LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/07 ts. 20-31
  • O Ne O ka Reng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ne O ka Reng?
  • Tsogang!—2007
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KE MANG YO O BUILENG MAFOKO ANO?
  • GO DIRAGETSE LENG?
  • KE NNA MANG?
  • KE NNA MANG?
  • TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
  • Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2007
  • O Ne O ka Reng?
    Tsogang!—2007
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2007
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 2/07 ts. 20-31

O Ne O ka Reng?

KE MANG YO O BUILENG MAFOKO ANO?

Thala mola o o golaganyang polelo e e builweng le motho yo o e buileng.

Dafide

Jesu

Solomone

Paulo

1. “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.”

2. “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.”

3. “Lorato ga lo ke lo fela.”

4. “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.”

◼ Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: Ke eng se sengwe gape se o se itseng ka mongwe le mongwe wa batho bano ba go buiwang ka bone mo Baebeleng?

GO DIRAGETSE LENG?

Umaka leina la mokwadi wa nngwe le nngwe ya dibuka tsa Baebele tse di fa tlase, mme o thale mola o o golaganyang buka eo le letlha le go lekanyediwang gore e ne ya wediwa go kwalwa ka lone.

1450 B.C.E. 1090 B.C.E. 1078 B.C.E. 36 C.E. 56 C.E.

5. Joshua

6. Ruthe

7. Baroma

KE NNA MANG?

8. Ke ne ka bolelela pele gore Sisera o ne a tlile go bolawa ke mosadi.

KE NNA MANG?

9. Nna le monna wa me re ne ra tsenya matshelo a rona mo kotsing go sireletsa Paulo.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno, o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 6 Gore motho a nne molatedi wa ga Keresete, ke eng se a tshwanetseng go se dira? (Luke 9:․․․)

Tsebe 7-8 Moaposetoloi Paulo o ne a re go ne go tlile go direga eng ka phuthego ya Bokeresete fa a sena go tsamaya? (Ditiro 20:․․․)

Tsebe 13 Satane o dirile eng ka megopolo ya ba le bantsi? (2 Bakorintha 4:․․․)

Tsebe 28 Baebele ya reng ka batho ba bong jo bo sa tshwaneng ba ba robalanang? (Baroma 1:․․․)

Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo di mo tsebeng ya 20)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Solomone.—Diane 9:10.

2. Jesu.—Luke 6:31.

3. Paulo.—1 Bakorintha 13:8.

4. Dafide.—Pesalema 23:1.

5. Joshua, 1450 B.C.E.

6. Samuele, 1090 B.C.E.

7. Paulo, 56 C.E.

8. Debora.—Baatlhodi 4:4, 9.

9. Periseka, kgotsa Perisila.—Baroma 16:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela