LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/07 ts. 3
  • Dikereke—Di Tla Felela Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikereke—Di Tla Felela Kae?
  • Tsogang!—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Direga Eng ka Dikereke?
    Tsogang!—2007
  • Bodumedi—Bo na Le Molemo Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2007
Tsogang!—2007
g 2/07 ts. 3

Dikereke—Di Tla Felela Kae?

GO DIREGA eng ka dikereke tsa “Bokeresete”? Mo o nnang teng a di a nyelela kgotsa di a gola? Go ka direga gore o utlwa go bolelwa gore dikereke di a tsosoloswa le dipego go tswa kwa mafelong a a jaaka Afrika, Yuropa Botlhaba le United States tsa gore gangwe le gape go na le diphuthego tse di tlalang ka batho. Le fa go ntse jalo, dipego tsa dikgang go tswa kwa mafelong a mangwe mo lefatsheng segolobogolo a Yuropa Bophirima, di bontsha gore go na le dikereke tse di tswalwang, diphuthego tse di fokotsegang le gore go na le batho ba bantsi ba ba sa tlholeng ba kgatlhegela bodumedi.

E re ka palo ya batho ba ba tlang kerekeng e fokotsega, dikereke tse dintsi di fetotse ditsela tse di dirang ka yone. Dingwe tsa tsone di bolela fa di sa “atlhole batho,” di gatelela mogopolo wa gore Modimo o amogela mefuta yotlhe ya boitshwaro. Dikereke di le dintsi di tlosa batho bodutu, di a ba itumedisa le go ba ngoka ka dilo tse dingwe go na le go ba ruta Lefoko la Modimo. Le fa batho bangwe ba ba tsenang dikereke ba tsaya gore diphetogo tseno di a tlhokega go lepalepana le dilo tsa lefatshe gompieno, batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba ipotsa gore a e seng gore dikereke di fapogile mo tseleng e Jesu a laetseng gore e latelwe. A re sekaseke mekgwa e dikereke di simolotseng go e latela mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela