Basha ba Botsa Jaana
A ke Tshwanetse go Tlaleya Tsala ya Me?
“Go ne go le thata tota. Motho yono e ne e le tsala ya me e kgolo.”—James.a
“Kwa tshimologong go ne go le boima. Ditsala tsa me di ne di sa tlhole di nkamogela ka gonne ke ne ke ba tlaleya.”—Ann.
BAEBELE ya re: “Go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Diane 18:24) A o setse o bone tsala e e ntseng jalo? Fa e le gore go ntse jalo, o bone sengwe sa botlhokwa tota.
Mme go tweng fa tsala ya gago e e ipitsang Mokeresete e dirile phoso? Ka sekai, go tweng fa a amegile mo boitsholong jo bo sa siamang, mo go gogeng motsoko, go nwa bojalwa le mororo a le monnye ka dingwaga, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang kgotsa ditiro tse dingwe tse di sa siamang? (1 Bakorintha 6:9, 10; 1 Timotheo 1:9, 10) O tshwanetse go dira eng? A o tla mmolelela gore o itse ka phoso ya gagwe? A o tla bolelela batsadi ba gago? A o tla bolelela batsadi ba gagwe? A o tla bolelela mogolwane wa phuthego?b Gone mme, fa e le gore o tla mo tlaleya go tla diragalang ka botsala jwa lona? A go tla bo go le botoka gore o itidimalele fela?
A ke Tshwanetsa go Bua Kgotsa Nnyaa?
Mongwe le mongwe o dira diphoso. Tota e bile, Baebele ya re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Le fa go ntse jalo, bangwe ba dira maleo a a masisi. Ba bangwe ba tsaya “kgato . . . e e phoso” e e ka bakang mathata a magolo fa e ka tlogelwa e sa baakanngwa. (Bagalatia 6:1) Akanya ka sekai sa mmatota se se latelang.
◼ Mosha mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Susan o ne a lemoga gore tsala ya gagwe e le yone e leng Mokeresete e ne e na le lefelo la Internet le le nang le ditshwantsho tse di hepisang le mmino o o buang ka tlhakanelodikobo.
Akanya: Wena o ne o tla dira eng fa o ne o le Susan? A o ne o tla dira sengwe ka boemo joo? Kgotsa a o ne o tla swetsa ka gore se tsala ya gago e se dirang mo lefelong la gagwe la Internet ke kgang e e amang ene ka esi mme ga e tlhoke motho ope yo mongwe? Fa Susan a ne a ka tla kwa go wena a kopa kgakololo, o ne o tla mo raya o reng?
․․․․․
Se Susan a neng a tlhopha go se dira: Morago ga gore a akanye ka kgang eno, Susan o ne a swetsa ka gore a bue le batsadi ba tsala ya gagwe. O bolela jaana: “Ke ne ke boifa go ba bolelela e re ka le bone e le ditsala tsa me tse di molemo. Go ne go le thata go ba bolelela mo e bileng ke neng ka simolola go lela.”
O akanyang? A Susan o ne a dira selo se se siameng? Kgotsa a go ne go tla nna botoka gore a didimale?
E le go go thusa go sekaseka mabaka mo kgannyeng eno, akanya ka dintlha tseno:
Tsala ya boammaruri e ne e tla dira eng? Diane 17:17 ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” Fa mongwe a latela tsela e e leng kgatlhanong le melaometheo ya Baebele, o a bo tota a le ‘mo matshwenyegong’ a ka tswa a lemoga kana a sa lemoge. Le fa gone go le phoso go “siama ka tsela e e feteletseng” ka go nnela go bua ka diphoso tse eseng tsa sepe, tsala ya boammaruri ga e ne e itlhokomolosa tsela ya boitsholo e e seng ya bokeresete. (Moreri 7:16) Go itlhokomolosa boemo joo go phoso.—Lefitiko 5:1.
Go tweng fa e ne e le wena o le mo boemong joo? Ipotse jaana: ‘Fa nkabo ke le motsadi mme morwaake kana morwadiake a na le lefelo la Internet le le nang le ditshwantsho tse di hepisang, a ke ne nka rata go bolelelwa ka gone? Ke ne nka ikutlwa jang fa tsala ya morwaake kana morwaadiake e ne e itse ka kgang eno mme e sa re sepe ka yone?’
Go tweng ka melao ya Modimo? Eno ga se nako ya go didimala fela. Go na le moo, o tshwanetse go boloka melao ya Modimo ya boitsholo e e tlhagang mo Baebeleng. Boammaruri ke gore, fa o emela se se siameng o a bo tota o dira gore pelo ya Mmopi wa gago e ipele. (Diane 27:11) Mo godimo ga moo, o ikutlwa o le botoka ka gonne o itse gore o dirile sengwe se se tla solegelang tsala ya gago molemo.—Esekiele 33:8.
“Nako ya go Bua”
Baebele ya re go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:7) Gantsi bana ba bannye ga ba kgone go farologanya gore ke mo maemong afe a ba tshwanetseng go bua kgotsa go didimala. Fa tsala ya bone e dira sengwe se se sa siamang, ba bolela jaana: ‘Ga ke batle go tsenya tsala ya me mo mathateng’ kgotsa ‘ga ke batle gore tsala ya me e nkgalefele.’ Fa tseno e ka bo e le tsone fela dintlha tse di botlhokwa, tshwetso e e motlhofo e ne e tla nna gore eno ke “nako ya go didimala.”
Le fa go ntse jalo, fa o ntse o gola, o simolola go leba dikgang tse di ntseng jalo ka tsela e e bontshang gore o godile sentle mo mogopolong. O lemoga gore tsala ya gago e setse e le mo mathateng mme e tlhoka thuso—thuso e gongwe o ka kgonang go e mo naya. Le fa go ntse jalo, ke eng se ka tlhamalalo o neng o ka se dira fa o ne o ka utlwa gore tsala ya gago e dirile sengwe se se kgatlhanong le melaometheo ya Baebele?
Sa ntlha, tlhomamisa gore se o se utlwileng se boammaaruri. E ka tswa e le magatwe a maaka fela. (Diane 14:15) Mosha mongwe yo bidiwang Katie o gakologelwa jaana: “Tsala nngwe ya me e ne ya simolola go bua maaka ka nna, mme batho ba ke neng ke tlwaelane le bone ba ne ba akanya gore se a neng a se bua se boammaaruri. Ke ne ke tshogile gore ga go ope yo o tla tlholang a ntumela!” Baebele e ne ya bolelelapele gore Jesu ga a kitla a “kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe”—kgotsa jaaka Contemporary English Version e tlhalosa “ga a ne a . . . reetsa magatwe.” (Isaia 11:3) Ke eng se re ithutang sone? O se ka wa itlhaganelela go dumela gore sengwe le sengwe se o se utlwang se boammaaruri. Leka go batla mabaka. Akanya ka kgang eno ya mmatota.
◼ James yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a utlwela gore tsala ya gagwe e ile ya dirisa diokobatsi kwa phathing.
Akanya: Wena o ne o tla dirang fa o ne o le James? O ne o tla netefatsa jang gore se o se utlwileng se boammaruri?
․․․․․
Se James a neng a tlhopha go se dira. Kwa tshimologong James o ne a itira e kete ga a utlwa sepe e bile ga a itse sepe ka kgang eno. Mme a re: “Segakolodi sa me se ne sa simolola go ntshwenya. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go bua le tsala ya me ka kgang eno.”
O akanya eng? Ke melemo efe e e ka nnang gone fa o simolola ka go bua le motho yo o utlwileng gore o ile a itshwara ka tsela e e seng ya Bokeresete?
․․․․․
Fa o sa ikutlwe o gololesegile go bua le motho yoo ka bothata joo, ke eng se sengwe se o ka se dirang?
․․․․․
Tsala ya ga James e ne ya dumela gore eleruri e ile ya dirisa diokobatsi kwa phathing. Mme o ne a kopa James gore a se ka a bolelela ope ka kgang eo. James o ne a batla go dira se se siameng. Mme le fa go ntse jalo, o ne a batla gore tsala ya gagwe le yone e dire se se siameng. Ka jalo, o ne a bolelela tsala ya gagwe gore o tla mo naya beke e le nngwe fela gore a begele bagolwane ba phuthego ya gagwe ka bothata joo. Mme fa a ne a sa dire jalo, James ka boene o ne a tla ba begela.
A o akanya gore se James a se dirileng se ne se siame? Goreng o akanya jalo kgotsa goreng o sa akanye jalo?
․․․․․
Tsala ya ga James ga ya ka ya bega kgang eno kwa bagolwaneng, ka jalo James o ne a e bega. Le fa go ntse jalo, moragonyana tsala ya gagwe e ne ya itharabologelwa. Bagolwane ba ne ba mo thusa go lemoga gore o ne a tlhoka go ikwatlhaya le go boela a nna le kamano e e phepa le Jehofa.
A o Rata go Tlaleya?
Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke tla bo ke se motho yo o ratang go tlaleya fa nka bega tsala ya me? A go tla bo go se motlhofo fa nka itira e kete ga ke itse sepe?’ O ne o ka dirang fa o ka iphitlhela o le mo boemong jono?
Sa ntlha, ela tlhoko gore selo se go leng motlhofo go se dira ga se ka metlha se supang lorato, le selo se se supang lorato ga se ka metlha se leng motlhofo. Go tlhokega bopelokgale go bega fa tsala ya gago e dirile sengwe se se sa siamang. Ke ka ntlha yang o sa bue le Modimo ka thapelo malebana le kgang eno? Mo kope botlhale le bopelokgale jo o bo tlhokang. O tla go thusa.—Bafilipi 4:6.
Sa bobedi, akanya kafa tsala ya gago e tla solegelwang molemo ka gone ka go bo o ile wa bega bothata joo. Ka sekai, a re tseye gore wena le tsala ya gago le tsamaya mo thoteng e e mokgokolosa, mme a bo a kgopiwa ka ntlha ya go sa gate sentle a bo a wela mo lephagong kwa tlase. Go phepafetse gore tsala ya gago e tla tlhoka thuso. Mme go tweng fa ka ntlha ya go tlhajwa ke ditlhong a go bolelela gore o tla leka go tlhatloga ka boene go na le gore o mo thuse? A o tla mo letla gore a tsenye botshelo jwa gagwe mo kotsing ka tsela eo?
Seno se tshwana le fa tsala ya gago a kgopiwa mo tseleng ya Bokeresete. Motho yo o ntseng jalo a ka akanya gore a ka kgona go siamisa boemo jwa gagwe jwa semoya ntle le go thusiwa. Mme seo ga se supe botlhale. Ee, ke boammaruri gore tsala ya gago e ka ikutlwa e tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya se se diragetseng. Mme go bolelela mongwe gore tsala ya gago e tlhoka thuso go ka boloka botshelo jwa gagwe!—Jakobe 5:15.
Ka jalo, o se ka wa tshaba go bua fa tsala ya gago e dirile sengwe se se sa siamang. Ka go batla thuso jalo, o tla bo o bontsha go ikanyega mo go Jehofa Modimo le mo tsaleng ya gago, e gongwe ka letsatsi lengwe e ka go lebogelang go bo o ile wa mo thusa.
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mo setlhogong seno a fetotswe.
b Mo Basuping ba ga Jehofa, go na le bagolwane ba ba thusang ope fela yo o dirileng boleo jo bo masisi.—Jakobe 5:14-16.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ Ke jang go bega tsala ya gago fa e dirile sengwe se se sa siamang e leng bosupi jwa gore o a ikanyega mo go ene?
◼ Ke bomang mo Baebeleng ba o ka akanyang ka bone ba boikanyegi jwa bone mo ditsaleng tsa bone bo neng jwa lekwa? O ka ithuta eng go tswa mo go bone?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fa tsala ya gago e wele mo tseleng ya Bokeresete, o tshwanetse go tlhomamisa gore o bona thuso