LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g05 10/8 ts. 18
  • A Ruri Go na Le Letsha le le Pinki?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ruri Go na Le Letsha le le Pinki?
  • Tsogang!—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baikal—Letsha le Legolo go a Gaisa Otlhe
    Tsogang!—2007
  • Bodiba Jwa Molelo ke Eng? A bo Tshwana le Dihele Kgotsa le Gehena?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Matlotlo a Amerika Bogare a Letsha le Legolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Le Tswa mo Batsading ba ba Itshekileng Thata”
    Tsogang!—2006
Tsogang!—2005
g05 10/8 ts. 18

A Ruri Go na Le Letsha le le Pinki?

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Senegal

A RURI go ka nna le letsha le le pinki? Letsha la Retba le bidiwa Letsha le le Pinki, mme e re ka le le dikilometara di le 30 fela go tswa mo legaeng la rona mo Dakar, Senegal, kwa Afrika Bophirima, re ikemiseditse go ya teng go ya go bona gore a tota leina leo le a le tshwanela. Fa re goroga, re bona metsi a tsabakela ka ntlha ya marang a letsatsi. Go ntse fela jaaka re boleletswe, le na le mmala o montle o o pinki. Motho yo o re bontshang lefelo o re tlhalosetsa gore mmala ono o montle o bakwa ke fa marang a letsatsi a rakana le ditshedinyana tse di mo teng ga metsi. Le fa go ntse jalo, kwantle ga mmala wa letsha leno go na le dilo tse dingwe tse di kgatlhang tse motho a ka di bonang.

Kafa tlase ga metsi a a seng boteng go na le letswai. Metsi a na le letswai le ntsi jaana mo e leng gore motho o kgona go kokobala mo godimo ga one. Baeti bangwe ba dirisa tshono eo go kokobala mo letsheng.

Ga go pelaelo gore Letsha leno le le Pinki le thusa batho ba bantsi go itshedisa (1). Gaufi le letsha leno, go na le badiri ba ba olelang letswai ba le pega mo teng ga dilori. Re ema go sekae go bona kafa batho ba motse ba ntshang letswai ka teng mo letsheng. Re bona banna bangwe ba le mo letsheng, metsi a ba fitlha mo dihubeng mme ba thuba letswai ka dipeke. Ba le olela ka garawe ba bo ba le tshela mo teng ga diroto ba bo ba di pega mo mekorong. Mongwe wa badiri a re go tsaya diura di le tharo go olela tone e le nngwe ya letswai. Mekoro eno e tletse thata mo e leng gore ga e kgone le go kokobala sentle mo metsing (2). Fa mekoro e fitlha fa losing, basadi ke bone ba berekang, ba rwala letswai ka dinkgwana mo tlhogong (3). Ba dira mokoloko o moleele ba bo ba fetisetsana dinkgo tsa letswai go tswa mo go yo mongwe go ya go yo mongwe.

Loeto lwa rona e nnile le le monate. Letsha leno le le pinki ke nngwe ya dilo tse dintsi tse di gakgamatsang tse di dirang gore re bone gore lefatshe la rona ke mpho e e molemolemo e e tswang kwa go Jehofa.—Pesalema 115:16.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Photo by Jacques CLEMENT, Clichy, FRANCE at http://community.webshots.com/user/pfjc

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela