LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/09 ts. 21-23
  • Batho ba ba Batlang Letswai ba Kwa Sahara

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba ba Batlang Letswai ba Kwa Sahara
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithabana Tse di Dirilweng ke Batho le Megobe ya Mebala E e Sa Galoleng
  • Mokgwa O o Sa Tlwaelegang wa go Ntsha Letswai
  • Go Bona Madi ka Letswai
  • “Le Tswa mo Batsading ba ba Itshekileng Thata”
    Tsogang!—2006
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Tsogang!—2009
g 1/09 ts. 21-23

Batho ba ba Batlang Letswai ba Kwa Sahara

FA RE ntse re feta ka koloi ya rona re bona matshwao mo tseleng. Matshwao ano a dikota a bontsha tsela fa difefo tsa motlhaba di dira gore tsela e se ka ya bonala. Ee, difefo tse di ntseng jalo di tlwaelegile mo Sekakeng seno sa Sahara.

Tsela e re tsamayang ka lobelo ka koloi mo go yone ke tsela ya bogologolo e dikamela di neng di tsamaya ka yone e e golaganyang toropo ya Agadez kwa bokone jwa Niger le molelwane wa Algeria le go fetela ka kwa ga yone. Lefelo le re yang kwa go lone ke motsana wa Teguidda-n-Tessoumt—o o bokgakala jwa dikilometara di le 200 go ela kwa bokonebophirima jwa Agadez. Mo motsaneng oo, malapa a le 50 a dirisa mekgwa e e sa bolong go dirisiwa ya go ntsha letswai le le botlhokwa mo letsopeng la kwa Sahara.

Dithabana Tse di Dirilweng ke Batho le Megobe ya Mebala E e Sa Galoleng

Kwa pele ga rona go bonala dithaba tse dinnye mo dipoeng tsa sekaka, tse di supang kwa re yang teng. Mosupatsela wa rona o emisa koloi ya rona gaufi le thabana e e bogodimo jwa dimetara di le lesome a bo a re kopa gore re tswe mme re palame mo godimo ga yone gore re bone motsana. Fa re ntse re palamela ka bonya mo motlhatlogong ono, o tlhalosa gore thabana eno le tse dingwe tse di tshwanang le yone di dirilwe ke batho ka masaledi a letswai le le ntshitsweng mo lefelong leno ka dingwaga di le dintsi.

Go tswa mo setlhoeng sa yone re bona bontle jo bo gakgamatsang. Mo e ka nnang sengwe le sengwe mo motsaneng o o kwa tlase se na le mmala wa letsopa le le besitsweng—mmu, mabota le marulelo. Selo se se farologaneng fela ke botala jwa matlhare a ditlhare tse pedi tse di emeng e kete di disitse motse. Tota e bile magora le matlo a dirilwe ka letsopa. Meago e e nang le mmala o le mongwe fela e farologana le mebala e e sa galoleng e e leng mo megobeng ya letswai e mentsintsi e e fa gaufi. Lefelo leno le tlhanasela ka banna, basadi le bana ba ba dirang ka natla.

Mokgwa O o Sa Tlwaelegang wa go Ntsha Letswai

Fa re ntse re fologa mo re neng re eme teng, mosupatsela wa rona o re tlhalosetsa ka mokgwa wa bogologolo wa go ntsha letswai o batho ba motsana ba o dirisang. A re: “Tota go na le mefuta e le mebedi fela ya megobe. Megobe e megolo, e e leng bophara jwa dimetara di le pedi, e dirisediwa go sefa metsi a a tletseng letswai. Megobe e mennye yone ke megobe e e mowafatsang. Metsi a a tswang mo metsweding e le 20 ya lefelo leno ka boone a letswai. Le fa go ntse jalo, letswai le lentsi leno le tswa mo mmung, e seng mo metsing mme ke sone se se dirang gore mekgwa ya go ntsha letswai e bo e sa tlwaelega jaana.” Mme tota letswai le ntshiwa jang mo mmung?

Re bona monna mongwe a tshela mmu mo mogobeng o mogolo o o tletseng metsi a a tswang kwa motsweding. O gatakela motswako oo ka maoto e kete o gatakela segatisetso sa beine. Fa a kgotsofetse, o tlogela motswako oo wa letswai gore o ye kwa tlase ka diura di se kae. Go na le megobe e mengwe e megolo e e mo dikologileng e e tletseng ka one motswako oo wa seretse. Motswako wa mogobe mongwe le mongwe o na le mmala o o farologaneng wa borokwa ka gonne megobe eno e fetola mmala fa seretse se ya kwa tlase.

Gautshwane, go na le monna yo mongwe yo o gang metsi a a letswai go tswa mo mogobeng a dirisa sego mme a bo a tshela motswako oo mo teng ga megobe e mennye. Gantsi banna ke bone ba dirang karolo eno ya tiro. Gape banna ke bone ba tlhokomelang megobe. Mengwe ya megobe eno ke dikhuti tsa tlholego mo mmung mme e mengwe e epilwe mo teng ga lefika. Fa banna ba sa kgone go epa, ba bopa megobe e e kgolokwe ka letsopa mo godimo ga leje. Ba dira lebota la letsopa ka letsogo mme go tswa foo ba bo ba bitiela legora ka thobane go fitlha le nna thata. Megobe eno e tshwanetse go baakanngwa kgotsa go agiwa sesha ngwaga mongwe le mongwe.

Basadi bone ba dira eng? Ba tsholetsa dilo tse di boima, ba tlhomamisa gore go nna go na le mmu o o letswai o o lekaneng o o tla dirisiwang. Ba ntsha le dikirisetale tsa letswai mo megobeng e e mowafatsang. Go tswa foo ba phepafatsa megobe ka botlalo gore e siamele motswako o o latelang.

Ka nako eo, bana ba nna ba ntse ba tlolatlola megobe e mennye. Tiro ya bone ke go nna ba lebeletse go oma ga motswako ono. Fa metsi a mowafala mo megobeng eno, go nna le dikirisetale tsa letswai mo godimo ga yone. Fa dikiresetale tseno di ne di ka tlogelwa fela, bogogo jono jo bo letswai bo ne bo tla thibela metsi gore a se ka a mowafala. Ka jalo, bana ba nna ba ntse ba kgatsha marothodi a metsi fa godimo go thuba bogogo joo le go dira gore dikirisetale di ye kwa tlase mo megobeng. Metsi a tswelela go mowafala go fitlha kgabagare go sala fela letswai le le tlhwatlhwakgolo.

Ke ka ntlha yang fa megobe eno e na le mebala e mentle e e farologaneng? Mosupatsela wa rona o tlhalosa jaana: “Go na le mefuta e le meraro ya letsopa kgotsa seretse se se fitlhelwang mo lefelong leno mme letsopa lengwe le lengwe le fetola metsi gore a nne mmala wa lone. Mo godimo ga moo, mmala o fetoga go ya ka gore motswako o letswai go le kana kang. Gape, bolele bo gola mo go mengwe ya megobe mme bo bo bo dira gore metsi a nne le mmala.” Re ne ra ela tlhoko gape gore, megobe e fetola mebala ya yone fa boemo jwa marang a a fisang a letsatsi bo ntse bo fetoga.

Go Bona Madi ka Letswai

Kwa motsaneng ono, basadi ba bopa letswai leno go nna jaaka dilofo kgotsa dikuku, tse ba di omisang mo letsatsing le le babolang. Ga ba itshekise letswai, ka jalo dikuku tseno di nna di na le mmala o o borokwa jo bo sa tsenelelang. Re ne ra ela tlhoko gore basadi bano ba dira dikuku tseno ka dipopego tse tharo—popego e e motopo, e e kgolokwe le e e khutlotharo. Mongwe wa basadi bano o tlhalosa gore dikuku tse di motopo le tse di kgolokwe di a rekisiwa mme tse di khutlotharo tsone di bolokiwa gore e nne dimpho.

Ke bomang ba ba rekang letswai leno? Bakgarakgatshegi le bagwebi ba letswai. Ba ralala Teguidda-n-Tessoumt ba gweba ka dijo le dilo tse dingwe gore ba bone letswai. Bontsi jwa letswai leno le rekisiwa mo marekisetsong a magolo mo ditoropong tse dikgolwane go ela kwa bofelong jwa sekaka. Go ka direga gore letswai leno la tlholego le le tswang mo motseng ono le se dirisiwe ke batho. Go na le moo, le tla dirisediwa go nna dijo tsa diphologolo tsa mo gae.

Fa re boela kwa koloing ya rona, re bona monna mongwe a epa masaledi a letsopa mo mogobeng o o sefang o o se nang sepe. Mme a le latlhela kwa go latlhelwang dilo gone, ka go dira jalo o nna le seabe mo go direng dithabana tse di dirilweng ke batho. Fa re tsamaya ka koloi, re akanya kafa dithabana tseno di gopotsang motho ka teng ka dikokomana tsa batho ba ba neng ba batla letswai ba ba neng ba nna, ba bereka ba bo ba swela mo Teguidda-n-Tessoumt. —Re se abetswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

“Letswai le lentsi leno le tswa mo mmung, e seng mo metsing mme ke sone se se dirang gore mekgwa ya go ntsha letswai e bo e sa tlwaelega jaana”

[Mmapa mo go tsebe 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SAHARA

NIGER

Agadez

Teguidda-n-Tessoumt

[Motswedi wa Setshwantsho]

Based on NASA/Visible Earth imagery

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go ntshiwa letswai le le botlhokwa mo letsopeng la kwa Sahara

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Victor Englebert

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Megobe e e mowafatsang e na le mebala e e farologaneng

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Ioseba Egibar/age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dilofo tsa letswai di omisiwa mo letsatsing le le babolang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela