O ne O ka Reng?
Go Diragetse Kae?
1. Lesea Moshe o ne a fitlhelwa kwa nokeng efe?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ekesodo 2:1-10.
Thalela dikarabo tsa gago mo mmapeng.
Euferatese
Joredane
Nile
◼ Ke mang yo o neng a eme kwa kgakajana a lebile Moshe?
․․․․․
◼ Ke mang yo o neng a fitlhela Moshe a ntse a kokobetse mo nokeng?
․․․․․
◼ Ke mang yo o neng a tlhophilwe gore a amuse Moshe?
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Kgaitsadia Moshe o ne a bontsha dinonofo dife? Fa e le gore o na le morwarrago kana morwadiarrago o ka etsa jang sekao sa kgaitsadia Moshe?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse tlhaelang fano.
TSEBE 8 Motho mongwe le mongwe yo o botlhale o tla dira eng? Diane 13:․․․
TSEBE 8 Go tla diragala eng fa o itlhaola? Diane 18:․․․
TSEBE 9 Mmè yo o molemo o dira eng? Diane 31:․․․
TSEBE 9 Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go nna le bokgoni jwa go akanya? Diane 2:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Ke Mang yo e Leng Karolo ya Losika Lwa ga Jesu?
Akanya ka dintlha tse di ka go thusang go bona dikarabo. Lebelela ditemana tsa Baebele. Mme o kwale maina a a tshwanetseng mo meleng eno.
2. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke ne ka itewa ka lepero ka ntlha ya go leka go fisetsa Jehofa maswalo mo sebesong sa maswalo.
Bala 2 Ditiragalo 26:16-19.
3. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke ne ke le kgosi e e molemo e e agileng kgoro e e kwa godimo ya ntlo ya ga Jehofa.
Bala 2 Ditiragalo 27:1-4.
4. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke fisitse bomorwaake mo molelong ke ba dira ditlhabelo kwa Mokgatsheng wa Hinoma.
Bala 2 Ditiragalo 28:1, 3, 4.
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 12
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Nile.
◼Kgaitsadia Moshe.
◼Morwadia Faro.
◼Mmaagwe Moshe.
2. Usia.—Mathaio 1:8.
3. Jothame.—Mathaio 1:9.
4. Ahase.—Mathaio 1:9.