Manyalo A a Mo mathateng
“Ga ke tlhole ke kgona jaanong!” A o kile wa utlwa batho ba bua jalo ka manyalo a bone? Fa e le gore o nyetse kgotsa o nyetswe, a le wena o kile wa ikutlwa jalo ka nako nngwe?
BANYALANI ba bantsintsi ba ile ba simolola botshelo jwa lenyalo ka lorato lo logolo—kgotsa ba tseegile maikutlo—mme ba lebeletse gore go tswa foo ba nne le boitumelo. Mogakolodi mongwe o bolela jaana: “Mme ka nako ya fa ba tla go batla thuso mo go nna ba le bantsi ba bone ba bo ba setse ba itlhobogile gotlhelele. Ba bo ba swabisitswe ke balekane ba bone, lenyalo, lorato mme ka dinako tse dingwe le ke botshelo tota.” Se se setseng fela mo lenyalong la bone ke setifikeiti le lefelo le ba nnang mo go lone fela.
Manyalo mangwe a fedisiwa ke go ngomoga pelo le go tlhobaela go go ntseng go oketsega. Ditiro tse di tlhokang go le gontsi mo mothong, dinako tsa tiro tse di fetofetogang le go bereka diura tse ditelele go ka dira gore tota le banyalani ba ba ratanang ba tlhoke nako ya go nna le balekane ba bone. Mathata a tsa madi le dikgwetlho tsa go godisa bana, go fudugela kwa ntlong e ntšha, go fetola tiro le mathata a botsogo di ka dira gore banyalani ba se ka ba tlhola ba ratana le go tlotlana. Gone mme, diphetogo tse di nnang teng fa nako e ntse e tsamaya di ka baka kgatelelo e e ka dirang gore banyalani ba katogane.
Bommè ba le bantsi ba dira ditiro tse pedi tsa nako e e tletseng—e nngwe kwa a berekang gone mme e nngwe kwa gae. Seno se ka dira gore ba tlhome mogopolo fela mo tirong ya bone ya boitshediso le mo go tlhokomeleng bana mme ba itlhokomolose dilo tse dingwe tsotlhe. Go ngomoga pelo le go lapa go ka dira gore banyalani ba felele ba se na nako ya go nna mmogo. Ka gone, ba le bantsi ba ikutlwa e kete ba phailwa ke setsuatsue sa go kgobega marapo le go ikutlwa ba le nosi. Ke ka ntlha yang fa manyalo a le mantsi jaana a le mo kgatelelong e e kana kana? O ka dira eng gore o nne le lenyalo le le itumetseng le le le atlegileng?