LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/08 ts. 20-21
  • Modimo o Lebeletse Eng mo go Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Lebeletse Eng mo go Wena?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Akarediwang ke go Rata Modimo ka Moya Otlhe
  • Go Atlega mo go Direng Gore Dilo Tse di Tlang Pele di Tle Pele
  • Kafa re Bontshang ka Teng Gore re Rata Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ka Modimo wa Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • “Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 4/08 ts. 20-21

Baebele Ya Reng

Modimo o Lebeletse Eng mo go Wena?

GO NNA re tshwaregile thata mo botshelong go re tlhoka go le gontsi. Ka dinako tse dingwe e ka nna kgwetlho gore re diragatse maikarabelo a rona otlhe. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gakologelwa gore botshelo ka bojone ke mpho e e tswang kwa Modimong. Modimo o lebeletse gore re dirise maatla le nako e e kana kang re mo direla? Karabo e e utlwalang ya Baebele e a kgothatsa.

Jesu o ne a itse gore Rraagwe o batla eng mo bathong go gaisa motho le fa e le ope fela. Fa a ne a kopiwa go tlhalosa taolo e e kgolo go di gaisa tsotlhe o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mareko 12:30) Seo se raya eng? A seo ke go batla go le gontsi mo go rona?

Se se Akarediwang ke go Rata Modimo ka Moya Otlhe

Lorato lwa rona mo Modimong lo ka gola fa re tlhatlhanya ka melemo e e se nang tekano e a re bontshang yone. Fa lorato lwa rona e le lwa moya otlhe, re tla tlhotlheletsega go naya Modimo sotlhe se re nang le sone. Re tla ikutlwa fela jaaka mokwadi mongwe wa Baebele a ne a ikutlwa yo o neng a kopa jaana: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?” (Pesalema 116:12) Lorato lo lo ntseng jalo mo Modimong lo ama jang tsela e re dirisang nako ya rona ka yone?

Baebele ga e re bolelele gore re tshwanetse go beela diura tse kae tsa kobamelo kwa thoko mo bekeng. Le fa go ntse jalo, e tlhalosa ditiro tse di tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa rona e bo e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa di tshwanetse go tla pele. Ka sekai, Jesu o ne a ruta gore go tsenya kitso ka Modimo ke kgato e e botlhokwa thata e e isang kwa ‘botshelong jo bo sa khutleng.’ (Johane 17:3) Gape o ne a re balatedi ba gagwe ba tshwanetse go thusa batho ba ba sa itseng Modimo go bona botshelo ka go ba bolelela ka Modimo. (Mathaio 28:19, 20) Baebele e re laela gore re kopane le badumedi ka rona ka metlha gore re kgone go bona thuso ya semoya le go nna re kgothatsana. (Bahebera 10:24, 25) Ditiro tseno tsotlhe di tlhoka nako.

A Modimo o lebeletse gore re tshele botshelo jwa rona ka go tseega maikutlo—re tlogela go dira ditiro tsotlhe mo botshelong jwa rona kwantle ga kobamelo? Le e seng! Re tlhoka go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Baebele e laela ditlhogo tsa malapa gore ba tlamele malapa a bone ka seo ba se tlhokang fa e re: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o . . . bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.”—1 Timotheo 5:8.

Modimo o bopile motho a na le bokgoni jwa go itumelela botshelo. Ka jalo, go a tshwanela go dirisa nako nngwe re na le ba malapa a rona le ditsala re itumelela dijo tse di monate e bile re itapolosa. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Ke a itse gore ga go na sepe se se botoka mo go bone fa e se go ipela le go dira molemo mo nakong ya botshelo jwa motho; gape gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—Moreri 3:12, 13.

Gape Jehofa Modimo o a tlhaloganya gore re a tlhaela, o “gakologelwa gore re lerole.” (Pesalema 103:14) Baebele e dumela gore re tlhoka go ikhutsa ka tsela e e lekanetseng. Morago ga ditiro tse dintsi tse ba neng ba di dira, Jesu o ne a laletsa barutwa ba gagwe gore ba ye kwa ‘thoko mo lefelong le le se nang batho mme ba ikhutse go sekae.’—Mareko 6:31.

Ka jalo, botshelo jo bo itumedisang Modimo ke botshelo jo bo lekalekaneng mme bo ka akaretsa ditiro tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, sengwe le sengwe se re se dirang—e ka ne se tsamaisana le kobamelo kana nnyaa—se tshwanetse go bontsha gore re rata Modimo ka moya otlhe. Kgakololo ya Baebele ya re: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.

Go Atlega mo go Direng Gore Dilo Tse di Tlang Pele di Tle Pele

A go lebega go sa kgonege go baya kobamelo ya Modimo kwa pele mo botshelong jwa gago? Ke boammaaruri gore go naya Modimo se a se lebeletseng mo go rona go ka tlhoka gore re dire diphetogo—tota le go intsha setlhabelo—mo tseleng e re dirisang nako ka yone. Mme gone, Mmopi wa rona yo o lorato ga a re kope gore re dire sengwe se se sa kgonegeng. Tota e bile, o re naya thuso e kgolo go dira thato ya gagwe. Re ka atlega fa re ikaega ka “nonofo e Modimo a e nayang.”—1 Petere 4:11.

O ka ikutlwa o ngomoga pelo go se kae fa o fetola thulaganyo ya gago gore e akaretse dilo tsa semoya. Iphe nako gangwe le gape ya go nna o bua le Jehofa Modimo, “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Fa o rapela o ka mmolelela sengwe le sengwe se se go tshwenyang o itse gore ‘o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Kgosi Dafide o ne a rapela jaana: “Nthuta go dira thato ya gago, gonne o Modimo wa me.” (Pesalema 143:10) Le wena ka tsela e e tshwanang o ka kopa Modimo gore a go thuse go dira diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa gago.

Baebele e na le taletso e e lorato eno: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Fa o simolola go dira ditiro tse di itumedisang Modimo tse di jaaka go ithuta Baebele le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, o tla atamalana le Modimo. Mme ene, o tla go nonotsha gore o dire kgatelopele e e oketsegileng.

Fa Jelena yo o ithutang Baebele le Basupi ba ga Jehofa a bua ka boiteko jwa gagwe jwa go baya dilo tsa botlhokwa kwa pele, o ne a re: “Go ne go se motlhofo go dira diphetogo. Mme fa ke sena go simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete ke ne ka nna le nonofo ya go dirisa se Baebele e se bolelang. Thuso e e sa kgaotseng e e tswang mo go ba bangwe le yone e ne ya nthusa.” Go bona melemo e e nnang teng fa o direla Modimo le gone go ka go rotloetsa. Jelena o akgela jaana: “Ke tokafaditse kamano e ke nang le yone le monna wa me le tsela e ke otlhayang bongwanake ka yone.”

Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ka go nonotsha le go go rotloetsa gore o kgone go tlhatlhoba dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago le go “ithekela nako” ya go direla Modimo go sa kgathalesege dikgatelelo tsa botshelo jwa segompieno. (Baefeso 3:16; 5:15-17) Jesu o ne a re: “Dilo tse di sa kgonegeng mo bathong di a kgonega mo Modimong.”—Luke 18:27.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

◼ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go dira gore ditiro tsa bomodimo di tle pele mo botshelong jwa gago?—Pesalema 116:12; Mareko 12:30.

◼ Modimo o lebeletse gore o nne le seabe mo ditirong dife?—Mathaio 28:19, 20; Johane 17:3; Bahebera 10:24, 25.

◼ O ka dira jang gore dilo tsa botlhokwa di tle pele mo botshelong jwa gago e le gore o itumedise Modimo.—Baefeso 5:15-17; Jakobe 4:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go itumedisa Modimo go tlhoka tekatekano

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela