LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/06 ts. 4-8
  • Tlhago e re Ruta Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhago e re Ruta Eng?
  • Tsogang!—2006
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta mo Diphukeng Tsa Leruarua
  • Go Etsa Diphuka Tsa Nonyane ya Metsi
  • Go Kopisa Maoto a Bommamagwatagwatane
  • Ke Mang yo o Tshwanetseng go Newa Tlotlo?
  • Tshwetso E re Ka Fitlhang mo go Yone
  • Di Tlhamilwe ke Mang Pele?
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
  • Sekgomaretsi sa Mmamagwatagwatane
    Tsogang!—2008
  • Lefuka la Leruarua la Humpback
    Tsogang!—2013
  • Popo e Senola Botlhale Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2006
g 9/06 ts. 4-8

Tlhago e re Ruta Eng?

“Tsweetswee, botsa diruiwa mme di tla go ruta; le dibopiwa tse di nang le diphuka tsa magodimo, mme di tla go bolelela. Kgotsa bontsha lefatshe go tshwenyega ga gago, mme le tla go ruta; le ditlhapi tsa lewatle di tla go bolelela.”—JOBE 12:7, 8.

MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana baitsesaense le baenjeniri ba ile ba letla dimela le diphologolo go ba ruta, ka tsela ya mmatota. Ba batlisisa le go kopisa dikarolo tsa ditshedi tse di farologaneng—ba tsaya malebela go tswa mo dilong tsa tlholego—e le gore ba dire metšhini e mesha le go tokafatsa tsela e metšhini e e teng gone jaanong e berekang ka yone. Fa o ntse o akanya ka dikai tse di latelang, ipotse, ‘Ke mang tota yo o tshwanetseng go newa tlotlo ka ntlha ya dilo tseno tse di dirilweng?’

Go Ithuta mo Diphukeng Tsa Leruarua

Badiri ba sefofane ba ka ithuta eng go tswa mo leruarueng le legolo le le nang le serota? Go bonala ba ka ithuta go le gontsi thata. Leruarua leno fa le godile sentle le na le boima jo bo ka dirang ditone di le 30—boima jo bo tshwanang le jwa lori e pegile morwalo—mme le na le mmele o o batlang o gagametse go sekae, le dilo tse dikgolo tse e keteng diphuka mo go lone. Phologolo eno, e e boleele jwa dimetara di le 12 e majato ka tsela e e gakgamatsang mo metsing. Ka sekai, fa leruarua leno le tshwara dijo, le ka thumela kwa godimo le dikologa ka tsela e e dirang metshopo mo tlase ga ditlhapi tse e batlang go di tshwara, e dira jalo e tla e ntsha dipudula. Letlowa leno la dipudula, le le ka dirang fela metara le sephatlo ka bogolo, le phuthela ditlhapi tseno kwa godimo. Go tswa foo leruarua leno le tla bo le kodumetsa ditlhapi tseno tse di ikokoantseng sentle kwa godimo.

Se se gakgamatsang babatlisisi thata ke gore phologolo eno, e e nang le mmele o o gagametseng jaana e kgona jang go dikologa le go dira sediko se se bonalang se le sennye thata jaana. Ba ne ba lemoga gore leruarua leno le thusiwa ke tsela e diphuka tsa lone di bopegileng ka yone. Dintlha tse di kwa pele tsa diphuka tseno ga di borethe, jaaka diphuka tsa sefofane, mme go na le moo di makekete, ka mola wa dilo tse e keteng dithurusa.

Jaaka fa leruarua leno le ntse le lelesela mo metsing, dilo tseno tse e keteng dithurusa di le thusa go tlhatlogela kwa godimo. Jang? Makasine wa Natural History o tlhalosa gore dithurusa tseno di dira gore metsi a kgone go elela ka bonako mo diphukeng tsa lone, tota le fa leruarua leno le tlhatloga le tsepaletse go ya kwa godimo mo metsing. Fa diphuka di ne di le borethe, leruarua le ne le se kitla le kgona go tlhatloga le ntse le dikologa jalo ka gonne metsi a ne a tlile go fuduega mo tlase ga diphuka mme di ne di se kitla di kgona go thusa leruarua go ya kwa godimo.

Go lemoga seno ka leruarua go ka thusa kae? Go bonala diphuka tsa sefofane tse di dirilweng ka tsela e e tshwanang le tsa leruarua di ne di se kitla di tlhoka difetlhamowa tse dintsi jalo kgotsa dilo tse dingwe tse di tla fetolang go elela ga mowa. Diphuka tseno di ne di tla babalesega botokanyana e bile go ne go tla nna motlhofo go di tlhokomela. John Long, yo e leng mankge yo o berekang ka go dira ga mesifa mo ditsheding, o dumela gore letsatsi lengwe mo nakong e e fa gautshwane “re ka nna ra feleletsa re bona sefofane sengwe le sengwe se na le dithurusa tse di tshwanang le tsa diphuka tsa leruarua le le nang le serota.”

Go Etsa Diphuka Tsa Nonyane ya Metsi

Gone mme, tsela e diphuka tsa sefofane di dirilweng ka yone e a tshwana le ya diphuka tsa dinonyane. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana baenjeniri ba bone sengwe se sesha se ba ka se tsayang malebela go tswa mo nonyaneng fa ba dira sefofane. Makasine wa New Scientist o bega jaana: “Babatlisisi kwa Yunibesithing ya Florida ba dirile sefofane se se laolwang ka motšhini se se kgonang go fofa, go thabuela, le go tlhatloga ka tsela e e tshwanang le ya nonyane ya metsi.”

Dinonyane tseno tsa metsi di kgona go dira mathaithai a tsone mo moyeng ka go oba diphuka tsa tsone mo sekgonong le mo malokololong a magetla. Makasine ono o tlhalosa gore “sefofane seno [se diphuka tsa sone di dirilweng ka tsela e e tshwanang le tsa nonyane eno ya metsi] se se di-inch tse 24 [disentimetara tse 60] se se laolwang ka motšhini se dirisa enjene e nnye go laola dithobane di le mmalwa tsa tshipi go tsamaisa diphuka.” Diphuka tseno tse di dirilweng ka tsela e e botlhale jalo di kgontsha sefofanenyana se sennye seno go fofa mo gare ga dikago tse dikgolo. Bosole jwa Difofane jwa United States bo gakaletse go nna le sefofane se se ntseng jalo se se kgonang go laolwa motlhofo gore ba se dirise go senkana le dibetsa tsa dikhemikale kgotsa tse di dirilweng ka megare mo ditoropong tse dikgolo.

Go Kopisa Maoto a Bommamagwatagwatane

Diphologolo tse di nnang mo mmung o o omileng le tsone di na le go le gontsi go di ka go rutang batho. Ka sekai, mokgantitswane o monnye o o bidiwang mmamagwatagwatane o kgona go tlhatloga lobota o bo o nne o ngaparetse mo siling, mokwatla o lebile kwa tlase. Tota le mo metlheng ya Baebele, setshedi seno se ne se itsiwe ka bokgoni jono jwa sone. (Diane 30:28) Ke eng se se thusang setshedi seno go kgona go pagama jalo mme se sa we?

Se se thusang mmamagwatagwatane go kgona go kgomarela jalo le mo dilong tse di borethe jaaka galase ke dilo tse dinnye thata tse e keteng moriri tse di mo maotong a bommamagwatagwatane. Maoto a tsone ga a ntshe sekgomaretsi. Go na le moo, a dirisa maatla a a kgomaretsang a dimolekhule tse dinnye thata. Dimolekhule tse di mo maotong a mokgantitswane ono le tse di mo o emeng teng di a kgomaragana ka ntlha ya maatla a a seng thata a a kgomaretsang a a bidiwang maatla a a kgomaretsang a ga van der Waals. Gantsi maatla a kgogedi a lefatshe a maatla go feta maatla ano a a kgomaretsang, ke gone ka moo o ka se kang wa kgona go palama lobota ka go baya matsogo a gago fela mo go lone. Le fa go ntse jalo, dilonyana tse e keteng moriri tse di mo maotong a mokgantitswane ono di dira gore maoto a kgone go kgomaragana le lebota. Maatla a go kgomaretsa a ga van der Waals, fa a dirisiwa mo meriring e e diketekete e e mo maotong a mmamagwatagwatane, a dira gore go nne le maatla a a lekaneng a a kgomaretsang go kgona go rwala boima jwa mmele jwa mokgantitswane ono.

Go lemoga ntlha eno go thusa kae? Go ne go ka nna ga dirisiwa dilo tse di kgomaretsang tsa maitirelo tse di tshwanang le maoto a mmamagwatagwatane mo boemong jwa Velcro—e leng selo se sengwe gape se le sone se dirilweng ka go tsaya malebela go tswa mo dilong tsa tlhago.a Makasine wa The Economist o nopola mmatlisisi mongwe a re selo se se dirilweng ka “sekgomaretsi se se dirilweng ka boboa jwa maoto a mmamagwatagwatane” se ne se ka thusa thata “mo dilong tsa kalafi fa go ka se kang ga dirisiwa dikgomaretsi tsa dikhemikale gone.”

Ke Mang yo o Tshwanetseng go Newa Tlotlo?

Go ntse go le jalo, setheo sa National Aeronautics and Space Administration se tshwaragane le go dira roboto e e maoto mantsi e e tsamayang jaaka phepheng, mme baenjeniri ba kwa Finland ba setse ba dirile terekere e e maoto marataro e e kgonang go palama dilo jaaka serintlha sa tshenekegi se dira. Babatlisisi bangwe ba dirile selo se e keteng letsela se se nang le diphukanyana tse di phaphaselang tse di bulegang le go tswalega jaaka dikhouno tsa setlhare sa phaene. Khampani nngwe e e dirang dikara yone e dira koloi e e borethe jaaka tlhapi ya boxfish. Mme babatlisisi ba bangwe bone ba leka go bona tsela e kgetla ya tlhapi ya abalone e sireletsang ka yone, e le gore ba kgone go dira sesireletsa mmele se se motlhofonyana, mme se le thata.

Go tserwe malebela a dilo tse dintsi jaana go tswa mo dilong tsa tlhago mo e leng gore babatlisisi ba dirile lenaane la dilo tse dintsi thata tse di dirilweng tse di kopisitsweng mo dilong tse di tshelang mme ba kwala tshedimosetso eo yotlhe mo khomputareng. Makasine wa The Economist wa re baitsesaense ba ka kgona go batlisisa mo tshedimosetsong eno “go bona tsela e dilo tsa tlhago di ntseng ka yone fa ba batla go dira sengwe.” Thulaganyo eno ya dilo tsa tlhago e e mo tshedimosetsong eno e e tsentsweng mo khomputareng e bidiwa “laesense ya dilo tsa tlhago.” Gantsi motho yo o tshwereng laesense ya sengwe ke motho kgotsa khampani e e nang le ditshwanelo tsa semolao tsa go dirisa motšhini o mosha kgotsa kgopolo nngwe e ntšha. Fa makasine wa The Economist o ne o tlotla ka tshedimosetso eno e e mo khomputareng, e e leng laesense ya dilo tsa tlhago, o ne wa re: “Ka go bitsa tshedimosetso eno e e tlhalosang malebela a a tserweng mo dilong tsa tlhago go twe ke ‘laesense ya dilo tsa tlhago,’ babatlisisi ba mpa fela ba gatelela ntlha ya gore totatota tlhago ke yone mong wa laesense eno.”

Go tlile jang gore tlhago e nne le dikgopolo tse dintlentle tseno? Babatlisisi ba le bantsi ba tla go bolelela gore se re se bonang mo dilong tsa tlhago se se bontshang gore dilo tseno di dirilwe ka botlhale tota ke fela gore ka dimilionemilione tsa dingwaga dilo di ne di ntse di iphetogela fela ka botsone go nna tse dingwe go se na yo o di laolang. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba bangwe bone ba fitlhelela tshwetso e nngwe. Mankge yo o ithutang ka ditshedi e bong Michael Behe o ne a kwala mo go The New York Times ka 2005, a re: “Dilo tse di bonalang sentle [mo dilong tsa tlhago] tse di nayang bosupi jwa gore di dirilwe, di gatelela ntlha e le nngwe fela: fa selo se lebega, se tsamaya e bile se lela jaaka pidipidi, mme go se na sepe se se bontshang gore ga se pidipidi, go raya gore ke pidipidi.” Go tswa foo o ne a swetsa ka goreng? “Fa e le fa re kgona go bona sentle fela gore selo se dirilwe, ga re a tshwanela go latola gore se dirilwe.”

Ga go na pelaelo gore moenjiniri yo o dirileng lefuka la sefofane se go seng kotsi go se palama, e bile le kgona go fofisa sefofane o tshwanetse a newa tlotlo ka se a se dirileng. Ka tsela e e tshwanang, motlhami yo o kgonang go dira sefapo se o kgonang go se dirisetsa dilo tse dintsi—kgotsa yo o kgonang go dira letsela le le bothitho kgotsa koloi e e kgonang go tsamaya sentle—o tshwanelwa ke go tlotlwa ka ntlha ya se a se dirileng. Tota e bile, motlhami yo o kopisang selo se se dirilweng ke motho yo mongwe mme a bo a sa kaye gore o kopisitse selo seo mo go mang, a ka tsewa e le senokwane.

Ka jalo a go a utlwala mo go wena gore mmatlisisi yo o setswerere, yo o kgonang go kopisa dilo ka botlhale go tswa mo dilong tsa tlhago go rarabolola bothata bongwe jo bo boima mo dilong tse a di dirang, a bo a ka re go itiragaletse fela gore se sengwe se fetoge ka bosone go nna se sengwe go se na motho yo o botlhale yo o se dirang jalo? Fa selo se se kopisitsweng se tlhoka gore se bo se na le motlhami yo o botlhale, go tweng ka se a kopisitseng go tswa mo go sone? Totatota ke mang yo o tshwanetseng go newa tlotlo thata? A ke motaki yo mogolo kgotsa ke moithuti yo o kopisang mokgwa wa gagwe wa botaki?

Tshwetso E re Ka Fitlhang mo go Yone

Batho ba le bantsi ba ba akanyang, fa ba sena go sekaseka bosupi jo bo bontshang gore dilo tsa tlhago di dirilwe, ba bua mafoko a a tshwanang le a mopesalema yo o neng a kwala a re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.” (Pesalema 104:24) Mokwadi wa Baebele e bong Paulo le ene o ne a fitlhelela tshwetso e e tshwanang. O ne a kwala a re: “Gonne dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.”—Baroma 1:19, 20.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba ba tlotlang Baebele e bile ba dumela mo Modimong ba ka nna ba dumela gore Modimo a ka tswa a ile a dirisa mokgwa wa go dira gore dilo di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe fa a ne a bopa dilo tse dintsi tse di gakgamatsang tsa tlhago. Le fa go ntse jalo, Baebele yone e ruta eng?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Velcro ke sedirisiwa se se dirisiwang go kopela se dikarolo tsa sone tse pedi di kgomarelanang fa di tswala se se tshwanang le dipeo tsa semela se se mitlwa sa burdock.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Go tlile jang gore tlhago e nne le dikgopolo tse dintsi jaana tse dintle?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Laesense ya dilo tsa tlhago e tshwerwe ke mang?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Fa selo se se kopisitsweng se tlhoka gore se bo se na le motlhami yo o botlhale, go tweng ka se a kopisitseng go tswa mo go sone?

Maoto a mmamagwatagwatane ga a tlale leswe, ga a tlogele motlhala, a kgona go kgomarela sengwe le sengwe fela ntle le mo selong se se dirilweng ka khemikale ya Teflon, mme ga a nne le mathata go kgomarela mo sengweng le go ikgomorolola mo go sone. Babatlisisi ba leka go e kopisa

Sefofane seno se se kgonang go fofa bonolo fela se dirilwe ka gore go tsewe malebela mo diphukeng tsa nonyane ya mo metsing

Borethe jwa tlhapi ya “boxfish” bo dirile gore badiri ba koloi ba batle go tsaya malebela go tswa mo go yone mme ba dira koloi jalo

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Airplane: Kristen Bartlett/University of Florida;gecko foot: Breck P. Kent;box fish and car: Mercedes-Benz USA

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]

DITSHEDI TSE DI KGONANG GO BONA TSELA, TSE DI BOTLHALE KA TLHOLEGO

Ditshedi tse dintsi di “botlhale ka tlholego” ka tsela e di kgonang go bona tsela ka yone go dikologa Lefatshe. (Diane 30:24, 25) Akanya ka dikai tseno tse pedi.

◼ Tsela ya go Laola Pharakano mo Ditshoswaneng Ditshoswane tse di senkang dijo di kgona jang go bona tsela ya go boela kwa mesimeng ya tsone? Babatlisisi kwa United Kingdom ba lemogile gore mo godimo ga gore di tshwaye ditselana tsa tsone ka go tlogela monko, ditshoswane dingwe di dirisa mokgwa mongwe wa dipalo go dira metlhala e e di thusang go bona magae a tsone motlhofo. Ka sekai, buka ya New Scientist ya re ditshoswane tse di bidiwang di-pharaoh ant “di dira metlhala e e tswang mo mosimeng wa tsone e e ka dirang dienkele tsa didikirii di le 50 go ya go di le 60.” Ke eng se se gakgamatsang ka mokgwa ono? Fa tshoswane e boela kwa mosimeng wa yone mme e fitlha fa metlhala e aroganang gone, ka tlholego fela e tsaya motlhala o o sa tsweng thata mo tseleng ya yone, o o tla e isang kwa mosimeng wa yone. Buka eno ya re “tsela eno ya go dirisa dipalo go dira mafaratlhatlha ano a ditsela e thusa ditshoswane go kgona go tsamaya sentle mo mafaratlhatlheng ano, bogolo jang fa ditshoswane tseno di ya dintlheng tse di farologaneng mo go one mafaratlhatlha ano, mme e thusa ditshoswane tseno gore di se ka tsa senya maatla a tsone di ya kwa di sa tshwanelang go ya teng.

◼ Kompase ya Dinonyane Dinonyane di le dintsi di kgona go bona tsela e e yang kwa mafelong a a kgakala thata ka nepo le gone di e bona mo mefuteng yotlhe ya maemo a bosa. Di dira seno jang? Babatlisisi ba lemogile gore dinonyane di kgona go lemoga kwa makenete wa lefatshe o leng gone. Lekwalopaka la Science le bolela gore le fa go ntse jalo “makenete wa lefatshe o farologana go ya ka mafelo gape ga se ka metlha o supang sentle kwa bokone bo gone.” Ke eng se se thusang dinonyane tse di fudugang gore di se ka tsa latlhega? Go bonala dinonyane di kgona go baakanya kompase ya tsone gore e tsamaisane le letsatsi fa le phirima maitseboa mangwe le mangwe. Lekwalopaka leno la Science le tlhalosa gore e re ka phirimo ya letsatsi a fetofetoga go ya ka lefelo le o leng mo go lone le go ya ka dipaka tsa ngwaga, babatlisisi ba akanya gore dinonyane tseno di tshwanetse tsa bo di kgona go lemoga diphetogo tseno di thusiwa ke “tshupanako e e mo go tsone e e di bontshang gore di mo pakeng efe ya ngwaga.”

Ke mang yo o rutileng ditshoswane go kgona go tlhaloganya dipalo? Ke mang yo o neileng dinonyane kompase, yo o di neileng tshupanako, le boboko jo bo kgonang go bala tshedimosetso e didirisiwa tseno di e ntshang? A go itiragaletse fela fa ditshedi tseno di ne di fetoga go nna tse dingwe ka tsela e e se nang tlhaloganyo? Kgotsa a di dirilwe ke Mmopi mongwe yo o botlhale?

[Motswedi wa Setshwantsho]

© E.J.H. Robinson 2004

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela