LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/09 ts. 3-4
  • A Madi A a Go Laola Kgotsa ke Wena o a Laolang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Madi A a Go Laola Kgotsa ke Wena o a Laolang?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo ba Bangwe ba sa Amiwe ke Bolwetse Jono
  • O Leba Madi Jang?
    Tsogang!—2015
  • A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Dirisa Madi Sentle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tsela ya go Dirisa Madi
    Lelapa la Gago le ka Itumela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 3/09 ts. 3-4

A Madi A a Go Laola Kgotsa ke Wena o a Laolang?

A O NA le bolwetse jwa madi (money sickness syndrome)? Go begiwa gore bolwetse jono bo ama palo e kgolo ya baagi ba lefatshe. Bolwetse jono ke eng?

Dr. Roger Henderson yo e leng mmatlisisi wa boitekanelo jwa tlhaloganyo kwa United Kingdom, bosheng jaana o ne a tlhama polelwana e e reng “bolwetse jwa madi” go tlhalosa matshwao a mmele le a tlhaloganyo a batho ba ba tshwenyegang ka mathata a madi ba nang le one. Matshwao ano a akaretsa go hupelwa, go opiwa ke tlhogo, go feroga sebete, go nna le diso mo letlalong, go tlhoka keletso ya dijo, go galefa go se na lebaka, go nna o tshogile le go nnela go akanya ka dilo tse di sa siamang. Henderson o bolela gore “go tshwenyega ka madi ke lebaka le legolo le le bakang go gatelelwa mo maikutlong.”

Ga go gakgamatse gore mo dikgweding tsa bosheng jaana batho ba le bantsi ba amilwe ke ditlhobaelo tse di sa itumediseng tse di amanang le madi. Mo lefatsheng ka bophara, bothata jwa madi jo bo leng teng gone jaanong mo dinageng di le dintsi, bo dirile gore batho ba latlhegelwe ke ditiro, magae, le dilo tse ba ipoloketseng tsone. Ditheo tse dikgolo tsa madi di phutlhame, tota le dinaga tse di humileng thata di ile tsa tsaya dikgato tse di tla di thusang ka bonako gore di se ka tsa latlhegelwa ke madi a mantsi thata. Mo dinageng tse di tlhabologang, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dijo le dilo dingwe tsa botlhokwa go bakile tlhobaelo e kgolo.

Le ka nako ya letlepu go sa ntse go nna le mathata a madi. Mo dingwageng tsa bosheng tse mo go tsone go neng go na le madi a mantsi, batho ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba tshwenyega ka madi. Ka sekai, lokwalodikgang longwe lwa mo Afrika Borwa e leng The Witness lo ne lwa bega gore “bolwetse jwa go reka thata, go dira madi a mantsi le go rata dilo tse di bonalang” bo ne bo aname thata mo Afrika. Lokwalodikgang loo lo ne lwa tlhalosa mangwe a matshwao a “bolwetse” jono e le “go ngomoga pelo, dikoloto, go se itse go somarela, go bereka ka tsela e e feteletseng, go nna le boikutlo jwa gore o timiwa dilo dingwe, go tswela ba bangwe pelo le go tshwenyega thata mo maikutlong.” Go ne go tsewa gore ke ka ntlha ya madi go bo boleng jwa botshelo mo Afrika bo tswelela go ya kwa tlase.

Pele ga go phutlhama ga tsa madi, India e ne ya nna le nako e ikonomi ya yone e neng ya gola go feta le e leng pele. Makasine wa India Today International o ne wa bega gore 2007 e ne e le ngwaga o naga “ka bonako fela e ileng ya nna le selekanyo se se kwa godimo sa batho ba ba dirisang madi thata.” Le fa go ntse jalo, badiredibagolo ba koo ba ne ba tshoga gore go gola ga ikonomi ya kwa India go tla dira gore dikhuduego le thubakanyo di oketsege.

Ka yone nako eo, kokomana e ntšha ya basha ba ba godileng kwa United States e ne e rata go reka dilo tse di turang tsa manobonobo. Le fa go ntse jalo, go kgona ga bone go dirisa madi a mantsi go ne go sa dire gore ba itumele. Babatlisisi ba ne ba bolela gore go nna le madi a mantsi koo, e ne e le lengwe la mabaka a magolo a go bo batho e le makgoba a bojalwa, ba tshwenyegile thata mo maikutlong e bile ba ipolaya. Patlisiso nngwe e e dirilweng e ne ya bontsha gore le fa batho ba na le sengwe le sengwe e bile ba humile, “ke Moamerika a le mongwe mo go ba le bararo” yo o neng a bolela fa “a itumetse thata.”

Lebaka La go Bo ba Bangwe ba sa Amiwe ke Bolwetse Jono

Kafa letlhakoreng le lengwe, ka dinako tse di monate le tse di seng monate, batho ba le bantsi—ba ba humileng le ba ba humanegileng—ga ba na ditlhobaelo tse dintsi ka madi le dithoto. Ke ka ntlha yang fa batho bano ba farologane le ba bangwe?

Mo pegong nngwe e e nang le setlhogo se se reng The Meaning of Money, babatlisisi ba bolela gore batho bangwe ba “tlhotlhelediwa thata le go laolwa thata ke madi. Seno se ka dira gore ba gatelelwe mo maikutlong le gore ba nne le mathata a tlhaloganyo.” Ba oketsa ka gore, go farologana le seo: “Batho ba ba dirisang madi a bone ka kelotlhoko gantsi ba ikutlwa ba kgona go laola dilo tsa bone e bile ba na le maikutlo a a siameng ka bobone. Ke bone ba laolang madi a bone mme ga ba laolwe ke madi . . . Re tlhomamisega gore batho ba ba dirisang madi a bone ka kelotlhoko ba ka tswa gape ba sa ngomoge pelo go le kalo mme ka ntlha ya seo, ba se na kgatelelo e kalo.”

Wena o leba madi jang? Maemo a a sa tlhomamang a ikonomi ya lefatshe a go ama jang? A o laola madi kgotsa ke one a go laolang? Gongwe ga o na matshwao a se go tweng ke bolwetse jwa madi. Le fa go ntse jalo, e ka tswa motho a humile kgotsa a humanegile, rotlhe re na le ditlhobaelo tsa madi. Ela tlhoko kafa go dira diphetogo dingwe malebana le kafa o dirisang madi a gago ka teng go ka nnang ga dira gore o nne le kagiso e e oketsegileng ya mogopolo le botshelo jo bo itumetseng le go feta.

Madi a ka tswa a go laola fa  . . 

  • O tila go bua ka madi ka ntlha ya ditlhobaelo tse a di bakang

  • Gantsi madi e le one a bakang dikomano tsa lelapa

  • O dirisa madi thata kwantle ga go akanya

  • O nna o tshwenyegile ka dikoloto

  • O sa tlhomamisege gore o amogela madi a a kana kang

  • O sa tlhomamisege gore o dirisa madi a a kana kang

  • O sa tlhomamisege gore o kolota madi a a kana kang

  • Gantsi dikoloto tsa gago di feta kafa o neng o akanya ka teng

  • Gantsi o duela dikoloto tsa gago morago ga nako

  • O kgona go duela madi a mannye fela a dikoloto tsa karata e o tsayang sekoloto ka yone

  • O duela dikoloto tsa gago ka madi a o neng o ikaeletse go a dirisetsa dilo tse dingwe

  • O nna le tiro e nngwe e o e berekang fela gore o duele dikoloto

  • O adimile madi a mangwe go duela sekoloto se o setseng o na le sone

  • O dirisa madi a o a bolokileng go duela dikoloto tsa ka metlha

  • O fitlhela gore pele kgwedi e fela madi a gago a setse a fedile

  • O ikutlwa o patelesega go kokoanya madi a mantsi

  • O na le matshwao a bolwetse jwa madi mo mmeleng le mo tlhaloganyong ka ntlha ya go tshwenyega mo maikutlong go go bakiwang ke madi

Motswedi: Money Sickness Syndrome, by Dr. Roger Henderson

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela