LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/09 ts. 27-31
  • O ne O ka Reng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne O ka Reng?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?
  • Tse di Tswang mo Makasineng Ono
  • Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
  • O Itse Eng ka Baporofeti?
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2009
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2008
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 2/09 ts. 27-31

O ne O ka Reng?

Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?

Bala 1 Dikgosi 18:19-24, 30-40. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a amogela setlhabelo sa ga Elija? Jehofa o amogela ditlhabelo tse di ntseng jang mo batlhankeng ba gagwe gompieno?

Tse di Tswang mo Makasineng Ono

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 7 Jehofa o lepeleditse lefatshe mo go eng? Jobe 26:․․․

TSEBE 9 Ke ditiro tsa ga mang tse di dirilweng ka botlhale tsotlhe? Pesalema 104:․․․

TSEBE 13 Re tlhopha botshelo ka go dira eng? Duteronome 30:․․․

TSEBE 20 Fa re bulela Jehofa mafatlha a rona, o re naya eng? Bafilipi 4:․․․

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

O Itse Eng ka Baporofeti?

4. ․․․․․

Ke moporofeti ofe yo o neng a kgalemela Kgosi Jehoashe wa Jude ka ntlha ya bosula jwa gagwe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 24:20-22.

5. ․․․․․

Kgosi Jehoashe o ne a dira gore moporofeti yoo a bolaelwe se a se buileng. A seno se raya gore Jehofa o ne a sa amogele se moporofeti a neng a se buile?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Luke 11:50, 51.

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke ka ntlha yang fa o sa tshwanelwa ke go tshwenyega fa batho ba go bogisetsa go ikobela Jehofa?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 5:11, 12 le 1 Petere 4:14.

◼ (Dikarabo di mo tsebeng ya 27)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Poo e e neng e tshwanetse go dirwa setlhabelo.

2. Mosele o o neng o tletse ka metsi.

3. Makgolokgolo a batho ba ba neng ba le teng, go akaretsa le baporofeti ba le 450 ba ga Baale.

4. Sekaria morwa Jehoiada.

5. Nnyaa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela