Basha ba Botsa Jaana
A ke Tshwanetse go Tshameka Metshameko ya Ileketeroniki?
METSHAMEKO ya ileketeroniki ga se boitlosobodutu jwa tekenoloji ya maemo a a kwa godimo fela. Gone ke boammaaruri, e ka dira gore o bone gore o na le bokgoni jo bo kana kang le go go thusa gore o se ka wa jewa ke bodutu. Mme gone, e dira se se fetang seo. Metshameko ya ileketeroniki e ka tokafatsa ditshikare tsa gago, gape dipatlisiso di bontsha gore go tshameka metshameko eno, go ka tokafatsa tsela e o tsepamisang matlho ka yone. Metshameko mengwe e ka nna ya tokafatsa bokgoni jwa gago jwa dipalo le jwa go bala. Mo godimo ga moo, metshameko eno ya bosheng ya ileketeroniki, e ka nna sengwe se go buiwang thata ka sone kwa sekolong. Fa e le gore o tshamekile metshameko eno, o nna le sengwe se o ka buang ka sone le balekane ba gago.
Gone mme, go tswa mo batsading ba gago gore a ba tla go letla go tshameka metshameko eno. (Bakolosa 3:20) Fa e le gore ba a go letla, o ka nna wa tlhopha motshameko o o go kgatlhang e bile o amogelesega. Mme, ke ka ntlha yang fa o tlhoka go nna kelotlhoko thata jalo gore o tlhopha ofe?
Dikotsi Tsa Yone!
Brian wa dingwaga di le 16 a re: “Metshameko ya khomputara e a itumedisa e bile e a kgatlha.” Mme jaaka o ka tswa o itse, ga se metshameko yotlhe e e siameng. Brian o dumelana le seo jaana: “Mo metshamekong eno o kgona go dira dilo tse tota o ka se di direng mo botshelong jwa mmatota o bo o sa wele mo mathateng.” Metshameko eno e rotloetsa boitsholo jwa mofuta ofe?
Metshameko e mentsi e rotloetsa e sa fitlhe sepe boitsholo jo bo sa siamang, puo ya matlhapa le thubakanyo, e leng dilo tsotlhe tse Baebele e di kgalang. (Pesalema 11:5; Bagalatia 5:19-21; Bakolosa 3:8) Metshameko mengwe e tlotlomatsa go dirisana le meya. Adrian wa dingwaga di le 18, o tlhalosa motshameko mongwe o o ratiwang thata e le o o bontshang “dintwa tsa digongwana, tiriso ya diokobatsi, thobalano jaaka e ntse, puo e leswe, thubakanyo e e feteletseng, tshololo ya madi le dilo tse di tsitsibanyang mmele.” Mme motshameko mongwe le mongwe o mosha o o nnang teng o nna maswe le go feta fa o bapisiwa le o o fetileng. James wa dingwaga di le 19 o bolela gore mengwe ya metshameko e e tumileng thata e ka tshamekiwa ka tlhamalalo le mongwe mo Internet. Seno se fetola gotlhelele tsela e metshameko eno e tshamekiwang ka yone. James o tswelela pele a re: “O ka kgona go dirisa khomputara ya gago ya kwa gae go gaisana le batho ba ba nnang kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.”
Metshameko e batho ba tshamekang seabe sa mongwe mo go yone e setse e tumile thata. Mo go yone, batshameki ba itirela batsayakarolo mo Internet ba e ka nnang batho kgotsa diphologolo kgotsa ba di kopanya ka bobedi—mo metshamekong eno ya dikhomputara go na le batshameki ba bangwe ba bantsintsi. Mme mafelo ano a Internet a na le mabenkele, dikoloi, matlo, ditlelapa tsa metantsho, mafelo a diaka, tota e bile a nna e kete ke lefatshe la mmatota. Batshameki ba kgona go tshamekisa ka tlhamalalo batsayakarolo ba ba ba itiretseng mo khomputareng.
Tota go diragala eng mo metshamekong eno ya khomputara? Mmegadikgang mongwe o ne a re: “Batho ba dira dilo tse tota ba neng ba ka se di dire kgotsa tse ba ka se kgoneng go di dira mo botshelong jwa mmatota.” Gape o ne a re: “Thobalano e tletsetletse, fela jaaka go ntse ka boaka.” Ka go tobetsa dikonopo tsa khomputara fela, batshameki ba ka kgona go dira gore batsayakarolo ba ba ba itiretseng ba dire ditiro tsa thobalano fa bone ka bobone ba romelelana melaetsa ya tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, makasine wa New Scientist wa re: “Metshameko eno e tletse ka bokebekwa jo e keteng ke jwa mmatota, Bamafia, batho ba ba batlelang diaka batho ba ba robalang le bone, batho ba ba tseelang ba bangwe dilo ka bogagapa, batsietsi, le babolai.” Makasine o mongwe o bega gore, “basekaseki ba tshwenyegile ka ditiro tse di dirwang mo Internet, tse mo botshelong jwa mmatota di seng kafa molaong, tse di jaaka mafelo a diaka a mo go one go bontshiwang diaka di betelelwa, kgotsa batho ba itirela batsayakarolo ba e leng bana gore ba tlhakanele dikobo le batho ba bangwe ba bagolo mo khomputareng.”
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa Gore o Tlhopha Eng
Batho ba ba tshamekang metshameko eno e e tletseng ka thubakanyo le e e bontshang thobalano jaaka e ntse ba ka nna ba re: “Ga e kotsi. Tota ga se selo sa mmatota. Ke motshameko fela.” Mme o se ka wa tsiediwa ke dikakanyo tse di ntseng jalo!
Baebele ya re: “Mosimane o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.” (Diane 20:11) Fa o itlwaetsa go tshameka metshameko eno ya ileketeroniki e e nang le thubakanyo le boitsholo jo bo leswe, a tota o ka re mogopolo wa gago o itshekile e bile o thokgame? Dipatlisiso di bontshitse gangwe le gape gore go leba ditshwantsho tse di tletseng ka thubakanyo go dira gore motho a nne le tšhakgalo. Bosheng jaana makasine wa New Scientist o begile gore: “Metshameko ya bidio e mo go yone batsayakarolo ba tshamekang mmogo le go buisana e ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo bathong go feta thelebishene.”
Go tlhopha go tshameka metshameko e e tletseng ka thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang go tshwana le go tlhopha go tshameka ka botlhole jwa dikhemikhale—ditlamorago tse di utlwisang botlhoko di ka tswa di sa bonale ka yone nako eo, mme gone di tla nna teng. Ka tsela efe? Marang a a bogale a dikhemikhale a ka senya mala a motho mme a baka gore dibakateria tse di nnang mo maleng di tsene mo mading, seno se ka felela ka gore o lwale. Ka tsela e e tshwanang, go leba ditshwantsho tse di bontshang tlhakanelodikobo jaaka e ntse le thubakanyo e e tsitsibanyang mmele go ka senya ‘boikutlo jwa gago jwa boitshwaro’ mme ga dira gore dikeletso tsa nama e nne selo sa konokono mo ditirong tsa gago le mo dilong tse o di akanyang.—Baefeso 4:19; Bagalatia 6:7, 8.
Ke Tshwanetse go Tlhopha Motshameko Ofe?
Fa e le gore batsadi ba gago ba a go letla go tshameka metshameko ya ileketeroniki, o ka itse jang gore ke motshameko ofe o o tshwanetseng go o tlhopha le gore o tla fetsa nako e e kana kang o o tshameka? Ipotse dipotso tse di latelang:
◼ A se ke se tlhophang se tla kgopisa Jehofa? Mofuta wa metshameko e o e tlhophang e ka ama tsela e Modimo a ikutlwang ka wena. Pesalema 11:5 ya re: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” Malebana le batho ba ba dirisanang le meya, Lefoko la Modimo la re: “Mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:10-12) Fa e le gore re batla go nna ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go reetsa kgakololo e e mo go Pesalema 97:10: “Lona ba lo ratang Jehofa, tlhoang se se bosula.”
◼ Motshameko ono o tla ama jang tsela e ke akanyang ka yone? Ipotse jaana: ‘A go tshameka metshameko eno go tla dira gore go nne motlhofo kana go nne thata gore ke “tshabe kgokafalo”?’ (1 Bakorintha 6:18) Metshameko e e dirang gore o lebe ditshwantsho kana o nne le puisano e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo e ka se go thuse gore o tlhome mogopolo wa gago mo dilong tse di siameng, tse di itshekileng le tse di buiwang molemo. (Bafilipi 4:8) Amy wa dingwaga di le 22 a re: “Metshameko e mentsi e dira gore o se ka wa tlhola o sisimoga dilo tse di tshwanang le thubakanyo, puo ya matlhapa, le boitsholo jo bo maswe, mme seo se ka bolaya segakolodi sa gago mo dikarolong dingwe tsa botshelo. O tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore o tlhopha metshameko efe.”
◼ Ke tla senya nako e kana kang ke tshameka metshameko eno? Deborah wa dingwaga di le 18 a re: “Ga ke akanye gore metshameko yotlhe ya dikhomputara ga e a siama. Mme gone e ka senyetsa motho nako, gape e ka batla e tshwakgola.” Tota le metshameko e e seng kotsi ya ileketeroniki e ka jela motho nako e ntsi. Ka jalo itirele lenaane la nako e o e fetsang o tshameka mme o bo o e bapisa le nako e o e dirisang mo dilong dingwe tsa botlhokwa. Go dira jalo go tla go thusa gore o itse gore ke eng se se tlang pele mo botshelong jwa gago.—Baefeso 5:15, 16.
Baebele ga e re o tshwanetse go fetsa botshelo jotlhe jwa gago o ithuta kana o bereka. E gakolola botlhe gore go na le “nako ya go tshega. . . le nako ya go tlolaka.” (Moreri 3:4) Re tshwanetse go ela tlhoko gore lefoko “tlolaka” ga le reye fela go tshameka mme gape le raya le go dira ditiro dingwe tse di sidilang mmele. Ka jalo ke ka ntlha yang fa o sa dirise nako ya gago go tshameka metshameko e e sidilang mmele go na le go nna fela o lebile khomputara?
Tlhopha ka Botlhale
Ga go na pelaelo gore go tshameka metshameko ya khomputara go ka itumedisa, bogolo jang fa e le gore o kgona go e tshameka sentle. Mme leno ke lone lebaka la go bo o tshwanetse go tlhopha metshameko ka botlhale. Ipotse gore, ‘Ke dithuto dife tse ke dirang sentle mo go tsone kwa sekolong?’ A ga se tsone tse ka metlha o di ratang? Tota e bile, dithuto tse o di ratang thata, ke tsone tse o di kgatlhegelang thata. Ka jalo ipotse jaana: ‘Ke motshameko ofe wa ileketeroniki o ke o ratang thata? Metshameko eno e nthuta mekgwa e e ntseng jang?’
E le go go thusa go tlhopha motshameko o o tshwanetseng, ke ka ntlha yang fa o sa kwale dintlha di le mmalwa ka motshameko mongwe le mongwe o o batlang go o tshameka, o tlhalose boikaelelo jwa motshameko oo, le mekgwa e o tla e dirisang go fitlhelela boikaelelo joo. Bapisa dintlha tseno le melaometheo ya Baebele e go buiwang ka yone mo setlhogong seno, mme o bone gore a motshameko ono o go siametse.
Go na le go tshameka motshameko fela ka gonne balekane ba gago ba o tshameka, nna pelokgale go itirela ditshwetso fa o sena go dira dipatlisiso ka one. Se se botlhokwa le go feta, dirisa kgakololo ya Baebele ya gore, ‘O nne o tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.’—Baefeso 5:10.
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana. . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ O ka reng fa tsala ya gago e re o tshameke metshameko ya ileketeroniki e e tletseng thubakanyo kgotsa boitsholo jo bo maswe?
◼ O ka tlhomamisa jang gore go tshameka metshameko ya ileketeroniki ga go thulane le ditiro dingwe tse di botlhokwa?
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 19]
Go tlhopha go tshameka metshameko e e tletseng ka thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang go tshwana le go tlhopha go tshameka ka botlhole jwa dikhemikhale—ditlamorago tse di utlwisang botlhoko di ka tswa di sa bonale ka yone nako eo, mme gone di tla nna teng
[Lebokoso mo go tsebe 18]
O tshameka metshameko ya ileketeroniki ga kae?
□ Ka sewelo
□ Gangwe ka beke
□ Letsatsi le letsatsi
O fetsa nako e e kana kang o tshameka motshameko o o rileng?
□ Metsotso e mmalwa
□ Sebaka sa ura kgotsa kafa tlase ga yone
□ Go feta diura tse pedi
Ke mefuta efe ya metsha-meko e o e ratang thata?
□ Mabelo a dikoloi
□ Metshameko ya kgwele
□ Motshameko wa dithunya
□ E mengwe
Kwala fano leina la mo-tshameko wa ileketeroniki o o itseng gore ga o ne o go siamela
․․․․․
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]
MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING
Jaaka o ka tswa o setse o lemogile morago ga go bala setlhogo se se fetileng, metshameko ya ileketeroniki e fetogile thata fa e sale ka nako ya fa o ne o le mosha. Jaaka motsadi, o ka thusa jang ngwana wa gago go lemoga dikotsi tse di ka nnang teng le go mo thusa go di tila?
Ga go ne go thusa sepe go kgala metshameko yotlhe ka go gagamala o sa fetoge kana ka go supa fa metshameko yotlhe ya ileketeroniki e senya nako. Gakologelwa gore, ga se metshameko yotlhe e e sa siamang. Mme gone, e ka tshwakgola le go senyetsa motho nako. Ka jalo iphe nako ya go sekaseka gore ngwana wa gago o fetsa nako e kana kang a tshameka metshameko eno. Gape, leba ka kelotlhoko mefuta ya metshameko e ngwana wa gago a lebegang a e kgatlhegela. O ka nna wa botsa ngwana wa gago dipotso tse di jaaka tseno:
◼ Ke motshameko ofe o bana ba o tsenang sekolo le bone ba o ratang thata?
◼ Go diragala eng mo motshamekong ono?
◼ O akanya gore ke ka ntlha yang fa bana ba rata motshameko ono thata jaana?
O ka fitlhela e le gore ngwana wa gago o itse dilo tse dintsi ka metshameko ya ileketeroniki go feta kafa o neng o akanya ka gone! Gongwe e bile, o setse a kile a tshameka metshameko e wena o tsayang gore ga e a siama. Fa go ntse jalo, o se ka wa galefa. Eno ke yone nako e o ka thusang ngwana wa gago gore a godise bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga.—Bahebera 5:14.
Botsa ngwana wa gago dipotso tse di tla mo thusang gore a lemoge gore ke ka ntlha yang fa a kgatlhegela metshameko e e sa siamang eno. Ka sekai, o ka botsa potso e e jaaka eno:
◼ A o ikutlwa o kgapetswe kwa thoko ka ntlha ya go bo o sa tshwanela go tshameka motshameko o o rileng?
Fela jaaka go setse go tlhalositswe mo tsebeng ya ntlha ya setlhogo se se fetileng, basha ba ka tshameka motshameko o o rileng fela gore ba nne le se ba ka buang le balekane ba bone ka sone. Fa e le gore go ntse jalo ka ngwana wa gago, ga o ne o rarabolola boemo ka tsela e o neng o tla dira fa o ne o ka fitlhela gore ngwana wa gago o kgatlhegela metshameko e e nang le thubakanyo e e tsitsibanyang mmele kana e e bontshang thobalano.—Bakolosa 4:6.
Mme go tweng fa e le gore ngwana wa gago o kgatlhiwa ke tsone dikarolo tse di sa siamang tsa motshameko? Basha bangwe ba ka nna ba gatelela gore ga ba amiwe ke dilo tse di tsitsibanyang mmele tse ba di lebang mo khomputareng. Ba naya mabaka a jaaka: “Fela ka ntlha ya gore ke e dira mo khomputareng ga go reye gore ke tla e dira mo botshelong jwa mmatota.” Fa e le gore ke tsela e ngwana wa gago a ikutlwang ka yone, mo dire gore a lemoge Pesalema 11:5, e e nopotsweng mo tsebeng ya 20. Fela jaaka mafoko a yone a tlhalosa sentle, ga se go dira ditiro tsa thubakanyo fela go dirang gore Modimo a se go amogele mme gape le go rata thubakanyo go dira jalo. Molaomotheo ono o a dira gape le ka boitsholo jo bo leswe jwa tlhakanelodikobo kana boitsholo bongwe jo bo sa siamang jo Lefoko la Modimo le bo kgalang.—Pesalema 97:10.
Bomankge bangwe ba gakolola jaana:
◼ O se ka wa letla gore bana ba gago ba tshameke metshameko eno mo lefelong le le fitlhegileng, le le tshwanang le kamore ya go robala.
◼ Ba beele melao (ka sekai, ga go na yo o tshamekang pele a dira tiro ya gagwe ya sekolo kana a ise a fetse go ja dijo tsa maitseboa kana a ise a dire ditiro dingwe tse di botlhokwa).
◼ Gatelela botlhokwa jwa go dira ditiro dingwe tse o di dirang o sa nna fatshe.
◼ Leba bana ba gago fa ba tshameka metshameko ya ileketeroniki—tota e bile, go ka nna botoka go tshameka le bona ka dinako dingwe.
E le gore o kgone go kaela bana ba gago mo go tsa boitlosobodutu o tshwanetse go buisana le bone ka kgololosego. Ka jalo ipotse ‘Ke leba metshameko le difilimi tse di ntseng jang mo thelebisheneng?’, O se ka wa itsietsa—bana ba gago ba tla itse fa e le gore o tshela botshelo jo bo gabedi!