LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/08 ts. 26-27
  • Fa Letsatsi le sa Tlhabe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Letsatsi le sa Tlhabe
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tla Jang Gore Letsatsi le Tlhabe Bosigogare?
    Tsogang!—2005
  • Go Tsamaisa Sekepe Kwa Bokoneng Jwa Lefatshe
    Tsogang!—2010
  • ‘Selemo le Mariga ga di Kitla di Khutla’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Dingwaga di le 50 Tsa Tirelo ya Nako e e Tletseng Gaufi le Arctic Circle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 12/08 ts. 26-27

Fa Letsatsi le sa Tlhabe

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FINLAND

BAEBELE ya re: “Letsatsi le lone le tle le tlhabe, le tloge gape le phirime, mme le itlhaganelele felong kwa le tlhabang gone.” (Moreri 1:5, Baebele e e Boitshepo) Le fa go ntse jalo, go tloga mo bogareng jwa November go ya kwa bofelong jwa January, go tlhaba ga letsatsi le go phirima ga lone ga se selo se se tlwaelegileng mo mafelong a le mantsi a a kwa bokone jwa Arctic Circle. Mo mafelong ano batho ga ba na sepe se ba ka se dirang fa e se fela gore ba itshokele masigo a maleele a mariga a Arctic.

Batho ba mafelo a a kwa borwa jwa Arctic Circle le bone ba itemogela masigo a maleele mme e le ka selekanyo se sennye fa a bapisiwa le a kwa bokone. Ka sekai, kwa St. Petersburg, Russia; Helsinki, Finland; Stockholm, Sweden; le Oslo, kwa Norway—e leng ditoropo tse di leng dikilometara tse di kwa tlase ga 800 kwa borwa jwa Arctic Circle—letsatsi le tlhaba diura di le thataro fela ka mariga.

Ari yo o tshetseng dingwaga tsa gagwe tsa bongwana kwa Kiruna, e leng lefelo la kwa Sweden a re: “Kakanyo ya gore mariga a kwa Arctic a lefifi le le ntshontsho ga e boammaruri.” Motshegare o ka sobokanngwa ka lefoko le le lengwe, “lotlatlana.” Paula, yo e leng motaki yo o nnang kwa Finland a re: “Fa lefelo leno le apesitswe ke kapoko, mebala e fetoga go nna pududu le phepole.”

Mariga a a lefifi ga a tshware batho ba bangwe sentle. Motlhami wa dipina yo o tumileng wa kwa Finland, e bong Jean Sibelius a re: “Ke amiwa thata ke go fetoga ga dipaka le tlelaemete.” O oketsa jaana: “Ka mariga, fa motshegare o le mokhutshwane, gangwe le gape ke nna le nako ya go tshwenyega thata mo maikutlong.” Sibelius ga se ene fela motho yo o neng a na le bothata joo. Tota le ngaka ya Mogerika, e bong Hippocrates (mo e ka nnang ka 460 go ya go mo e ka nnang ka 377 B.C.E.) o ne a dumela gore dipaka di ama tsela ya go fetofetoga ga maikutlo a batho.

Le fa go ntse jalo, e ne e le mo dingwageng tsa bo1980, fa go gatelega maikutlo ka mariga go ne go tlhalosiwa e le bolwetse. Dipatlisiso di bontshitse gore gareng ga batho ba ba nnang kwa bokone, diperesente di le dinnye tsa baagi ba na le bolwetse jwa seasonal affective disorder (SAD [bolwetse jwa maikutlo jo bo yang ka dipaka] ). Mofuta ono o o bonolo wa go gatelega mo maikutlong o tlwaelegile ka makgetlho a le mararo kgotsa a le manè. Go dumelwa gore batho ba le bantsintsi ba amilwe ke bolwetse jono ka tsela nngwe.

Andrei wa kwa St. Petersburg kwa Russia, a re: “Ke utlwa e kete nka robala letsatsi lotlhe.” Annika yo o nnang kwa Finland, o a hutsafala fa mariga a atamela. A re: “Ka dinako dingwe lefifi le dira gore ke boife thata ka gonne ga go na gope kwa nka le tshabelang gone.”

Bomankge ba akantsha mekgwa e e farologaneng ya go lepalepana le kgatelelo ya maikutlo e e bakiwang ke mariga. Ka sekai, bangwe ba akantsha gore o tshwanetse go nna kwa ntle gantsi ka moo o ka kgonang ka teng motshegare. Ba ba nnang ba tshwaregile ka ditiro tse di rileng ka mariga, le bone ba boletse fa ba se na kgatelelo eo ya maikutlo.

Jarmo, yo o itseng mariga a kwa bokone le a kwa borwa jwa Finland, a re: “Ka nako ya fa go le lefifi thata, re tshuba dikerese tse dintsi le mabone a mantsi.” Bangwe ba bone go thusa go dirisa kalafi ya go nna mo leseding la mabone a a phatsimang thata. Ba bangwe bone ba ikhutsa mariga a a lefifi ka go etela mafelo a a kwa borwa. Le fa go ntse jalo, bangwe ba tlhagisa gore fa batho bangwe ba boela kwa lefifing la mariga ba tswa kwa mafelong a a ntseng jalo go ka ba dira gore ba ikutlwe ba gatelegile mo maikutlong le e leng go feta pele.

Go botlhokwa go ja dijo tse di siameng. E re ka lesedi la letsatsi le thusa mmele gore o dire vitamin D, go tlhaela lesedi la letsatsi go ka dira gore mmele o tlhoke vitamin D. Ka jalo, bangwe ba akantsha go ja dijo tse dintsi tse di nang le vitamin D, tse di jaaka tlhapi, sebete, le dijo tse di dirilweng ka mashi.

Maemo a a dirang gore go nne le lefifi ka mariga gape a dira gore go nne le lesedi le lentsi. Fa lefatshe le ntse le dikologa, ka bonya ka bonya karolo ya lone e e kwa godimo e e tsididi e leba kwa letsatsing. Ka iketlo, lesedi la letsatsi le simolola go nna teng ka nako e telele motshegare. Morago ga moo, go tla bo go latela selemo sa kwa Arctic, paka e o ka itumelelang lesedi la letsatsi tota le mo gare ga bosigo!

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Motshegare o ka sobokanngwa ka lefoko le le lengwe, “lotlatlana”

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Nako ya motshegare wa mariga kwa Arctic

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dr. Hinrich Bäsemann/Naturfoto-Online

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Mo go ba le bantsi, go tlhoka lesedi la letsatsi go ka baka kgatelelo ya maikutlo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela