LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/09 ts. 10-11
  • Fa Dinonyane di Betsagana mo Meagong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Dinonyane di Betsagana mo Meagong
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse di di Bolayang—Galase le Lesedi
  • Kafa Seno se Amang Palo ya Dinonyane ka Gone
  • A Meago e ka Dirwa Gore Dinonyane Di se Ka Tsa Betsagana mo go Yone?
  • “Lepang ka Kelotlhoko Dinonyane”
    Tsogang!—2014
  • Ke Eng se Nonyane E ka Se Rutang Legolegwa?
    Tsogang!—2000
  • Go Itumelela go Bogela Dinonyane
    Tsogang!—2001
Tsogang!—2009
g 2/09 ts. 10-11

Fa Dinonyane di Betsagana mo Meagong

LE FA go ne go le motshegare, nonyane ya phaphadikota e ne ya fofela ka tlhamalalo mo moagong wa matlhatlhaganyane e bo e wela fa fatshe. Nonyane eno e ne e sa bone galase. Motho mongwe yo o neng a tsamaya ka dinao yo o kutlwelobotlhoko o ne a bona nonyane eno e e gobetseng a bo a e tlhokomela, a solofetse gore e tla thanya. Tsholofelo ya gagwe e ne ya diragala fa nonyane eno e simolola go tswirinya, e emelela, e tlhotlhora mafofa a yone e bo e fofa.a

Ka maswabi, ga se dinonyane tsotlhe tse di kgonang go falola dikotsi tseno di sa gobala. Tota e bile, mo e ka nnang halofo ya tse di betsaganang le matlo di feleletsa di sule. Audubon Society e bolela gore dipatlisiso di bontsha gore kwa United States fela, dinonyane di le dimilione di le 100 di swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go betsagana mo meagong e e farologaneng. Mme babatlisisi bangwe ba dumela gore dipalo tseno di ka tswa di le gaufi le bilione! Mme gone, ke ka ntlha yang fa dinonyane di thula meago? E bile, a go na le sengwe se se ka dirwang se se ka thusang gore matshelo a tsone a se ka a nna mo kotsing?

Dilo Tse di di Bolayang—Galase le Lesedi

Galase e ka nna kotsi mo dinonyaneng. Fa difensetere di le phepa e bile di bonala sentle, dinonyane gantsi di bona fela se se leng ka kwa, e leng se se ka akaretsang dimela le loapi. Ka ntlha ya seno, ka dinako dingwe dinonyane di fofela mo galaseng ka lobelo lo logolo di sa e lemoge. Gape di ka tswa di bona dijalo tse di kgabisitseng tse di mo diphashiting kgotsa mo magaeng a a nang le galase di bo di leka go kotama mo go tsone.

Digalase tse di pentilweng, tse di phatsimang le tsone di ka baka bothata. Mo mabakeng mangwe, dinonyane di ka nna tsa bona lefelo kgotsa loapi mo galaseng, mme seno le sone se dira gore di gobale. Dinonyane di bolailwe ke galase tota le mo mafelong a baeti le mo ditoreng tsa bobogelo tse di kwa mafelong a dinonyane di sirelediwang gone le kwa mafelong a tshireletso ya ditshedi! Dr. Daniel Klem yo mmotlana, yo e leng moithutadinonyane e bile e le porofesara wa thutotshelo o dumela gore, dinonyane di le dintsi di bolawa thata ke go betsagana mo difensetereng go na le ke batho, kwantle ga gore gongwe ba senye lefelo la tsone la bonno.

Dinonyane dingwe di mo kotsing ya go thula go feta tse dingwe. Ka sekai, bontsi jwa dinonyane tse di opelang tse di fudugang di fuduga bosigo, mme ka dinako dingwe di thusiwa ke dinaledi go bona tsela. Ka ntlha ya seno, di ka nna tsa tsiediwa ke mabone a a phatsimang mo meagong e e kwa godimo. Tota e bile, dinonyane dingwe di ile tsa tlhakana tlhogo jaana mo e leng gore di ile tsa dikologa lefelo le le lengwe di sa itse kwa di yang teng go fitlha di wela fa fatshe ka ntlha ya letsapa. Kotsi nngwe e direga fa pula e na kgotsa maru a thibile bosigo. Mo maemong a ntseng jalo, dinonyane di na le go fofela kwa tlase, mme seno se dira gore di nne mo kotsing ya go betsagana mo meagong e e kwa godimo.

Kafa Seno se Amang Palo ya Dinonyane ka Gone

Go ya ka pego nngwe, kago nngwe e e kwa godimo kwa Chicago, Illinois, kwa U.S.A., e ne ya baka palogare ya dintsho di le 1 480 tsa dinonyane ka paka ya go fuduga ga tsone. Ka jalo, mo nakong ya dingwaga di le 14 tse di latelanang, yone kago eo e ne ya baka go swa ga dinonyane di le 20 700. Gone mme, ga go pelaelo gore palo ya dinonyane tse di neng tsa betsagana le moago ono e ne e le kwa godimo thata. Mo godimo ga moo, Michael Mesure motsamaisi wa mokgatlho wa Fatal Light Awareness Program wa kwa Toronto, kwa Canada o bolela gore, dinonyane tseno “ga se maeba, dinonyane tsa metsi kgotsa magou,” mme ke “dinonyane tse di mo kotsing ya go nyelela.”

Ka sekai, kwa Australia mo ngwageng mongwe wa bosheng, galase e ne ya bolaya mo e ka nnang dipapalagae di le 30, tse go setseng di le 2 000 fela. Kwa United States mefuta ya dinonyane tsa warbler tse gone jaanong di nyeletseng tse di beilweng kwa musiamong di ne tsa kgobokanngwa morago ga go betsagana le ntlo e kgolo ya dipone e e kaelang dikepe e e kwa Florida.

Mo dinonyaneng tse di falolang mo go betsaganeng le meago, bontsi jwa tsone di a gobala kgotsa di nna bokoa. Seno se ka nna kotsi thata mo dinonyaneng tse di fudugang. Fa di gobetse di bo di wela fa fatshe mo meagong, di ka nna tsa bolawa ke tlala kgotsa tsa jewa ke diphologolo tse dingwe, tse e leng gore dingwe tsa tsone di ithutile go lalela dijo tseno tse di di bonang ka sewelo.

A Meago e ka Dirwa Gore Dinonyane Di se Ka Tsa Betsagana mo go Yone?

Gore dinonyane di tle di se ka tsa thula galase, di tshwanetse go e bona le go e lemoga. E le go dira gore seo se kgonege, beng ba bangwe ba matlo ba ile ba kgomaretsa ditshwantsho kgotsa sengwe se se ka bonwang ke dinonyane mo difensetereng. Go ya ka Klem, selo sa botlhokwa ga se ditshwantsho kgotsa dilo tse di kgomareditsweng ka botsone, mme ke tsela e di katoganeng ka yone. Mo dipatlisisong tse a di dirileng o akantshitse gore ditshwantsho ga di a tshwanela go katogana go feta disentimetara di le tlhano ka bophara le di le nnè go tswa kwa godimo go ya kwa tlase.

Ke eng se se ka dirwang go thusa dinonyane tse di fudugang, tse di fofang bosigo? Lesley J. Evans Ogden yo e leng mogakolodi wa dipatlisiso tsa ikholoji a re: “Go betsagana mo meagong ga dinonyane . . . go ka thibelwa ka go tima mabone.” Mo ditoropong dingwe tse dikgolo, mabone a a kgabisang mo meagong ya matlhatlhaganyane a a fokodiwa gore a se ka a nna lesedi thata kgotsa a a timiwa ka ura e e rileng, bogolo jang ka paka ya go fuduga ga dinonyane. Mo mabakeng a mangwe, go ile ga bewa disefo mo difensetereng tsa meago e e kwa godimo gore dinonyane di se ka tsa akanya gore di bona loapi.

Dikgato tse di ntseng jalo di ka thusa go fokotsa go swa ga dinonyane ka diperesente di le 80, mme seno se ka sireletsa dinonyane di le dimilione ngwaga le ngwaga. Mme gone, go bonala modi wa bothata o ka se fele, ka gonne batho ba rata mabone le digalase. Ke gone ka moo, mekgatlho e e ineetseng mo go tlhokomeleng dinonyane, e e jaaka ya Audubon Society e leka go rotloetsa batlhami ba dipolane le ba ba tlhabololang mafelo gore ba akanyetse dilo tse di ka solegelang ditshedi molemo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dinonyane tse di gobetseng di ka nna kotsi fa o di tshwara, ka gonne ga di itse gore o batla go di thusa. Mme e bile, dinonyane dingwe di na le malwetse a a ka fetelang mo bathong. Ka jalo, fa e le gore o batla go thusa nonyane e e gobetseng, tsenya ditlelafo mme o tlhape diatla morago ga foo. Fa e le gore o akanya gore boitekanelo jwa gago kgotsa tshireletsego ya gago e ka nna mo kotsing, o se ka wa e atamela. Fa maemo a go letla o ka nna wa bitsa baitseanape gore ba tle go thusa.

[Lebokoso mo go tsebe 10]

DINONYANE TSOTLHE DI ILE KAE?

Diphopholetso tsa ngwaga le ngwaga tsa go swa ga dinonyane go go amanngwang le batho kwa United States

◼ Ditora tsa tlhaeletsano—dimilione di le 40

◼ Dibolayaditshenekegi—dimilione di le 74

◼ Dikatse tse di ruilweng le dikatse tsa naga—dimilione di le 365

◼ Difensetere tsa galase—dimilione di le 100 go ya go bilione

◼ Go latlhegelwa ke lefelo le di nnang mo go lone—ga go itsiwe palo ya gone mme go ka direga gore ke nngwe ya dilo tse di kotsi thata

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ngwaga le ngwaga kwa United States, go swa bobotlana dinonyane di le dimilione di le 100 ka go betsagana mo difensetereng

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Reimar Gaertner/age fotostock

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela