Basha ba Botsa Jaana
Nka Kgona Jang go Tshela Itekanela mo Mmeleng?
“KGALALELO ya mosha ke maatla a gagwe,” go bolela jalo Diane 20:29. (The Jerusalem Bible) Fa e le gore o a lwala, kana o golafetse, o ka akanya gore lekwalo leno le ka se ka la raya wena. Mme gone le ka bua le wena! Boammaaruri ke gore, basha ba le bantsi ba ba golafetseng kana ba ba nang le malwetse a a sa alafegeng ba kgonne go fenya dikgoreletsi tse dikgolo thata. Tsogang! e ile ya buisana le basha ba banè ba ba mo boemong jo bo ntseng jalo.
Hiroki wa kwa Japane o belegwe ka bolwetse jwa boboko jo bo golafatsang. O ne a bua jaana: “Molala wa me ga o kgone go tshegetsa tlhogo ya me gore e nne e tlhamaletse, mme mabogo a me ga a laolege. Ke ikaegile gotlhelele ka batho ba bangwe.”
Natalie le monnawe e bong James, ba mo Afrika Borwa ba belegwe ba na le boemo jo bo sa tlwaelegang jwa go se gole. Natalie gape o na le bolwetse jwa mokwatla jo bo bidiwang scoliosis. O bua jaana: “Ke setse ke dirile dikaro tse nnè tsa mokwatla, mme e re ka mokwatla wa me o obegile, o dira gore ke nne le makgwafo a a bokoa.”
Timothy, wa kwa Boritane o ne a fitlhelwa gore o na le bolwetse jwa letsapa le le feteletseng la mmele fa a ne a le dingwaga tse 17. O ne a re: “Mo dikgweding tse di ka fa tlase ga di le pedi fela ke ne ka fetoga go tswa mo go nneng motho yo o itekanetseng le yo o matlhagatlhaga mme ka koafala thata jaana mo maoto a me a sa kgoneng go ntshegetsa.”
Danielle wa kwa Australia, o ne a bolelelwa gore o na le bolwetse jwa sukiri fa a ne a na le dingwaga di le 19. O ne a bua jaana: “E re ka bolwetse jwa sukiri bo sa bonale, batho bangwe ga ba lemoge gore bo masisi go le kana kang. Mme gone bo masisi. Boammaaruri ke gore bolwetse jwa sukiri bo ka mpolaya.”
Fa e le gore le wena o na le bolwetse bongwe kana o golafetse, ga go na pelaelo gore o tla kgothadiwa ke dikakgelo tsa ga Hiroki, Natalie, Timothy, le Danielle. Fa e le gore ga o motho yo o tshelang ka bolwetse, dikakgelo tsa bone di tla go thusa gore o tlhaloganye botokanyana batho ba ba golafetseng kgotsa ba ba lwalang.
Tsogang!: Ke eng se se gwetlhang thata ka boemo jwa gago?
Natalie: Ke ketefalelwa ke go lebana le tsela e batho ba itshwarang ka yone fa ba mpona. Ga nke ke gololesega. Ke ikutlwa e kete batho ba nna ba ntse ba ntebile.
Danielle: Bothata jo bogolo ka bolwetse jwa sukiri ke go itse gore ke tshwanetse go ja eng, ke tshwanetse go ja go le kana kang le gore ke dijo dife tse ke tshwanetseng go di ja ka tekatekano. Go se lekalekanye tsela e ke jang ka yone go ka felela ka go fokotsega ga sukiri mo mading go go ka felelang ka kidibalo e kgolo.
Hiroki: Ke na le setulo sa maotwana se se kgethegileng se se diretsweng popego ya mmele wa me, mme ke fetsa diura tse di ka nnang 15 ka letsatsi ke sa fetole tsela e ke dutseng ka yone. Gape, ga ke kgone go robala sentle. Mokgwasa o monnye fela o a ntsosa.
Timothy: Kwa tshimologong kgwetlho e kgolo e ne e le go amogela kgang fela ya gore ke a lwala. Boemo jwa me bo ne bo ntlhabisa ditlhong.
Tsogang!: Ke mathata afe a mangwe a o lebanang le one?
Danielle: Bolwetse jwa sukiri bo dira gore ke nne ke lapile thata. Ke tlhoka go robala mo go oketsegileng go feta batho ba dingwaga tsa me. Mme gape, bolwetse jwa sukiri ga bo fole e bile ga bo na kalafi.
Natalie: Boammaaruri ke gore kgang ya gore ke mokhutshwane ke bothata mo go nna. Go dira dilo tse di tlwaelegileng tse di jaaka go fitlhelela dilo mo mabeelong kwa mabenkeleng ke kgwetlho mo go nna. Go ya mabenkeleng ke le esi ke matsapa a magolo tota.
Timothy: Ke ile ka tshwanelwa ke go emelana le ditlhabi tse di sa foleng gape le go tshwenyega thata mo maikutlong. Pele ke lwala, ke ne ke le matlhagatlhaga tota. Ke ne ke bereka, gape ke ne ke na le lekwalo la go kgweetsa. Ke ne ke tshameka metshameko e e jaaka kgwele ya dinao le motshameko wa tenese. Jaanong ke nna fela mo setulong sa maotwana.
Hiroki: Ga ke kgone go bua sentle. Bothata jono bo nkgoba marapo thata mme bo dira gore ke se ka ka rata go simolola metlotlo. Ka dinako tse dingwe, go se laolege ga matsogo a me go dira gore ke betse motho ka phoso. Fa seno se diragala, ga ke kgone go kopa maitshwarelo e re ka ke sa kgone go bua sentle.
Tsogang!: Ke eng se se go thusitseng go itshokela boemo jwa gago?
Danielle: Ke leka go nna ke akantse ka dilo tse di molemo mo botshelong jwa me. Lelapa la gaetsho le nkema nokeng tota, le ditsala tse di mo phuthegong di lorato, mme sa botlhokwa le go feta ke na le Jehofa go nkema nokeng. Ke leka thata go nna ke na le tshedimosetso ya bosheng ya go laola bolwetse jwa sukiri. Ke tsaya maikarabelo ka boitekanelo jwa me mme gape ke nna ke itlhokometse.
Natalie: Thapelo ke motswedi wa maatla. Ke leka go lebana le bothata bo le bongwe ka nako e bo tlileng ka yone. Go nna ke na le se ke se dirang go dira gore ke se ka ka nnela go akanya ka dilo tse di utlwisang botlhoko. Gape ke na le batsadi ba babedi ba ba lorato ba ke kgonang go ba bulela mafatlha.
Timothy: Ke dira sengwe se se amanang le dilo tsa semoya letsatsi le letsatsi, le fa e le ka nako e khutshwane fela. Ka sekai, ke simolola letsatsi lengwe le lengwe ka go bala temana ya letsatsi. Thuto ya motho a le nosi ya Baebele le thapelo di botlhokwa thata mo go nna, bogolo fa ke tshwenyegile mo maikutlong.
Hiroki: Ke leka gore ke se ka ka itshwenya ka dilo tse nka se direng sepe ka tsone. Go dira jalo ke tshenyo ya nako. Go na le moo, ke dira sotlhe se nka se kgonang go ikaga mo semoyeng mme ga ke dirise boemo jwa me e le seipato sa gore ke se ka ka bala Baebele. Fa ke sa kgone go robala, ke leba seo e le tshono ya gore ke rapele.—Bona Baroma 12:12.
Tsogang!: Batho ba bangwe ba go kgothaditse jang?
Hiroki: Bagolwane ba nna ba nkakgola ka bonnye jo ke kgonang go bo dira. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba a ntsaya gore ke ye le bone kwa maetong a go boela le kwa dithutong tsa bone tsa Baebele.—Bona Baroma 12:10.
Danielle: Gongwe selo se se nkamang thata ke fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo phuthegong ba nkakgola ka bopeloephepa. Seo se dira gore ke ikutlwe ke ratiwa, mme go nkgothaletsa go tswelela.
Timothy: Go na le kgaitsadi mongwe yo o godileng yo ka dinako tsotlhe a iphang nako ya go bua le nna kwa dipokanong. Bagolwane le basadi ba bone ba nna ba ntse ba nkgothatsa le go nnaya dikgakololo tse di molemo. Mogolwane mongwe wa dingwaga tse 84 o nthusitse gore ke ipeele mekgele e nka kgonang go e fitlhelela. Motlhanka mongwe wa bodiredi o ne a ntaletsa gore ke dire le ene kwa tirelong ya tshimo, mme a rulaganya gore re dire mo lefelong le le sephaphathi gore setulo sa me sa maotwana se kgone go tsamaya sentle.—Bona Pesalema 55:22.
Natalie: Fela fa ke tsena mo Holong ya Bogosi, bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ntumedisa ka menyebo e e bothitho. Ba ba godileng bone ba nna ba ntse ba na le dikgothatso tse ba ka nnayang tsone le fa bone ka bo bone ba ntse ba na le mathata.—Bona 2 Bakorintha 4:16, 17.
Tsogang!: Ke eng se se dirang gore o nne o ntse o na le boikutlo jo bo siameng jwa mogopolo?
Hiroki: Jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke kopanela le mokgatlho wa batho ba ba nang le tsholofelo e e itumedisang. Go lemoga gore ke karolo ya mokgatlho o o molemo jang go nthusa gore ke nne le boikutlo jo bo siameng.—Bona 2 Ditiragalo 15:7.
Danielle: Ke akanya ka tshiamelo e ke nang le yone ya go tlhaloganya boikaelelo jwa Modimo. Go na le batho ba ba nang le botsogo jo bo siameng mme ba sa kgotsofalele botshelo jaaka nna ke kgotsofalela jwa me.—Bona Diane 15:15.
Natalie: Ke fitlhela go le botlhokwa gore ke nne mo gare ga batho ba ba nang le boikutlo jo bo siameng. Gape ke thusiwa ke go bala maitemogelo a batho ba ba direlang Jehofa go sa kgathalesege diteko tse ba nang le tsone. Mme fa ke ya kwa Holong ya Bogosi, ke a itse gore ke tla nonotshiwa le go gakololwa ka tshiamelo e ke nang le yone ya go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.—Bona Bahebera 10:24, 25.
Timothy: Go ya ka 1 Bakorintha 10:13, Jehofa ga a na go re lesa gore re tlhagelwe ke mathata a re ka se keng ra kgona go a itshokela. Ke ipolelela gore fa Mmopi wa me a tlhomamisegile gore nka kgona go lebana le teko eno, nna ke mang go mo ganetsa?
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
Hiroki le Timothy ba tsamaya ka ditulo tsa maotwana. Fa o le mo boemong jo bo tshwanang le jwa bone, dikakgelo tsa bone di ka go thusa jang go nna o na le mogopolo o o siameng?
Danielle o ne a bolela gore “e re ka bolwetse jwa sukiri bo sa bonale batho bangwe ga ba lemoge gore bo masisi go le kana kang.” A le wena o tshwerwe ke bolwetse jo bo sa “bonaleng”? Fa go ntse jalo, ke eng se o ka se ithutang mo go se Danielle a se buang?
Natalie a re kgwetlho e kgolo e a lebanang le yone ke tsela e batho ba itshwarang ka yone fa ba mo leba. O ne o ka gomotsa jang motho yo o tshwanang le Natalie? Fa e le gore o na le bolwetse kana bogole jo bo dirang gore o ikutlwe ka tsela e Natalie a ikutlwang ka yone, o ka etsa jang boikutlo jwa gagwe jo bo siameng?
Fa tlase fano, kwala maina a batho ba o ba itseng ba ba golafetseng kana ba ba tshwerweng ke bolwetse jo bo sa foleng.
O ka dira eng go bontsha gore o ema mongwe le mongwe wa bone nokeng?