LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/08 ts. 16-17
  • Lebaka La go Bo se Bidiwa Setlhaketlhake se Segolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo se Bidiwa Setlhaketlhake se Segolo
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mo se Leng Teng le Maemo a Sone a Bosa
  • Kilauea—Lekgwamolelo le le Tlhatsang Mme le sa Thunye
  • Dilo Tse di Farologaneng Tse di Ngokang Batho
  • Paradaise ya Setlhaketlhake sa Motlhaba
    Tsogang!—2006
  • “Dikgang Tse di Molemo” di Rerwa Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Australia Tse di Kwa Kgakala Kwa Bokone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Setlhaketlhake sa Christmas—Lebaka La go Bo re Ne re Se Etetse
    Tsogang!—2007
Tsogang!—2008
g 3/08 ts. 16-17

Lebaka La go Bo se Bidiwa Setlhaketlhake se Segolo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA HAWAII

FA BATHO ba akanya ka ditlhaketlhake tsa Hawaii ke eng se se tlang mo mogopolong wa bone? Gongwe ba akanya ka lotshitshi lwa motlhaba o mosweu, metsi a a phepa, ditlhare tsa khokhonate di ntse di temeka, bosigo jo bo bothitho mo mathuding a a bidiwang lanais go rena moya wa lorato go tshubilwe ditotshe tsa tiki. Oketsa ponalo eo ka mokete wa se-Polynesia o o tletseng ka dipeinapole, di-poi, di-lomilomi, disalate tsa tlhapi ya salmon, ee, tota le kolobe ya kalua, mme seno sotlhe se batla se tlhalosa sengwe le sengwe ka setlhaketlhake seno. Ke eng gape se motho a ka se batlang?

Totatota, mo Hawaii batho ba bantsi ba itumelela dilo tse dintsi go feta seo, tse dintsi thata! Sa ntlha, setlhaketlhake sa Hawaii se bidiwa Setlhaketlhake se Segolo ka ntlha ya gore o ka tsenya ditlhaketlhake tse dingwe tsa Hawaii—Oahu, Maui, le Kauai—mme di bo di lekana sentle ka fa gare ga Setlhaketlhake se Segolo seno! Setlhaketlhake se se gakgamatsang seno se ka nna disekwerekilometara di le 10 432 mme se sa ntse se oketsega. Mme seo re tla bua ka sone moragonyana.

Mo se Leng Teng le Maemo a Sone a Bosa

E re ka Setlhaketlhake se Segolo seno e le sone se se leng kwa ntlheng ya borwa thata, maemo a sone a bosa a a itumedisa. Gantsi dithemperetšha tsa kwa mafelong a bojanala di nna didikirii di le 26 ka selemo (May go ya go October) go ya go didikirii di le 21 ka mariga (November go ya go April) mme gantsi go tlwaelegile gore bosigo maemo a bosa a fitlhe go didikirii tse 15-18 tsa Celsius. Gantsi kgaolo ya Kona e e leng ka fa ntlheng ya setlhaketlhake e e sa lebanang le phefo e nna letsatsi, mme kgaolo ya Hilo e e kafa ntlheng e e lebaneng le phefo e na dipula.

Maemo a bosa a kwa boboatsatsi le mmu o o nonneng wa lekgwamolelo, o dira gore lefelo leno le kgone go nna le maungo le merogo e mentsi. Go na le dimanku tse di monate, diphopho, di-lychee, le maungo a mangwe a a tswang kwa dinageng di sele go akaretsa le dithunya tse dintle tsa di-orchid le di-anthurium. Ditlhare tsa manoko tsa Macadamia le sejalo sa kofi di gola sentle tota. Kofi ya Kona e itsege lefatshe ka bophara. Barekisi go tswa mafelong a a farologaneng ba kofi ba phuthegela kwa moletlong wa kofi ya Kona wa ngwaga le ngwaga go ya go utlwa tatso ya kofi eno le go tsenya diotara.

Setlhaketlhake se Segolo se na le maemo a tlelaemete a a farologaneng, a a akaretsang dikgwa tsa pula, dikaka le dipoa. Dikgwa tsa pula di kwa lefelong le le nang dipula le le kwa botlhaba jwa setlhaketlhake seno. Dinonyane tse dintsi tse di tswang kwa mafatsheng a mangwe di fitlhelwa mo lefelong leno, mme gape go na le setlhare sa patadikgagane le mefuta e le mmalwa ya di-orchid. Pula e e ka nnang disentimetara di le 25 e na ngwaga le ngwaga kwa kgaolong ya Kona-Kohala mme ya disentimetara di le 250 e na kwa kgaolong ya Hilo ngwaga le ngwaga.

Kilauea—Lekgwamolelo le le Tlhatsang Mme le sa Thunye

Go na le makgwamolelo a le matlhano a a farologaneng mo setlhaketlhakeng seno—Mauna Loa, Mauna Kea, Kilauea, Kohala le Hualalai. Leina Kilauea le raya go “Tlhatsa Thata.” Ka 1979, Kilauea e ne ya tsoga gape ka go thunya go go kgatlhang thata. Fa e sa le ka 1983 seretse sa lone se se bolelo se ntse se tswelela se elela se sa kgaotse. Se sentse ditoropo di le tharo tse di fa losing mme gone sa bopa naga e ntsha ya diheketara tse di makgolokgolo.

Fa seretse seno se fitlha kwa lewatleng ka modumo o mogolo le go suma, se dira mouwane, mosi le maru mme gape se dira le dintshi tse disha tsa motlhaba o montsho. Batho ba ka kgona go bonela Kilauea fa gaufi ba ntse ba sireletsegile.

Thaba ya lekgwamolelo e e ntseng e itidimaletse fela ya Mauna Kea, e e bogodimo jwa dimetara di le 4 205, ke yone thaba e e goletseng kwa godimo mo setlhaketlhakeng seno, e feta Mauna Loa go se kae e yone e leng bogodimo jwa dimetara di le 4 169. Le fa go ntse jalo, fa e lekanngwa go tswa kwa boalong jwa lewatle Mauna Kea ke thaba e goletseng kwa godimo go di feta tsotlhe mo lefatsheng, e boleele jwa dimetara tse di fetang 9 000. Kafa letlhakoreng le lengwe, Mauna Loa yone e tlhomologile ka go nna thaba e kgolo thata ka bogolo jwa 40 000 km3!

Dilo Tse di Farologaneng Tse di Ngokang Batho

Ka mariga kapoko e wela mo Mauna Kea, ka jalo e tshwanelwa ke leina la matlhaletso la yone le le kayang Thaba e Tshweu. Banni bangwe ba foo ba tshameka motshameko wa go relela mo kapokong, le fa mokgokolosa wa yone o o tletseng ka matlapa o dira gore seo se nne kotsi thata. Gone jaanong dithelesekoupo tse 13 tse di maatla thata mo lefatsheng, tse di emelang dinaga tse di farologaneng di le 11, di kgobokantswe kwa setlhoeng sa Mauna Kea Science Reserve.

Go bapa le mabopo a Setlhaketlhake se Segolo, go na le mafelo a mantsi a boitapoloso. E re ka dithemperetšha tsa mowa le tsa lewatle di nna di ntse di le bothitho ngwaga otlhe, batho ba ka itumelela metshameko ya mo metsing. Dintshi tsa lewatle, di simolola ka tse di ratiwang thata tsa motlhaba o mosweu go ya go tse go sa tseneng mongwe le mongwe mo go tsone, tse gantsi di fitlhelelwang ke batho ba ba tsayang loeto ka dinao kana ba ba tshamekang motshameko wa go kgweetsa dikoloi tsa maotwana a magolo.

Tota Setlhaketlhake se Segolo se segofaditswe ka ditsela di le dintsi—bogolo jwa sone, moo se leng teng, tlelaemete ya sone, le popego ya tikologo ya sone. O tla fitlhela gore batho ba koo ba botsalano e bile ba na le kamego mme gape ba itumelela go bontsha moya o o lorato wa go amogela baeng o o leng mo setlhaketlhakeng seno sa Hawaii.

[Mmapa mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)

NIHAU

KAUAI

OAHU

HONOLULU

MOLOKAI

MAUI

LANAI

KAHOOLAWE

HAWAII

Hilo

Kohala

Mauna Kea

Hualalai

Mauna Loa

Kilauea

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Kwa morago ke Mana Kea

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]

U.S. Geological Survey/ Photo by T.J. Takahashi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela