Basha ba Botsa Jaana
A re Tshwanetse go Kgaogana?
“Dikgwedi di le tharo fa re ntse re ratana, bobedi jwa rona re ne re akanya gore dilo di tsamaya sentle. Re ne re bua ka go nna mmogo botshelo jotlhe e kete ke selo se se tla diregang tota.”—Jessica.a
“Ke ne ka tseega maikutlo thata ka ene mme dingwaga di le mmalwa moragonyana o ne a simolola go nkgatlhegela! Ke ne ke itumelela go nna le lekau le le mphetang ka dingwaga le le ka kgonang go ntlhokomela.”—Carol.
Fa nako e ntse e tsamaya, Jessica le Carol ba ne ba kgaogana le makau a bone. Ka ntlha yang? A ba ne ba le dieleele go tlogela makau a a siameng jaaka one?
LO NA le mo e ka nnang ngwaga lo intsha mmogo. Kwa tshimologong o ne o tlhomamisegile gore ke ene “motho yo o go siametseng.”b Ka dinako tse dingwe, o kgona le e leng go tsosolosa maikutlo a lorato a a neng a le teng fa lo simolola go ratana. Mme gone jaanong o na le dipelaelo. A o tshwanetse go itlhokomolosa dipelaelo tseo? O ka itse jang gore a lo tshwanetse go kgaogana?
Sa ntlha, o tlhoka go lebana le boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo: Go itlhokomolosa matshwao a a kotsi mo thatanong ya lona, go tshwana le go itlhokomolosa matshwao a o a bonang mo deshebotong ya koloi ya gago a a go tlhagisang ka sengwe se se phoso. Bothata bo ka se ka jwa fela; gongwe e bile bo tla etegela. Ke matshwao mangwe afe a a kotsi a a ka bonalang mo thatanong ya lona a go tla bong go le molemo gore o a ele tlhoko?
Dilo di itlhaganela thata. Go ka nna le mathata fa dilo di itlhaganedisiwa thata mo thatanong ya lona. Carol o gakologelwa jaana: “Re ne re romelelana di-e-mail, re busiana ka khomputara, re bua ka founo,” a bo a oketsa ka gore, “Ditsela tseo tsa go buisana di ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo thatanong ya lona go gaisa fa lo lebane ka gonne lo ka simolola go bua dilo tse di boteng ka bonako thata!” Lo se ka wa itima tshono ya go itsane. Thatano ga ya tshwanela go nna jaaka mefero e e anamang ka bonako mme e bo e swaba. Go na le moo, e tshwanetse go nna jaaka semela se se tsayang nako go gola.
O ntshwaya diphoso e bile o a nnyenyefatsa. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Ana a re: “Lekau la me le ne le nnyenyefatsa ka metlha, mme nna ke ne ke mo rata tota.” O oketsa ka gore: “Ke ne ka itshokela dilo tse le ka motlha ke neng ke sa akanye gore ke tla di letlelela!” Baebele e kgala “puo ya go kgoba.” (Baefeso 4:31) Batho ba ba ratanang ga ba a tshwanela go dirisa mafoko a a nyenyefatsang—tota le fa ba a bua ka tsela e e ritibetseng e bile ba sa omane.—Diane 12:18.
O galefa ka tsela e e tshosang. Diane 17:27 ya re: “Motho yo o nang le temogo o na le moya o o ritibetseng.” Erin o ne a lemoga gore lekau la gagwe le ne le na le bothata jono. A re: “Fa re omana, o ne a nkgarametsa mme ka dinako tse dingwe ke ne ke feleletsa ke na le matsadi.” Baebele e bolelela Bakeresete jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo . . . di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) Motho yo o sa kgoneng go ikgapa ga a ise a siamele go intsha le mongwe.—2 Timotheo 3:1, 3, 5.
Ga a batle ope a itse ka thatano ya rona. Angela a re: “Lekau la me le ne le sa batle gore batho ba bangwe ba itse gore re a intsha. O ne a galefa tota le fa rre a ne a lemoga!” Gone ke boammaaruri gore go ka tswa go na le mabaka a a utlwalang a go bo baratani ba ka se batle gore batho ba itse sengwe le sengwe ka thatano ya bone. Go boloka sephiri—go fitlha thatano ya lona ka boomo lo e fitlhela batho ba ba nang le tshwanelo ya go itse ka yone, go ka felela ka mathata.
Ga a ikaelela go nyala. Mo Bakereseteng go intsha le mongwe go na le maitlhomo a a tlotlegang—go thusa lekawana le lekgarebe go bona gore a ba batla go nyalana. Gone mme, seno ga se reye gore lo tshwanetse go dira dithulaganyo tsa lenyalo fa e le gone fela lo simololang go intsha. Tota e bile, batho ba le bantsi ga ba feleletse ba nyalane le motho wa ntlha yo ba intshang le ene. Kafa letlhakoreng le lengwe, motho ga a tshwanela go intsha le mongwe fa e le gore ga a ise a siamele go rwala boikarabelo jwa lenyalo.
Re nna re kgaogana le go boelana. Diane 17:17 ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe.” Seno ga se reye gore lo tla dumalana ka dinako tsotlhe. Jaaka Ana a ile a lemoga, fa batho ba babedi ba ba ratanang ba nna ba kgaogana le go boelana seno se supa gore go na le bothata bongwe jo bo masisi jo ba tlhokang go bo rarabolola. A re: “Makgetlho a mantsi a ke ileng ka kgaogana le lekau la me ka one, ke ne ka sala ke utlwile botlhoko thata. Ke ne ke nna ke boelana le ene ke batla go baakanya bothata mo thatanong ya rona e go neng go ka bo go le botoka fa ke ne ke tswile mo go yone.”
O mpateletsa go tlhakanela dikobo le ene. “Fa e le gore o a nthata, o tla dumela.” “Re tlhoka go dira gore thatano ya rona e gatele pele.” “Tota e ya bo e se thobalano fa re sa tlhakanele dikobo.” Ano ke mafoko a tsietso a basimane ba a dirisang go pateletsa basetsana go tlhakanela dikobo le bone. Jakobe 3:17 ya re: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile.” O tshwanelwa ke lekau le le nang le boitsholo jo bo siameng le le le tlotlang melelwane e o ipeetseng yone malebana le boitsholo jo bo itshekileng jwa tlhakanelodikobo. O se ka wa dumelela sengwe se se ka dirang gore o tlole melelwane ya gago!
Ba bangwe ba ntlhagisitse ka ene. Baebele ya re: “Batla kgakololo, mme o tla atlega; kwantle ga yone o tla palelwa.” (Diane 15:22 Today’s English Version) Jessica a re: “O ka se ka wa itlhokomolosa se ba lelapa la gago le batho ba ba sa bolong go nna ditsala tsa gago ba se akanyang fela jaaka o ka se ka wa itlhokomolosa maikutlo a gago a gore thatano ya lona ga e a siama. Fa o ntse o itlhokomolosa se ba bangwe ba se buang o dira gore go go thatafalele le go feta.”
Fa godimo fano ke matshwao a le mmalwa fela a a ka kayang gore go na le mathata mo thatanong ya lona.c Fa e le gore o intsha le mongwe, a o bona matshwao a re tlotlileng ka one mo go ene? Fa tlase fano kwala dilo tse di ka tswang di go tshwenya.
․․․․․
Kafa o ka Kgaoganang le Ene ka Gone
A re re o swetsa gore go botoka gore lo kgaogane. O tla go dira jang? Go na le ditsela di le mmalwa, mme nna o gakologetswe dintlha tse di latelang.
Nna pelokgale. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Trina a re: “Ke ne ke ikaegile thata ka lekau la me mo e leng gore ke ne ke tshaba go mo tlogela.” Go tlhokega bopelokgale go ntsha maikutlo a gago fa o tshwanelwa ke go fedisa thatano ya lona. Le fa go ntse jalo, go siame gore o ipuelele. (Diane 22:3) Seno se go thusa gore o kgone go itlhomela melelwane ya gore o tla itshokela eng le gore ke eng se o ka se se itshokeleng mo thatanong mme moragonyana—mo lenyalong.
Dira dilo ka tsela e e tshwanetseng. Fa e ne e le wena o le mo boemong joo, o ne o tla batla go tshwarwa jang? (Mathaio 7:12) Ke boammaaruri gore ga go a siama fela go romelela lekau la gago e-mail, molaetsa wa founo kgotsa voice mail e e mo rayang e re “Go fedile!”
Tlhopha lefelo le boemo jo bo tshwanetseng. A o tshwanetse go bua le ene lo lebane kgotsa ka founo? A o tshwanetse go mo kwalela lekwalo kgotsa go buisana le ene? Seno se ka ikaega thata ka maemo. Ga lo a tshwanela go kopana mo lefelong le mo go lone botshelo jwa gago bo ka nnang mo kotsing kgotsa mo lefelong le le kgakala le batho mo lo ka nnang le dikeletso tse di sa siamang.—1 Bathesalonika 4:3.
Mmolelele boammaaruri. Mmolelele boammaaruri gore ke eng fa o akanya gore thatano ya lona e ka se ka ya tswelela pele. Fa o akanya gore lekau la gago le ne le sa go tshware sentle, mmolelele. Tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone. Ka sekai, go na le gore o re “O nna o ntse o nnyenyefatsa,” o ka nna wa re “Ke ikutlwa ke nyenyefadiwa fa o . . .”
Le wena ikemisetse go reetsa. A go na le sengwe se o sa se tlhaloganyang sentle ka boemo jono? O se ka wa mo letla gore a go tsietse ka mafoko a a botlhajana mme kafa letlhakoreng le lengwe, o nne tekatekano mme o sekaseke mabaka otlhe. Baebele e gakolola Bakeresete ka tsela e e tshwanetseng gore ‘ba nne bonako go utlwa, bonya go bua.’—Jakobe 1:19.
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mo setlhogong seno a fetotswe.
b Le fa gone setlhogo seno se tlhalosa dilo go tswa mo letlhakoreng la mosetsana, melaometheo e e mo go sone e ama basetsana le basimane ka bobedi.
c Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona Tsogang! ya May 2007, tsebe 18-20.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ Fa tlase fano kwala dilo tse o di lebang e le tsa botlhokwa mo mothong yo o tla intshang le ene. ․․․․․
◼ Ke mekgwa efe e o e tsayang e sa amogelesege? ․․․․․
[Lebokoso mo go tsebe 20]
MOTHO YO O TLHOPHANG GO INTSHA LE ENE O TSHWANETSE . . .
□ a bo a le mo tumelong e le nngwe le wena.—1 Bakorintha 7:39.
□ go tlotla melelwane ya gago ya boitsholo.—1 Bakorintha 6:18.
□ go akanyetsa wena le ba bangwe.—Bafilipi 2:4.
□ go nna le leina le lentle.—Bafilipi 2:20.
[Lebokoso mo go tsebe 20]
NNA KELOTLHOKO FA LEKAU LA GAGO . . .
□ ka metlha le batla gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe.
□ gantsi le go dira gore o ikutlwe o le molato, o le seleele kgotsa o se motho wa sepe.
□ le leka go dira gore o kgaogane le ditsala tsa gago le ba lelapa la gago.
□ le nna le batla go itse gore o kwa kae.
□ le go latofatsa ka gore o kgatlhegela batho bangwe ba bong bo sele le fa a se na lebaka la gore a dire jalo.
□ le go tshosetsa.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Go itlhokomolosa matshwao a a kotsi a a leng mo thatanong ya gago go tshwana le go itlhokomolosa matshwao a tlhagiso a a leng mo deshebotong ya koloi ya gago
LEBELELA OLI