LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/07 ts. 30
  • Dikakgelo Tsa Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikakgelo Tsa Babadi
  • Tsogang!—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo ya Ngwana
    Tsogang!—2006
  • Thulaganyo e e Jesang Kgakge mo Dimeleng
    Tsogang!—2006
  • Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Mexico
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Molao wa Sekagouta—O a Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 8/07 ts. 30

Dikakgelo Tsa Babadi

Tumelo ya Ngwana (August 2006) Ke lebile pele go bona Dustin, le dimilione tse dingwe tsa batho ba ba tlhokafetseng, bao ka maatla a bosha ba tla bong ba tabogaka le go tlolaka, mo lefatsheng le lesha le le gaufi le go tla.

A. A., Sri Lanka

Tumelo ya ga Dustin le bopelokgale jwa gagwe di nkamile thata. Kgang ya gagwe e nthusitse gore ke sekaseke botlhokwa jwa boammaaruri mo botshelong jwa me le gore ke ele tlhoko se se tlang pele mo botshelong. Jaanong ke a lemoga gore go boloka kamano e e molemo le Jehofa le go baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele e tshwanetse go nna tsone dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa me.

M.C.V., Brazil

Pelo ya me e ne ya amiwa ke maikutlo a Dustin a neng a na le one a a kgothatsang, le tsela e a neng a anaanela boammaaruri ka yone. Tsela e a neng a itshwara ka yone e ne e bontsha gore o batla go itumedisa Jehofa le go direla ba bangwe. Fela jaaka Dustin, le nna ke batla go ‘taboga lobelo go ya bofelong le go boloka tumelo!’

M. N., Japane

Ke na le dingwaga tse supa. Ke a le leboga go bo lo gatisitse kgang eno. Ke amilwe ke tumelo e e nonofileng ya ga Dustin mo go Jehofa, le fa tota a ne a na le bolwetse jo bo sa alafegeng. Sekao sa gagwe se ntlhotlheleditse gore ke direle Modimo mo go oketsegileng.

T. D., Italy

Thulaganyo e e Jesang Kgakge mo Dimeleng (September 2006) Setlhogo seno se gapile tlhokomelo ya me ura yotlhe le halofo! Se ne se ruta tota! Ke ne ka itirela ditshwantsho dingwe gore ke se tlhaloganye botoka. Le fa go ntse jalo, tsweetswee ela tlhoko gore karolwana ya 13/21 ga e tlhalose sentle enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho ya selo se se sediko, go na le moo, e tlhalosa karolwana e e setseng ya dikerii tse 222,5.

L. C. United States

“Tsogang!” e a araba: Babadi ba le mmalwa ba bontshitse gore enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho ya selo se se sediko e ka ne e le dikerii tse 222,5. Ke ka ntlha yang fa setlhogo sa rona se rile enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho e dikerii tse 137,5—yone enkele eno e balwa go tswa kafa letsogong la molema go ya kwa go la moja? Makasine wa “MathWorld” wa re: “Enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho ke enkele e e arolang enkele ya dikerii tse 360 ka rashio (mme e balwa go tswa kafa letlhakoreng le lengwe gore e tle e nne dikerii tse di kafa tlase ga di le 180).” Fa a tlhalosa gore ke ka ntlha yang bomankge ba dipalo le baitsesaense ba tlhalosa enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho ka tsela eno, mankge wa dipalo wa kwa Boritane Dr. Ron Knott a re: “Gantsi re ‘bona’ enkele e nnyennyane.” Ka jalo, le fa enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho e le 13/21 (go feta halofo), enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho gantsi e tlhalosiwa e le dikerii di le 137,5 (kwa tlase ga halofo).

“Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone” (April 2006) Ga ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme seno ga se nthibele gore ke seke ka tlotla maloko a bodumedi jwa lona thata. Ke ne ka kopana le Basupi ba le mmalwa ka nako ya fa ke ne ke tswaletswe kwa dikampeng tsa pogisetso kwa Gross-Rosen le Buchenwald. Ba ne ba tlhoma sekao se sentle ka maitsholo a bone le ditumelo tsa bodumedi jwa bone di ne di tlhomologile mo e leng gore ba ne ba tlotlwa le go amogelwa ke batshwarwa botlhe. Ba ne ba ratiwa le ke masole a SS. Basupi ba ga Jehofa ba tla nna ba amogetswe mo legaeng la me.

P. V., United States

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela