhokomela fa le ntse le gola. Ke mang yo tota a tshwanelegang sentle go dira jalo? Ke eng se lesea le se tlhokang mo batsading ba lone? Le ka tlamelwa jang ka tsela e e molemo ka dilo tseno tse le di tlhokang? Ditlhogo tse di latelang di tla re thusa go araba dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela