Mekwalo ya Seatla ya Bogologolo—Re Itse Jang Gore e Kwadilwe Leng?
KA 1844, mokanoki wa Baebele Konstantin von Tischendorf o ne a etela kereke ya baitlami ya St. Catherine, e e leng fa tlasenyana ga Thaba ya Sinai kwa Egepeto. Fa a ntse a fenyenkolola mo dilaeboraring tsa teng, o ne a bona letlalo le go kwaletsweng mo go lone. E re ka e ne e le moithuti wa paleography,a Tischendorf o ne a lemoga fa e le ditsebe tse di tswang mo go Septuagint, e leng thanolo ya Segerika ya Dikwalo tsa Sehebera, kgotsa “Tesetamente e Kgologolo.” O ne a kwala jaana: “Ga ke ise ke ko ke bone sepe se go ka tweng ke sa bogologolo go feta ditsebe tseno tse di fitlhetsweng kwa Sinai.”
Matlalo ano a e neng e le karolo ya se moragonyana se neng sa bidiwa Sinaitic Manuscript (Codex Sinaiticus), a ne a kwadilwe mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E. Mekwalo eno ya seatla ya kwa Sinai ke nngwe ya mekwalo ya seatla e e diketekete ya bogologolo ya Dikwalo tsa Sehebera le Segerika e e thusang thata bakanoki go ithuta.
Hisitori ya go Ithuta ka Mekwalo ya Bogologolo ya Segerika
Moitlami wa Mo-Benedict, e leng Bernard de Montfaucon (1655-1741), o ne a thaya motheo wa go ithuta ka tatelano ya mekwalo ya seatla ya Segerika. Moragonyana, bakanoki bangwe le bone ba ne ba oketsa ka ditshwaelo tsa bone. Tischendorf o ne a dira namane e tona ya tiro ya go rulaganya lenaane la mekwalo ya bogologolo e e neng e kwadilwe ka seatla ya Baebele ya Segerika mo dilaeboraring tsa kwa Yuropa. Gape o ne a tsaya maeto a le mmalwa go ya kwa Botlhaba Gare, o ne a ithuta makwalo a le mantsi, a bo a gatisa tshedimosetso e a e fitlheletseng.
Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, go ne ga nna le didirisiwa dingwe tse ba ba ithutang ka mekwalo ya bogologolo ba neng ba ka di dirisa. Nngwe ya tsone ke lenaane la dibuka tse 900 tse di neng di rulagantswe ke Marcel Richard tse di tlhalosang mekwalo ya seatla e 55 000 e e kwadilweng ka Segerika, ya Baebele le e e seng ya Baebele, e e tswang mo dilaeboraring tse 820 kgotsa e tswa fela mo bathong. Motlele ono wa tshedimosetso o ne wa thusa baranodi le ba ba ithutang ka mekwalo ya seatla gore ba kgone go naya mekwalo eo matlha a a nepagetseng.
Go Bona Gore Mekwalo ya Seatla e Kwadilwe Leng
Akanya o phepafatsa kamore e e kwa godimo ya ntlo ya bogologolo o bo o bona lekwalo le le kwadilweng ka seatla e bile le setse le onetse, mme le sa kwadiwa letlha. O ka nna wa ipotsa gore ‘lekwalo le, le kwadilwe leng?’ Jaanong o bona lekwalo le lengwe gape la bogologolo. Mokgwa o le kwadilweng ka one, mokwalo wa lone, matshwao a puiso a a mo go lone, le dikarolo dingwe tsa lone di tshwana le tsa lekwalo la ntlha. Mme se se go itumedisang ke gore, lekwalo leno la bobedi le kwadilwe letlha. Le fa gone o sa itse ngwaga o lekwalo la ntlha le kwadilweng ka one, jaanong o ka kgona go lekanyetsa nako e le ka tswang le kwadilwe ka yone.
Bontsi jwa bakwadi ba bogologolo ga ba a ka ba kwala matlha a ba weditseng go kwala dikwalo tsa Baebele ka one. Gore ba tle ba kgone go lekanyetsa letlha, bakanoki ba bapisa mekwalo, go akaretsa le dikwalo tsa bogologolo tsa Baebele tse matlha a tsone a itsegeng, ba bo ba dira ditshwetso ba lebile mekwalo ya seatla, matshwao a puiso, khutshwafatso, le tse dingwe. Le fa go ntse jalo, go bonwe mekwalo e mentsi ya bogologolo e e nang le matlha. Mekwalo e e kwadilweng ka seatla ka Segerika, e kwadilwe go simologa ka 510 C.E. go ya go 1593 C.E.
Go Thusiwa ke Mokwalo wa Seatla
Batho ba ba ithutang mekwalo ya bogologolo ba ne ba arola mekwalo ya seatla ya Segerika ka dikarolo tse pedi tse dikgolo—book hand, mokwalo o montle o o neng o dirisiwa mo dibukeng tsa semolao, le cursive, e leng mokwalo o o tshwaraganeng o o neng o dirisiwa mo dikgatisong tse e seng tsa semolao. Bakwadi ba Bagerika le bone ba ne ba dirisa mekgwa e e farologaneng ya ditlhaka, tse go ka tweng ke mokwalo o o sekameng (wa ditlhaka tse dikgolo), mokwalo o o tshwaraganeng, le mokwalo o monnye o o tshwaraganeng. Mofuta mongwe wa mokwalo wa book hand o e leng mokwalo o o sekameng, o ne o dirisiwa go tloga ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E. go fitlhelela lekgolo la borobedi kgotsa la borobongwe la dingwaga C.E. Mofuta mongwe wa mokwalo o mmotlana o o tshwaraganeng, o ne wa dirisiwa mo lekgolong la borobedi kgotsa la borobongwe la dingwaga C.E. go fitlhelela mo bogareng jwa lekgolo la bo15 la dingwaga, fa go ne go simololwa go dirisiwa motšhine o o tlanyang kwa Yuropa. Mokwalo o monnye wa ditlhaka tse di tshwaraganeng o ne o ka kwalwa ka bonako le ka go kopanngwa, seno se boloka nako le letlalo le go kwalelwang mo go lone.
Batho ba ba ithutang ka mekwalo ya bogologolo ba na le ditsela tsa bone tse ba di ratang tsa go kwala matlha mo mekwalong eno. Ka kakaretso fela, sa ntlha ba sekaseka dikarolo tsotlhe tsa mokwalo—ba sekaseka ka mo go tseneletseng, ba bo ba keleka tlhaka nngwe le nngwe. Ka ntlha ya gore go ne go tsaya lobaka gore diphetogo tse di botlhokwa di dirwe mo mokgweng wa go kwala, go sekaseka mekwalo mo go tseneletseng le fa go thusa, go naya fela tekanyetso ya nako e o ka tswang o kwadilwe ka yone.
Se se itumedisang ke gore go na le ditsela dingwe tse di thusang go bona letlha le le gaufi. Seno se akaretsa go lemoga le go tsenya matlha a a rileng mo matsenong a mekwalo ya seatla. Ka sekai, mo mekwalong ya Segerika e e kwadilweng morago ga 900 C.E., bakwadi ba ne ba simolola go oketsa ditlhaka tse di tshwaraganeng. Gape bakwadi ba ne ba simolola go dirisa infralinear (ditlhaka tse di kwalwang kafa tlase ga mola), mme gape ba ne ba dirisa mafoko le matshwao a a bontshang mmadi gore mafoko mangwe a bidiwa jang.
Gantsi mokwalo wa motho ga o ke o fetoga mo botshelong jwa gagwe jotlhe. Ka jalo, ga go ka ke ga twe mekwalo e kwadilwe fela mo lobakeng lwa dingwaga tse 50. Go feta moo, ka dinako dingwe bakwadi ba ne ba latela mokgwa wa bogologolo wa go kwala, mme seno se ne se dira gore mekwalo eno e lebege e kete ke ya bogologolo thata. Le mororo go ne go na le mathata a mantsi ano, go ne ga kgonega go bona matlha mangwe a mekwalo e e botlhokwa ya mo Baebeleng.
Go Bona Matlha a Mekwalo e e Botlhokwa ya Segerika ya Baebele
Alexandrine Manuscript (Codex Alexandrinus), e jaanong e leng kwa Laeboraring ya Boritane ke yone mekwalo ya ntlha ya seatla e e botlhokwa ya Baebele e ileng ya newa bakanoki. E na le dikarolo tse dintsi tsa Baebele e bile e kwadilwe ka mokwalo o o sekameng wa Segerika mo matlalong a a boleta a dikwana kgotsa a dinamane. Ka ntlha ya diphetogo tse di ileng tsa nna gone mo mokwalong o o sekameng magareng ga lekgolo la botlhano le la borataro la dingwaga jaaka go bontshitswe mo setlankaneng se se bidiwang Dioscorides of Vienna,b go lebega mokwalo ono o kwadilwe mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga C.E.
Mokwalo wa seatla wa bobedi o mogolo o o neng wa abelwa bakanoki ke wa Sinaitic Manuscript (Codex Sinaiticus), o o kgobokantsweng ke Tischendorf kwa ntlong ya baitlami ya St. Catherine. O ne o kwadilwe ka ditlhaka tse di sekameng tsa Segerika mo letlalong, mme o ne o na le dikarolo dingwe tsa Dikwalo tsa Sehebera tse di tswang mo Septuagint ya Segerika le Dikwalo tsotlhe tsa Bokeresete tsa Segerika. Ditsebe di le 43 tsa codex eno di kwa Leipzig, kwa Jeremane; tse 347 di kwa Laeboraring ya kwa Boritane kwa London; fa dikarolo tse tharo di le kwa St. Petersburg, kwa Russia. Go lebega mekwalo eno ya seatla e kwadilwe kwa bofelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Letlha leno le tshegediwa ke dikakgelo tse di tlhagelelang mo Diefangeleng tse go itsegeng gore di kwadilwe ke rahisitori Eusebius wa kwa Kaesarea wa lekgolo la bonè la dingwaga.c
Mokwalo o mongwe wa seatla wa boraro o o botlhokwa ke Vatican Manuscript No. 1209 (Codex Vaticanus), o kwa tshimologong o neng o na le Baebele yotlhe ka Segerika. Codex eno e ne ya tlhagelela lekgetlho la ntlha mo Laeboraring ya kwa Vatican ka 1475. E ne e kwadilwe ka mokwalo o o sekameng wa Segerika ka ditsebe tse 759 mo letlalong le le boleta, mme e ne e na le dikarolo tse dintsi tsa Baebele, kwantle ga karolo e kgolo ya Genesise, bontlhabongwe jwa Dipesalema le dikarolo dingwe tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Bakanoki ba bolela gore mekwalo eno e kwadilwe mo masimologong a lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Ba kgonne jang go bona letlha leno? Mokwalo wa lone o tshwana le wa Sinaitic Manuscript, o le one o kwadilweng mo lekgolong la bonè la dingwaga. Mokwalo wa Vaticanus one, o tsewa e le wa bogologolo go feta ono. Ka sekai, ga o na lenaane la dikakgelo la Eusebian canons.
Letlotlo le le Tswang mo Thothobolong ya Matlakala
Ka 1920 mo Laeborari ya John Rylands kwa Manchester, Engelane, go ne ga fitlhelwa mokoa wa dipapirase tse di sa tswang go epololwa mo thothobolong ya matlakala kwa Egepeto wa bogologolo. Fa mokanoki mongwe yo o bidiwang Colin Roberts a ntse a sekaseka dilwana tse di neng di akaretsa makwalo, dirasiti le makwalo a go bala batho, o ne a bona kapetla ya sengwe se a neng a se itse—ditemana di le mmalwa tse di tswang mo go kgaolo 18 ya Johane. E ne e le ditemana tsa ntlha tsa Bokeresete tsa Segerika tse di neng tsa bonwa ka nako eo.
Kapetla eno e ne ya itsege jaaka John Rylands Papyrus 457, mme mo lefatsheng ka bophara e ne e itsege ka P52. E ne e kwadilwe ka mokwalo o o sekameng wa Segerika o go akantshiwang gore o ne wa kwadiwa mo masimologong a lekgolo la bobedi la dingwaga—mo e ka nnang dingwaga di le masome a le mmalwa fela morago ga go kwalwa ga Efangele ya ga Johane! Go lebega fa mokwalo ono o batlile o tshwana le o o neng wa fitlhelwa mo mekwalong ya seatla e e neng ya bonwa moragonyana.
Ke ya Bogologolo Mme Gone Ga e Na Diphoso!
Mo bukeng ya gagwe ya The Bible and Archæology mosekaseki mongwe wa dikwalo wa Moboritane Sir Frederic Kenyon o ne a kwala jaana malebana le Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika: “Go nna boammaaruri le go ikanyega ga dibuka tsa Tesetamente e Ntšha go ka tsewa e le go go tlhomameng.” Ka tsela e e tshwanang mokanoki William H. Green o ne a bua jaana ka go ikanyega ga dikwalo tsa Sehebera: “Go tla bo go siame fa re re ga go na tiro epe ya bogologolo e e neng ya kwalololwa e bo e sena diphoso go feta eno.”
Dikakgelo tseno di re gakolola sentle mafoko a ga moaposetoloi Petere a a reng: “Gonne nama yotlhe e tshwana le bojang, e bile kgalalelo yotlhe ya yone e tshwana le sethunya sa bojang; bojang bo a swaba, le sethunya se a tlhotlhorega, mme lefoko la ga Jehofa lone le nnela ruri.”—1 Petere 1:24, 25.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Paleography . . . ke go ithuta ka mekwalo ya bogologolo le ya metlha ya bogare. E akaretsa thata go ithuta ka mekwalo e e kwadilweng mo dilong tse di senyegang, tse di jaaka papirase, letlalo la diphologolo, kgotsa pampiri.”—The World Book Encyclopedia.
b Setlankana sa Dioscorides of Vienna se kwaletswe Juliana Anicia yo gongwe a tlhokafetseng ka 527 kgotsa ka 528 C.E. Setlankana seno “ke sekai sa ntlha sa mokwalo o o sekameng se se kwaletsweng mo letlalong la kwana kgotsa la dinamane se ka sone go ka fopholediwang matlha a a rileng.”—An Introduction to Greek and Latin Palaeography, ka E. M. Thompson.
c Eusebian canons ke lenaane la dikakgelo le le “bontshang gore o ka bona kae lekwalo le le tsamaisang le le o le balang mo Diefangeleng tse dingwe.”—Manuscripts of the Greek Bible, ya ga Bruce M. Metzger.
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 21]
Batho ba ba ithutang ka mekwalo ya seatla ba kgona go bona matlha a a sa kwalwang ka go sekaseka ka kelotlhoko mekwalo e e nang le matlha
[Lebokoso mo go tsebe 20]
Go Bona Letlha la Momeno wa Lewatle le le Suleng wa ga Isaia
Momeno wa ntlha wa Lewatle le le Suleng wa buka ya Baebele ya ga Isaia o ne wa fitlhelwa ka 1947, o ne o kwadilwe mo letlalong pele ga mokwalo wa Sehebera wa Masora. O kwadilwe mo e ka nnang kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Bakanoki ba itsile jang letlha leno? Ba ne ba bapisa mokwalo oo le mekwalo e mengwe ya dibuka tsa Sehebera le mekwalo e e gabilweng ba bo ba e naya letlha le le mo magareng ga 125 B.C.E. le 100 B.C.E. Go ne ga bonwa bosupi jo bo oketsegileng fa go dirisiwa Carbon-14 go bona matlha.
Se se gakgamatsang ke gore, go bapisiwa ga Memeno ya Lewatle le le Suleng le mekwalo ya Masora, e e neng ya kwalwa ke bakwadi ba Masora makgolokgolo a dingwaga moragonyana, go bontsha gore ga go na dithuto dipe tse di fetotsweng.d Bontsi jwa dipharologano tse di neng di le gone e ne e le tsa go peleta mafoko le thutapuo. Gape se se lemotshegang ke Thaterakeramatone—ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tse di bopang leina Jehofa—tse di tlhagelelang kgapetsakgapetsa mo momenong wa ga Isaia.
[Ntlha e e kwa tlase]
d Bakwadi ba Masora, ba e neng e le bakwalolodi ba Bajuda ba ba kelotlhoko, ba ne ba tshela mo e ka nnang go tloga ka 500 C.E. go ya go 1 000 C.E.
Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]
(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)
Tsela ya Segerika ya go Kwala
Book hand (mokwalo o o sekameng)
Go tswa go lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E. go ya go lekgolo la borobedi kgotsa la borobongwe la dingwaga C.E.
Mekwalo e mennye e e tshwaraganeng
Go tloga ka lekgolo la borobedi kgotsa la borobongwe la dingwaga C.E. go ya go lekgolo la bo15 la dingwaga C.E.
Mekwalo e e Botlhokwa ya Seatla
400
200
Memeno ya Lewatle le le Suleng
Ya bofelo jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E.
B.C.E.
C.E.
100
John Rylands Papyrus 457
125 C.E.
300
Vatican Manuscript No. 1209
Ya masimologo a lekgolo la bonè la dingwaga
Sinaitic Manuscript
Ya lekgolo la bonè la dingwaga
400
Alexandrine Manuscript
Ya masimologo a lekgolo la botlhano la dingwaga
500
700
800
[Ditshwantsho mo go tsebe 19]
Kwa godimo: Konstantin von Tischendorf
Kafa mojeng: Bernard de Montfaucon
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Réunion des Musées Nationaux/Art Resource, NY
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]
Dead Sea Scroll: Shrine of the Book, Israel Museum, Jerusalem
[Motswedi wa Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Typographical facsimile of Vatican Manuscript No. 1209: From the book Bibliorum Sacrorum Graecus Codex Vaticanus, 1868; Reproduction of Sinaitic Manuscript: 1 Timothy 3:16, as it appears in the Codex Sinaiticus, 4th century C.E.; Alexandrine Manuscript: From The Codex Alexandrinus in Reduced Photographic Facsimile, 1909, by permission of the British Library