O ne O ka Reng?
Go Diragetse Kae?
1. Jesu o ne a raelwa kae?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 26:36-56.
Thalela karabo ya gago mo mmapeng.
Tshimo ya Gethesemane
Tempele
Ntlo ya Segosi ya Mmusi
Mogobe wa Siloame
◼ Ke moaposetoloi ofe yo o neng a oka Jesu?
․․․․․
◼ Ke moaposetoloi ofe yo o neng a tlhasela lekgoba la moperesiti yo mogolo?
․․․․․․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Jesu o ne a tsiboga jang fa molatedi wa gagwe a ne a leka go mo sireletsa ka sebetsa? Ke thuto efe e o ka ithutang yone go tswa mo go se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno, o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 3 Jesu o ne a re o tsaletswe go tla go dira eng? Johane 18:․․․
DITSEBE 5-6 Ke eng se Paulo a reng re tshwanetse go nna seoposengwe mo go sone? 1 Bakorintha 1:․․․
TSEBE 11 Fa batho ba itse boammaaruri ka tumelobotlhodi, ke eng se se ka diregang? Johane 8:․․․
TSEBE 20 Se o se buang se bontsha eng ka wena? Luke 6:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Ke Mang yo e Leng Karolo ya Losika Lwa ga Jesu?
Akanya ka dintlha tse di ka go thusang go bona dikarabo. Lebelela ditemana tsa Baebele. Mme o kwale maina a a tshwanetseng mo meleng eno.
2. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke ne ke itsege jaaka “moreri wa tshiamo.”
Bala 2 Petere 2:5.
3. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke morwa Noa yo ka metlha a umakiwang wa ntlha mo lenaaneng.
Bala Genesise 6:10.
4. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Mo metlheng ya me “lefatshe le ne le kgaogane.”
Bala Genesise 10:25.
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 30
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Tshimo ya Gethesemane.
◼ Judase.
◼ Petere.
2. Noa.—Luke 3:36.
3. Sheme.—Luke 3:36.
4. Pelege.—Luke 3:35.