LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/08 ts. 25
  • Leoto la Seagull

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leoto la Seagull
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di Tlhamilwe ke Mang Pele?
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2008
  • Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara
    Tsogang!—2017
  • B15 Khalendara ya Sehebera
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Tsogang!—2008
g 9/08 ts. 25

A le Ne le Tlhamilwe?

Leoto la Seagull

◼Seagull (nonyane ya metsi) ga e swe dikgapetla le fa e eme ka maoto a yone mo aeseng. Nonyane eno e kgona jang go nna e ntse e thuthafetse? Lebaka la go bo e kgona go dira seno ke ka go bo e na le se go tweng ke thulaganyo ya diedi tse di refosanang mogote.

Ela tlhoko: Go na le tšhupu e e nang le seedi se se mogote se se refosanang le seedi se se tsididi. Fa diedi tseno di elela ntlheng e le nngwe, go tla tswa fela bontlhanngwe jwa mogote. Mme fa diedi tseno di elela mo dintlheng tse pedi tse di farologaneng, go tla tswa mo e ka nnang mogote otlhe.

Thulaganyo e e refosanang seedi se se mogote le se se tsididi e e mo maotong a nonyane ya metsi e tsidifatsa madi fa a elela kwa dinaong go ya bokgakaleng jwa gore maoto a yone a batle a swa dikgapetla mme go tswa foo e bo e boa gape e thuthafatsa madi fa a ya kwa godimo. Moithutadinonyane Gary Ritchison o ne a kwala jaana malebana le dinonyane tse di nnang mo mafelong a a tsididi: “Thulaganyo eno e e refosanang seedi se se mogote le se se tsididi e e mo maotong a dinonyane tseno e molemo e bile e bontsha botlhale jaana mo e leng gore batho ba dirisa yone thulaganyo eno mo diporojekeng tsa bone tsa boenjeniri e le gore ba tile tshenyo ya motlakase.”

O akanya eng? A thulaganyo eno e e refosanang seedi se se mogote le se se tsididi mo maotong a nonyane ya metsi e itiragaletse fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?a

[Ntlha e e kwa tlase]

a Thulaganyo eno e e refosanang seedi se se mogote le se se tsididi e teng gape le mo bathong le mo mefuteng e mengwe ya ditlhapi le mo diphologolong tse dingwe tse dintsi.

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Thulaganyo e e refosanang seedi se se mogote le se se tsididi mo maotong a nonyane ya metsi e thuthafatsa madi fa a tswa kwa dinaong

[Setshwantsho]

32°C

0-5°C

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Seagull: © Michael S. Nolan/​age fotostock

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela