Dirisa Madi a Gago ka Botlhale
GANTSI go tsewa gore mafoko a a reng “Madi ke modi wa bosula jotlhe” a tswa mo Baebeleng. Mme totatota Baebele ya re: “Lorato lwa madi ke modi wa bosula jotlhe.” (1 Timotheo 6:10) Ee, ke boammaaruri gore batho bangwe ba simolotse go nna le lorato lwa madi mme ba dirisa nako ya bone go ikokoanyetsa dikhumo. Bangwe e setse e le makgoba a madi mme ba nnile le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko ka ntlha ya gone. Le fa go ntse jalo, fa madi a dirisiwa sentle, a ka nna sedirisiwa se se mosola. Baebele e a dumela gore “madi a rarabolola mathata a le mantsi.”—Moreri 10:19, Holy Bible—Easy-to-Read Version.
Le fa gone Baebele e se buka e e buang ka dikgang tsa madi, e na le kgakololo e e molemo e e ka go thusang gore o dirise madi a gago ka botlhale. Gantsi bagakolodi ba tsa madi ba akantsha dikgato tse tlhano tse di latelang mme di tsamaisana le melaometheo e e sa bolong go kwalwa mo Baebeleng.
Itse gore o amogela madi a a kana kang mme o bo o dirisa madi a a kwa tlase ga a o a amogelang
Boloka madi. Pego ya Baebele e bontsha gore Baiseraele ba bogologolo ba ne ba rutiwa botlhokwa jwa go boloka madi. Ba ne ba bolelelwa gore ba beele kwa thoko ditsabosome ngwaga le ngwaga gore di dirisediwe go ya meletlong ya setšhaba. (Duteronome 14:22-27) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a kgothaletsa Bakeresetse ba bogologolo gore ba beele madi kwa thoko beke nngwe le nngwe gore ba tle ba kgone go ntsha sengwenyana moragonyana go thusa badumedi ka bone ba ba tlhokang. (1 Bakorintha 16:1, 2) Bagakolodi ba le bantsi ba kgothaletsa batho go boloka madi. Dira gore go boloka madi e nne selo se se tlang pele. Fa o sena go amogela, tsenya madi a o batlang go a boloka mo bankeng kgotsa mo lefelong le lengwe le a tla babalesegang mo go lone. Seo se tla go thusa go lwantsha thaelo epe ya go dirisa madi ao.
Dirisa madi a gago sentle (Budget). Eno ke yone fela tsela e e molemo e ka yone o ka kgonang go laola kgotsa go fokotsa tsela e o dirisang madi ka yone. Go dirisa madi sentle go ka go thusa go bona gore madi a gago a ya kae mme go ka go thusa go fitlhelela dilo tse o ikaeletseng go di dira ka madi ao. Itse gore o amogela madi a a kana kang, mme o bo o dirisa madi a a kwa tlase ga a o a amogelang. Ithute pharologanyo fa gare ga dilo tse o di tlhokang le tse o di batlang. Malebana le seno Jesu o ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe ka botlhale gore ba ‘bale ditshenyegelo’ pele ga ba dira le fa e le eng. (Luke 14:28) Baebele e re gakolola gore re tile dikoloto tse di sa tlhokegeng.—Diane 22:7.
Rulaganya. Sekaseka ka kelotlhoko dilo tse o tla di tlhokang mo isagweng. Ka sekai, fa o rulaganya go reka ntlo kgotsa folete, e ka nna tshwetso e e molemo go adima madi a a lekaneng. Ka tsela e e tshwanang, rre wa lelapa a ka nna a akanya gore o tlhoka go duela inshorense e e ka thusang fa mongwe a tlhokafala, a lwala, a golafala kgotsa inshorense ya mofuta mongwe o sele go sireletsa ba lelapa la gagwe. Go akanya ka dilo tse o tla di tlhokang mo isagweng go ka nna ga akaretsa go rulaganyetsa nako ya fa o sa tlhole o bereka. Diane 21:5 e re gakolola gore “dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.”
Ithute pharologanyo fa gare ga dilo tse o di tlhokang le tse o di batlang
Ithute. Tokafatsa botshelo jwa gago ka go ithuta bokgoni bongwe le ka go tlhokomela boitekanelo jwa gago jwa mmele le jwa maikutlo. Maiteko ano a tla go solegela molemo. Dira gore go ithuta e nne selo sa botshelo jotlhe. Baebele e tseela “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya” kwa godimo mme e re rotloetsa gore re nne re leke go nna le tsone.—Diane 3:21, 22; Moreri 10:10.
Nna tekatekano. Dipatlisiso di le dintsi di bontsha gore batho ba ba amegang thata ka batho ba bangwe go na le kafa ba amegang ka teng ka madi ba itumela go feta. Bangwe ba letlelela bopelotshetlha gore bo ba dire gore ba se ka ba nna tekatekano. Ka tsela efe? Fa ba sena go nna le dilo tse ba di tlhokang mo botshelong, ba simolola go batla go huma. Le fa go ntse jalo, fa motho a na le dijo, diaparo le bonno, tota o sa ntse a ka tlhoka eng? Ga go gakgamatse go bo mokwadi wa Baebele yo o nopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno a ile a kwala gape jaana: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:8) Go ithuta go kgotsofala go dira gore re se ka ra simolola go rata madi le go nna le mathata otlhe a a amanang le gone.
Ruri go rata madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula. Madi a tla go laola fa o a letla. Le fa go ntse jalo, fa madi a dirisiwa sentle, a ka dira gore o kgone go gagamalela dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong, tse di jaaka go nna le kamano e e gaufi le ba lelapa, ditsala le Modimo. Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng leno go bonala go sa kgonege gore re se ka ra tshwenyega gotlhelele ka madi. A madi a tla nna a re bakela ditlhobaelo ka metlha? A go na le tsholofelo ya gore lehuma le tla tsamaya le fela? Setlhogo sa bofelo sa motseletsele ono se tla araba dipotso tseo.
Fa motho a na le dijo, diaparo le bonno, tota o sa ntse a ka tlhoka eng?