LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/07 ts. 5
  • Dirisa Taolo ya Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisa Taolo ya Gago
  • Tsogang!—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Tlotla Taolo—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 8/07 ts. 5

Kgato 3

Dirisa Taolo ya Gago

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tsaya kgato eno? Makasine wa Parents wa re dipatlisiso di bontsha gore “bana ba ba godisiwang ke batsadi ba ba lorato mme ba dirisa taolo ya bone—e le ba ba tshegetsang bana ba bone e bile ba ba beela ditekanyetso tse di sa fetogeng—bana ba tla dira sentle thata mo dithutong, ba kgona go dirisana botoka le batho ba bangwe, ba itshepa, mme gantsi e nna bana ba ba itumetseng go na le bana ba batsadi ba bone ba leseletsang dilo thata kgotsa ba ba gagamatsang letsogo thata.”

Kgwetlho ya seno ke eng? Go tloga fela kwa boseeng go fitlha ka dingwaga tsa bolesome, bana ba tla leka go ganana le taolo e o nang le yone mo go bone. John Rosemond, mokwadi wa buka ya Parent Power! o kwala jaana: “Bana ba lemoga ka bonako fa batsadi ba bone ba tshaba go dirisa taolo ya bone le gore ke leng ba tla dumelang go ba naya se ba se batlang.” A re: “Fa go tla mo kgannyeng ya gore ‘Ke mang yo o laolang?’ fa batsadi ba sa dirise taolo ya bone, bana e tla nna bone ba laolang.”

Tharabololo ke eng? O se ka wa tshwenyega ka gore o tla tlhobogana le bana ba gago kgotsa gore ba tla ikutlwa e kete ga o ba rate fa o dirisa taolo ya gago. Jehofa Modimo, Mosimolodi wa botshelo jwa lelapa, ga a batle gore bana ba nne le tshwanelo e e lekanang le ya batsadi malebana le kafa lelapa le tshwanetseng go laolwa ka teng. Go na le moo, o tlhomile batsadi gore e nne bone ba laolang mme o laela bana jaana: “Utlwang batsadi ba lona.”—Baefeso 3:14, 15; 6:1-4.

O ka kgona go dirisa taolo ya gago kwantle ga go nna mogateledi. Jang? Ka go latela sekao sa ga Jehofa. O na le maatla a go pateletsa bana ba gagwe ba batho gore ba dire thato ya gagwe, mme go na le moo, o re gogela mo go ene ka go dirisa dinonofo tsa rona tse dintle. Lefoko la gagwe la re: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka.” (Isaia 48:18) Jehofa o batla gore re mo ikobele, e seng ka go bo re mmoifa ka tsela e e feteletseng mme ka go bo re mo rata. (1 Johane 5:3) O tekatekano ka dilo tse a batlang gore re di dire mme o itse gore re tla solegelwa molemo fa re ka tshela ka melao ya gagwe ya boitsholo.—Pesalema 19:7-11.

O ka dira jang gore o itshepe fa go tla mo kgannyeng ya go dirisa taolo ya gago ya go nna motsadi ka tsela e e lekalekaneng? Sa ntlha, o tlhoka go dumela gore ke se Modimo a batlang o se dira. Sa bobedi, o tshwanetse go tlhomamisega gore go tshela ka melao ya boitsholo ya Modimo ke selo se se molemo mo go wena le mo baneng ba gago.—Baroma 12:2.

Ke eng se se kgethegileng se o tshwanetseng go se dira gore o dirise taolo ya gago?

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Otlhaya bana ba gago, mme . . . ba tla itumedisa pelo ya gago.”—Diane 29:17, New Revised Standard Version

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela