LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/07 ts. 27
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
  • Tsogang!—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • ‘Lebogelang Dilo Tsotlhe’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 10/07 ts. 27

“Itshupeng Lo na Le Tebogo”

◼ Gangwe le gape Baebele e kgothaletsa baobamedi ba Modimo gore ba leboge. Pesalema 92:1 ya re: “Go molemo go ntshetsa Jehofa ditebogo.” Moaposetoloi Paulo le ene o gakolola jaana: “Itshupeng lo na le tebogo.”—Bakolosa 3:15.

Go na le lebaka le le utlwalang la go leboga. Porofesa Robert Emmons wa Yunibesithi ya California kwa Davis a re: “Patlisiso ka ga go leboga e simolola go akantsha gore boikutlo jwa go leboga bo tlhwatlhwakgolo thata mo go thuseng batho go lepalepana le mathata a letsatsi le letsatsi, segolobogolo go ngomoga pelo, le go ba thusa go nna le boikutlo jwa go itlotla.”

Makasine wa Time o umaka molemo o mongwe gape: “Batho ba ba itlhalosang ba na le boikutlo jwa go leboga . . . ba tletse botshelo tota e bile ba na le tsholofelo ka isagwe, ga ba ngomoge pelo thata, mme ba tshwenyega go sekae fela mo maikutlong go na le batho ka kakaretso.”

Le fa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore, Baebele e boleletse pele gore “mo metlheng ya bofelo” batho ba le bantsi ba tla nna “baithati” le “ba ba sa lebogeng.” (2 Timotheo 3:1-5) Bakeresete ba boammaaruri ba ka tila jang go tshwaediwa ke moya ono? Mokwadi wa Baebele a re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” (Isaia 48:17) Ka go ikobela melao ya Modimo, re tila bohutsana jo bo tlelang batho ba ba inaakanyang le ditiro tsa bogagapa. Mo godimo ga moo, re namediwa pelo ke go itse gore Jehofa o bona maiteko a rona mme o tla re duela ka tsela e e tshwanetseng. (Bahebera 6:10) Melemo e e ntseng jalo e re tlhotlheletsa go ‘ntshetsa Jehofa ditebogo.’—Pesalema 107:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela