LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/08 ts. 3
  • A ke Matshwao a Mathata?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ke Matshwao a Mathata?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Bangwe ba Bonang se Tla Diragala mo Isagweng
  • Go Diragalang ka Maemo a Bosa?
    Tsogang!—2003
  • Maemo a Bosa a a Fetofetogang le Bokamoso Jwa Rona—Baebele e a Reng ka Kgang Eno
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • A Polanete ya Lefatshe e mo Kotsing?
    Tsogang!—2008
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 8/08 ts. 3

A ke Matshwao a Mathata?

Lokwalodikgang lwa The New Zealand Herald lwa re: “Veu Lesa wa dingwaga di le 73 wa kwa motseng wa Tuvalu, ga a tlhoke dipego tsa saense gore di mmolelele gore metsi a lewatle a a tlhatloga. Mabopo a a neng a le gone fa a ne a gola a a nyelela. Dijalo tse di neng di a tle di tlamele lelapa la gaabo di bolailwe ke metsi a a letswai a lewatle. Ka April [2007], o ne a tshwanelwa ke go tlogela legae la gagwe fa le ne le gogolwa ke makhubu a magolo a a neng a le apesa ka matlapa le ka matlakala.”

LOKWALODIKGANG lwa Herald lo bolela gore mo bathong ba kwa Tuvalu, setlhopha sa ditlhaketlhake tse di leng dimetara di le nnè kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle, go gotela ga moya o o mo loaping ga e sa tlhole e le selo se saense e buang fela ka sone, mme “ke selo se se diragalang letsatsi lengwe le lengwe.”a Diketekete tsa batho di setse di tlogile mo ditlhaketlhakeng tseno, mme e bile ba le bantsi ba ipaakanyetsa go tsamaya.

Go ntse go le jalo, Robert yo o nnang kwa Brisbane, Australia o letleletswe go nosetsa tshingwana ya gagwe ka malatsi a a rileng fela, a dirisa kgamelo—e seng lethompo. Kwantle fela ga gore a ye kwa lefelong la go tlhatswa dikoloi kwa metsi a kgonang go dirisiwa gape gone, o tshwanelwa ke go tlhatswa dikarolo tse di rileng fela tsa koloi ya gagwe—diipone, difensetere, le dinomoro polata. Ke ka ntlha yang fa go na le dithibelo tse di ntseng jalo? Robert o nna mo karolong ya naga e e tlhasetsweng ke komelelo e e neng ya bidiwa komelelo e kgolo go gaisa mo lekgolong la dingwaga. Mafelo a mangwe one a na le komelelo e e maswe le go feta. A mathata ano a kwa Australia le Tuvalu ke bosupi jwa gore go gotela ga moya o o mo loaping go a diragala?

Se Bangwe ba Bonang se Tla Diragala mo Isagweng

Batho ba le bantsi ba dumela gore ditiro tsa batho ke tsone thata di bakileng go gotela ga moya o o mo loaping go go ka nnang le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko mo tlelaemeteng le mo tikologong. Ka sekai, go gakologa go gogolo ga aese e e mo mafelong a a nang le aese le go oketsega ga metsi a mawatle fa a nna bothito go ka dira gore metsi a mawatle a tlhatloge thata. Ditlhaketlhake tse di seng kwa godimo thata ga lewatle tse di jaaka Tuvalu di ka nyelela, go ka direga se se tshwanang le ka dikarolo tse dikgolo tsa Netherlands le Florida, fa re umaka mafelo a le mabedi fela. Dimilione tsa batho go tswa mo mafelong a a jaaka Shanghai le Calcutta, mmogo le dikarolo dingwe tsa Bangladesh di ka latlhegelwa ke magae a tsone.

Ka nako e e tshwanang, go tlhatloga ga dithemperetšha go ka dira gore ditsuatsue, merwalela le dikomelelo di nne maswe le go feta. Kwa dithabeng tsa Himalaya go nyelela ga kgapetlakedi go tswa mo mafelong a a tlamelang dinoka di le supa—go ka dira gore go nne le tlhokego ya metsi a a phepa mo diperesenteng di le 40 tsa baagi ba lefatshe. Mefuta e le diketekete ya diphologolo, tse di akaretsang dibera tsa kwa mafelong a a tsididi, tse gantsi di tsomang mo aeseng le tsone di mo kotsing. Eleruri, dipego di bontsha gore dibera di le dintsi di a bopama e bile tse dingwe tota di bolawa ke tlala.

Go tlhatloga ga dithemperetšha le gone go ka felela ka gore malwetse a aname ka go dira gore mentsana, dikgofa le ditshedinyana tse dingwe tse di anamisang malwetse tse di akaretsang mouta di ye le kwa mafelong a mangwe a a oketsegileng. Bulletin of the Atomic Scientists ya re: “Dikotsi tse di ka bakiwang ke go fetoga ga tlelaemete di maswe fela jaaka tse di ka bakiwang ke dibetsa tsa nuklea. Go ka tswa go se motlhofo go bona dikotsi gone jaanong . . . , mme mo dingwageng tse 30 kgotsa tse 40 tse di tlang, go fetoga ga tlelaemete go ka baka tshenyo e e ka se kang ya baakanngwa mo mafelong a batho ba ikaegileng ka one go tswelela ba tshela.” Baitsesaense bangwe ba dumela gore maemo a nna maswe le go feta e re ka ba dumela gore diphetogo tse di bakilweng ke go gotela ga moya o o mo loaping di direga ka bonako jo bogolo go feta kafa ba neng ba lebeletse ka teng.

A re tshwanetse go dumela se go bolelwang gore se tla direga mo isagweng? A tota botshelo mo lefatsheng bo mo kotsing? Batho ba ba belaelang se se bolelwang ka go gotela ga moya o o mo loaping, ba re ga go na bosupi jwa gore maemo a a maswe a a bolelwang ka isagwe a tla nna teng. Ba bangwe ga ba itse gore ba dumele eng. Ka jalo, boammaaruri ke bofe? A isagwe ya rona le ya lefatshe e mo kotsing?

[Ntlha e e kwa tlase]

a “Go gotela ga moya o o mo loaping” go ama dithemperetšha tsa atemosefere ya lefatshe le ya mawatle.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela