Go Godisa Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome—Seabe sa Botlhale
“Re leka ka natla go kaela morwa le morwadiarona mme go bonala re tlhola re nnela go ba kgalemelela sengwe. Ka dinako tse dingwe re ipotsa gore a re ba thusa gore ba kgone go itshepa kgotsa a re dira gore ba se ka ba kgona go dira jalo. Go nna tekatekano mo kgannyeng eno ke kgwetlho tota.”—George le Lauren, Australia.
GO GODISA ngwana wa dingwaga tsa bolesome ga se metshamekwane. Mo godimo ga go lebana le dikgwetlho tse disha tse di tlisiwang ke ngwana wa bone, batsadi ba ka nna ba tshwanelwa ke go lebana le ditlhobaelo tsa bone ka bobone tsa go bo morwa kgotsa morwadiabone a gola. Rre mongwe wa kwa Australia e bong Frank o dumela jaana: “Go akanya fela gore ka letsatsi lengwe bana ba rona ba tla bo ba seyo, ke kgang e e hutsafatsang. Ga go motlhofo go dumela gore ga o tlhole o kgona go laola matshelo a bone.”
Lia, yo o neng a umakiwa kwa pelenyana mo motseletseleng ono a ka dumalana le seo. A re: “Go thata go tshwara morwaake jaaka mosha yo o godileng ka gonne ke sa ntse ke mo tsaya e le mosimanyana wa me. Go bonala e ne e le maabane fela fa a ne a simolola letsatsi la gagwe la ntlha kwa sekolong!”
Le fa go ka tswa go le thata jang go amogela seno, bana ba dingwaga tsa bolesome ga e tlhole e le bana ba bannye. Ke ‘bagolo ba ba thapisiwang’ mme batsadi ba bone ke barutisi le batshegetsi ba bone. Le fa go ntse jalo, jaaka fa George le Lauren ba ile ba bolela kwa godimo, batsadi ba ka kgona go dira gore bana ba bone ba itshepe kgotsa ba se ka ba kgona go itshepa. Batsadi ba ka dira jang gore ba nne tekatekano mo kgannyeng eno? Baebele e na le kgakololo e e thusang. (Isaia 48:17, 18) Mma re sekaseke dikai dingwe.
Go Nna le Puisano e e Molemo go Botlhokwa
Baebele e bolelela Bakeresete gore ba nne “bonako go utlwa” mme ba nne “bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Le fa gone eno e le kgakololo e e molemo fa o dirisana le bana ba dingwaga le fa e ka nna dife, go utlwa—kgotsa go reetsa—go botlhokwa thata fa go tla mo kgannyeng ya bana ba dingwaga tsa bolesome. Mme go ka nna ga tlhokega maiteko a magolo go dira seo.
Peter rre mongwe wa kwa Boritane a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go tokafatsa tsela e ke buisanang ka yone le bana ba me ba basimane fa ba tsena mo dingwageng tsa bolesome. Fa basimane ba ne ba sa ntse ba le babotlana, nna le mosadi wa me re ne re ba bolelela gore ba dire eng mme ba ne ba reetsa. Mme gone jaanong e re ka ba godile, re tshwanetse go ba beela mabaka, re buisane le bone ka dilo tse di rileng le go ba letla gore ba dirise bokgoni jwa bone jwa go akanya go rarabolola mathata. Totatota, re tshwanetse go fitlhelela dipelo tsa bone.” —2 Timotheo 3:14.
Go botlhokwa thata go reetsa fa go na le dikgotlhang. (Diane 17:27) Danielle wa kwa Boritane, o ne a fitlhela go ntse jalo mo kgannyeng ya gagwe. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke na le bothata jo bo rileng le mongwe wa bomorwadiake malebana le kafa a neng a nkaraba ka teng fa ke ne ke mo kopa go dira sengwe. Mme o ne a mpolela gore ka metlha ke a mo omanya e bile ke mo laela fela gore a dire dilo. Re ne ra rarabolola bothata jono ka go nna fa fatshe le go reetsana ka kelotlhoko. O ne a tlhalosa kafa ke buang le ene ka teng le kafa ke dirang gore a ikutlwe ka teng mme le nna ke ne ka mo tlhalosetsa gore nna ke ikutlwa jang.”
Danielle o ne a lemoga gore “go nna bonako go utlwa” go ile ga mo thusa gore a tlhaloganye lebaka la go bo morwadie a bua ka tsela e a neng a bua ka yone. A re: “Gone jaanong ke leka go nna pelotelele le morwadiake mme ke leka go bua le ene fela fa ke sa galefa.” O ne a oketsa ka gore, “Kamano ya rona e a tokafala.”
Diane 18:13 ya re: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” Greg rre mongwe wa kwa Australia, o fitlhetse seo se le boammaaruri. A re: “Go sa utlwane le bana ba rona ka dinako tse dingwe go nna teng fa nna le mosadi wa me re itlhaganelela go ba omanya mo boemong jwa gore re reetse pele le go amogela kafa ba ikutlwang ka teng. Le fa re sa dumalane gotlhelele le boikutlo jwa bone, re lemogile gore go botlhokwa thata gore re ba letle gore ba tlhalose kafa ba ikutlwang ka teng pele ga re ba naya kgalemelo kgotsa kgakololo e ba e tlhokang.”
Ba Tshwanetse go Fiwa Kgololesego e e Kana Kang?
Gongwe sengwe se se bakang kgotlhang thata fa gare ga batsadi le bana ba dingwaga tsa bolesome ke kgang ya go ikemela. Mosha o tshwanetse go fiwa kgololesego e e kana kang? Rre mongwe a re: “Ka dinako tse dingwe ke akanya gore fa ke naya morwadiake kgololesego e e rileng ene o batla kgololesego e e feletseng.”
Ga go pelaelo gore go naya basha kgololesego e e sa lekanyediwang go ka nna le ditlamorago tse di sa itumediseng. Ee, Baebele e tlhagisa gore “mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Diane 29:15) Basha ba dingwaga tsotlhe ba tlhoka dikaelo tse di tlhomameng mme batsadi ba tshwanetse go nna lorato mme ba tlhomame mo kgannyeng ya go dira gore melao ya lelapa e latelwe. (Baefeso 6:4) Ka nako e e tshwanang, basha ba tlhoka go fiwa kgololesego e e rileng gore ba tle ba kgone go ipaakanyetsa botoka go ka kgona go dira ditshwetso moragonyana mo botshelong jwa bone.
Ka sekai, akanya kafa o ileng wa ithuta go tsamaya ka gone. Kwa tshimologong fa o ne o le lesea, o ne o tlhoka go kukiwa. Mme fa nako e ntse e tsamaya o ne wa simolola go gagaba mme wa tsamaya. Gone ke boammaaruri gore go itsamaisa ka bogone go ka nna kotsi mo ngwaneng yo monnye. Ka jalo, batsadi ba gago ba ne ba nna ba go beile leitlho mme e bile ba ka tswa ba ile ba go beela dithibelo tse di neng di go thibela gore o se ka wa ya kwa mafelong a a kotsi, a a jaaka ditepisi. Le fa go ntse jalo, ba ne ba go letla gore o itsamaele mme fa nako e ntse e ya morago ga gore o we ka makgetlhonyana, o tla ithuta go tsamaya motlhofo fela.
Go bona kgololesego ya go ikemela go akaretsa se se tshwanang. Mo tshimologong, go ntse jaaka e kete batsadi ba kuka bana ba bone ba bannye. Ba ba direla ditshwetso. Moragonyana, bana ba itshupa ba godile ka selekanyo se se rileng, go nna jaaka e kete batsadi ba ba letla go gagaba. Ba ba letla gore ba itlhophele dilo tse di rileng ka bobone. Mo nakong eno yotlhe, go na le dithibelo dingwe tse di beilweng mme di sireletsa basha gore ba se ka ba gobala. Fa bana ba bone ba ntse ba gola, batsadi ba ba letla gore ba “itsamaele” ka bobone. Ka jalo, fa ba nna bagolo, ba tla bo ba kgona go ‘rwala morwalo wa bone’ ka botlalo.—Bagalatia 6:5.
Go Ithuta ka Sekao Sengwe sa mo Baebeleng
Go bonala fa Jesu a ne a ise a tsene mo dingwageng tsa bosha fa batsadi ba gagwe ba ne ba mo naya selekanyo se se rileng sa kgololesego mme ga a ka a dirisa kgololesego eo ka tsela e e sa tshwanelang. Go na le moo, o ne a “tswelela a ikokobeleditse” batsadi ba gagwe fa a ntse a “tswelela a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele le mo kamogelong ya Modimo le batho.”—Luke 2:51, 52.
Jaaka motsadi, o ka ithuta sengwe mo sekaong seno mme o neye bana ba gago kgololesego e e oketsegileng fa ba ntse ba itshupa gore ba kgona go e dirisa sentle. Ela tlhoko se batsadi bangwe ba se bolelang malebana le se se ba diragaletseng mo kgannyeng eno.
“Ke ne ke rata go itshunya nko thata mo dikgannyeng tsa bongwanake. Moragonyana, ke ne ka ba ruta melaometheo mme ka ba letla gore ba itirele ditshwetso tse di tsamaisanang le se ba se ithutileng. Morago ga foo, ke ne ka lemoga gore ba ne ba simolola go sekaseka ditshwetso tsa bone ka kelotlhoko.”—Soo Hyun, Korea.
“Nna le monna wa me re a tle re etsaetsege go naya bana ba rona kgololesego e e oketsegileng, mme ga re a ka ra letla gore seno se dire gore bana ba rona ba se ka ba kgona go dirisa sentle kgololesego e ba bontshitseng gore e ya ba tshwanela.”—Daria, Brazil.
“Ke lemogile gore go botlhokwa gore ke akgolele morwaake yo mosha tsela e e molemo e a dirisang kgololesego e ke mo e fileng. Mme gape le nna ke dira se ke batlang gore ene a se dire. Ka sekai, ke mmolelela gore ke ya kae le gore ke dira eng. Fa e le gore ke tla nna thari, ke a mo itsise.”—Anna, Italy.
“Mo lelapeng la rona re gatelela ntlha ya gore kgololesego ga se sengwe se bomorwaarona ba tshwanetseng go se fiwa mme ke sengwe se ba tshwanetseng go itshupa gore ba ka se fiwa.”—Peter, Boritane.
Ba Tshwanetse go Boga Ditlamorago Tsa Se ba Se Dirileng
Baebele ya re: “Go molemo gore monna yo o nonofileng a tshole jokwe mo bosheng jwa gagwe.” (Dikhutsafalo 3:27) Nngwe ya ditsela tse di molemolemo tse mosha a ka tsholang jokwe ka tsela e e bontshang gore o na le maikarabelo ka yone ke ka go ithuta ka go diragalelwa ke se se bolelwang ke mafoko ano: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.
E ka tswa e le ka maitlhomo a a siameng go bo batsadi bangwe ba sireletsa bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome gore ba se ka ba boga ditlamorago tsa ditiro tsa bone tsa boeleele. Ka sekai, a re re morwao o tsena mo dikolotong, ka ntlha ya go senya madi ka go reka dilo tse a sa di tlhokeng. O tla ithuta eng fa e le gore Mama le Papa ba duelela fela sekoloto seo? Kafa letlhakoreng le lengwe, mosha o tla ithuta eng fa batsadi ba gagwe ba mo thusa gore a itirele thulaganyo ya kafa a tla duelang sekoloto seo ka gone?
Batsadi ga ba thuse bana ba bone fa ba palelwa ke go dira gore ba ithute gore ditlamorago tsa boitshwaro jwa bone jo bo sa siameng ke eng. Go na le gore ba ba thuse gore ba ipaakanyetse nako ya bogodi, seno se ba ruta fela gore ka metlha go tla bo go na le mongwe yo o tla ba thusang fa ba le mo mathateng, yo o tla baakanyang dilo fa go senyegile le go bipa diphoso tsa bone. Go botoka thata go naya bana ba dingwaga tsa bolesome tshono ya gore ba robe se ba se jetseng le gore ba ithute gore ba tla rarabolola jang mathata a bone. Eno ke tsela e e botlhokwa ya go dira gore “bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo [thapisiwe] ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.”—Bahebera 5:14.
“Motho yo o Fetogang, yo o Golang”
Ga go pelaelo gore batsadi ba bana ba dingwaga tsa bolesome ba lebane le namane e tona ya tiro. Ka dinako tse dingwe, go ka direga gore ba tsholole dikeledi ka ntlha ya go betwa ke pelo fa ba ntse ba godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.
Kwa bofelong, go nna motsadi yo o nang le matswela, ga go reye go laola fela mme go raya gore o tshwanetse go ruta bana ba gago le go tsenya melao e e siameng mo dipelong tsa bone. (Duteronome 6:6-9) A seno se boima go gaisa kafa go lebegang ka teng? Ee ruri. Greg yo o nopotsweng kwa godimo a re: “Re dirisana le motho yo o fetogang, yo o golang. Seno se raya gore re tshwanetse go nna re ithuta motho yo mosha yono le go tlwaelana le ene.”
Leka go dirisa melaometheo ya Baebele e go buiwang ka yone mo setlhogong seno. Nna tekatekano malebana le se o se lebeletseng mo baneng ba gago. Mme le ka motlha o se ka wa lebala gore ke wena sekao se segolo se ba ka se latelang mo botshelong jwa bone. Baebele ya re: “thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 7]
Go fiwa kgololesego go tshwana le go ithuta go tsamaya—ke sengwe se se diragalang ka bonya ka bonya
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 8]
Fa Jesu a ne a ise a tsene mo dingwageng tsa bolesome, o ne a fiwa selekanyo se se rileng sa kgololesego
[Lebokoso mo go tsebe 7]
“Go Tlhomamisa Taolo ya Gago”
Lebaka la go bo ngwana wa gago yo mosha a sa rate dithibelo tse o mmeelang tsone ga le reye gore ga o a tshwanela go mmeela melao. Gakologelwa, bana ba dingwaga tsa bolesome ga ba na boitemogelo mo botshelong mme ba sa ntse ba tlhoka go kaelwa.—Diane 22:15.
Mo bukeng ya gagwe ya New Parent Power! John Rosemond o kwala jaana: “Go motlhofo gore batsadi ba gatelelwe ke go tlhakatlhakana ga maikutlo a bana ba bone mme ba bo ba ba naya kgololesego e e oketsegileng go feta e ba ka e kgonang, e le gore ba tle ba tile go ngangisana le bone. Batsadi ba tshwanetse go dira se se farologaneng le sone seo. Ke nako ya gore o tlhomamise taolo ya gago jaaka motsadi go na le gore o letle bana ba gago gore ba itlhokomolose melao ya gago. Le fa gone ba se kitla ba rata kgang eno, ke nako gape ya gore bana ba itse gore batsadi ba bone ba ikemiseditse go ba kaela mo tseleng e e siameng.”
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Go ba Naya Kgololesego e e Oketsegileng
Gantsi basha ba batla kgololesego e e fetang e ba tshwanetseng go e fiwa. Mme ka nako e tshwanang, batsadi bangwe ba naya basha selekanyo se sennye thata sa kgololesego go na le e ba ka kgonang go e ba naya. Go na le gore o ba neye kgololesego e ntsi thata kgotsa e nnye thata, o tshwanetse go nna tekatekano. O ka dira seno jang? Sa ntlha, o ka nna wa akanya ka lenaane le le fa tlase fano. Ke kae mo morwao kgotsa morwadio a itshupang a itshwara ka tsela e e bontshang gore o na le boikarabelo?
□ Ditsala tse a di tlhophang
□ Diaparo tse a di tlhophang
□ Go lekanyetsa madi a a a dirisang
□ Go tla gae ka nako e a e beetsweng
□ Go fetsa ditiro tse a di filweng
□ Go fetsa tiro ya sekolo
□ Go kopa maitshwarelo fa a dirile diphoso
□ Tse dingwe ․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․
Fa e le gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome o setse a itshupa a godile mo dilong di le mmalwa tse di umakilweng fa godimo, ke eng fa o sa akanye ka ditsela dingwe tse ka tsone o ka mo nayang kgololesego e e oketsegileng ka tsone?
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 7]
Ba letle gore ba tlhalose kafa ba ikutlwang ka teng pele ga o ba naya kgalemelo kgotsa kgakololo e ba e tlhokang
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]
Batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone gore ba nne le maikarabelo