Ke ne Ka Segofadiwa ka Ntlha ya go Baya Modimo Kwa Pele
Jaaka go boletse Pierre Worou
“Bonjour!” Ke ne ke dirisa tumediso eno ya Sefora botshelo jwa me jotlhe. Mme ka November 1975, ke ne ka tshwarwa ka ntlha ya go e dirisa. Mma ke go bolelele gore ke eng se se bakileng seno le gore go ne ga diragala eng morago ga foo.
KE NE ka tsholwa ka January 1, 1944, kwa Malété, e e leng toropo nngwe ya Savé, kwa bogare jwa Benin.a Batsadi ba me ba ne ba nnaya leina la setso e bong Abiola. Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, ke ne ka fetola leina la me go nna Pierre, le ke neng ke akanya gore ke la segompieno thata e bile le tlwaelegile.
Batho ba toropo ya rona ba ne ba neile basha botlhe maina a sereto. Ba ne ba mpitsa Moruti ka gonne fa ke tsholwa ke ne ke tshwana le moruti mongwe wa lefelo la rona. Le fa go ntse jalo, ke ne ke kgatlhegela thata go tshameka kgwele ya dinao go na le go ya kwa ditlelaseng tsa katekasima.
Ka 1959, ke ne ka fudugela kwa Sakété, toropo nngwe kwa borwa jwa naga, go ya go tsweletsa pele dithuto tsa me. Ke ne ke nna le ntsalake e bong Simon, yo e neng e le morutabana, yo o neng a sa tswa go simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ba le babedi. Mo tshimologong ke ne ke sa kgatlhegele go kopanela le bone mo thutong eo. Mme moragonyana ke ne ka botsa ntsalake yo mongwe e bong Michel, gore a o ne a ka kopanela le nna mo thutong. O ne a dumela, mme ke yone nako e ka yone ke neng ka utlwa leina la Modimo e bong Jehofa la ntlha.
Ka Sontaga mongwe, nna, Simon le Michel re ne ra swetsa gore re se ka ra ya kerekeng mme re ye kwa pokanong ya Basupi. Re ne ra kgobega marapo tota go bona gore go ne go na le batho ba le batlhano fela—Basupi ba le ba babedi le rona bontsala ba le bararo. Le fa go ntse jalo, re ne ra lemoga gore se re se utlwileng ke boammaaruri jwa Baebele mme re ne ra tswelela ka go ithuta. Michel o ne a nna wa ntlha go bontsha boineelo jwa gagwe mo Modimong ka go kolobediwa. Gompieno ke mmulatsela, jaaka baboledi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa.
Simon o ne a fudugela kwa bokone kwa toropong ya Kokoro mme ke ne ka tsamaya le ene. Go ne go rulagantswe kopano ya Basupi kwa Ouansougon. Simon o ne a tsamaya ka thekisi mme nna ke ne ka tsamaya ka baesekele ya me ke tsamaya dikilometara di le 220 gore ke nne teng kwa kopanong eo. Ka bobedi jwa rona re ne ra kolobediwa koo ka September 15, 1961.
Dikgwetlho mo Bodireding Jwa Nako e e Tletseng
Ke ne ke itshedisa ka go taka le go rekisa ditshwantsho mmogo le go lema tshimo e e neng e ungwa sentle. Fa molebedi yo o etang e bong Philippe Zannou a ne a etetse phuthego ya rona, o ne a mpotsa gore a nkile ka akanya ka tirelo ya nako e e tletseng ya bobulatsela. Fa re sena go tlotla ka kgang eo, nna le tsala ya me e bong Emmanuel Fatunbi re ne ra bua gore re tla simolola tiro eno ka February 1966. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola tiro ya go nna molebedi yo o etang, ke etela diphuthego tse go neng go buiwa puo ya Se-Fon, Se-Gun, Se-Yoruba le Sefora gone.
Kgabagare ke ne ka kopana le Julienne, kgaitsadi yo montle wa Mokeresete yo o neng a rata botshelo jo bo sa raraanang jaaka nna. O ne a nna mosadi wa me ka August 12, 1971, mme a tsamaya le nna fa ke ntse ke etela diphuthego. Morwarona e bong Bola o ne a tsholwa ka August 18, 1972. Fa re ntse re etela diphuthego, ke ne ke kgweetsa baesekele mme Julienne o ne a nna kafa morago ga me a belege Bola. Gantsi go ne go na le Mosupi mongwe yo o neng a tsamaisa dithoto tsa rona ka baesekele ya gagwe. Re ne ra etela diphuthego ka tsela eno ka dingwaga di le nnè.
Ka letsatsi lengwe Julienne o ne a lwala mme a boga botlhoko bosigo jotlhe. Moso o o latelang, ke ne ka ya kwa tseleng ke ya go batla thuso. Ke sa lebelela, go ne ga tlhaga thekisi, mme e ne e le selo se se sa tlwaelegang mo lefelong leo. Mo godimo ga moo, e ne e sa pega ope—e leng selo se se sa tlwaelegang le go feta! Ke ne ka tlhalosetsa mokgweetsi seemo mme ka mmotsa gore a a ka re isa kwa Porto Novo, motsemogolo, o o neng o le bokgakala jwa dikilometara di le 25. O ne a dumela. Fa re goroga koo, o ne a nyenya mme a re: “Loeto lono ke mpho ya me go lona. Ga lo tlhoke go duela sepe.”
Julienne o ne a tshwanelwa ke go nna a robetse kwa legaeng la Mosupi mongwe ka dibeke di le pedi. Ngaka e ne ya tla go mmona letsatsi le letsatsi. Gape o ne a tla le ka melemo e e tlhokegang. Fa a ne a tlhatlhoba Julienne la bofelo, ke ne ka mo kopa tshupasekoloto ke tshogile. Ke ne ka gakgamala fa a ne a araba ka gore, “Ga o kolote sepe.”
Diphetogo Tse Dikgolo
Ka 1975, Dahomey, e ne ya simolola mofuta wa puso wa bo-Marxist. Leina la naga le ne la fetolwa go nna People’s Republic of Benin. Botshelo jwa letsatsi le letsatsi le jone bo ne jwa fetoga. Go ne ga tlhomiwa tumediso e ntšha e e reng: “Pour la révolution?” (A o ipaakanyeditse phetogo e kgolo?) Go ne go lebeletswe gore batho ba arabe ka gore: “Prêt!” (Ke e ipaakanyeditse!) Digakolodi tsa rona tse di thapisitsweng ka Baebele di ne di sa re letle go dirisa meano e e ntseng jalo ya bopolotiki. Re ne ra tlhoiwa thata ka ntlha ya seo.
Ka Sontaga mongwe go ela kwa bofelong jwa 1975, ke ne ke le mo bodireding jwa ntlo le ntlo gaufi le St. Michel, fa ke ne ke tshwarwa. Jaaka go umakilwe kwa pelenyana, ke ne ka araba ka gore “Bonjour!” fa monna mongwe a ne a ntumedisa ka go re “Pour la révolution?” Ke ne ka isiwa kwa seteisheneng sa mapodise, kwa ke neng ka itewa gone. Moragonyana ka letsatsi lone leo Basupi ba lefelo la rona ba ne ba kgona go rulaganya gore ke gololwe.
Ke ne ke le Mosupi wa ga Jehofa wa ntlha yo o neng a tshwarwa. Go ise go ye kae Basupi ba bangwe ba le bantsi go ralala naga le bone ba ne ba tshwarwa. Puso e ne ya gapa Diholo tsa rona tsa Bogosi mme barongwa ba ne ba busediwa kwa dinageng tsa bone. Ofisi ya lekala e ne ya bo ya tswalwa mme Basupi ba le bantsi ba ne ba tshwanelwa ke go tshaba mo nageng, ba ya kwa bophirima kwa Togo kgotsa kwa botlhaba kwa Nigeria.
Lelapa la Rona le a Gola Kwa Nigeria
Morwarona wa bobedi e bong Kola, o ne a tsholwa ka April 25, 1976. Dingwaga di le pedi morago ga foo, molawana wa puso wa No 111 o ne wa thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra ya kwa Nigeria, koo re neng ra ya go kgobokana teng mo Holong ya Bogosi e e neng e tletse batshabi. Ka letsatsi le le latelang go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go re abela kwa diphuthegong tse di gaufi. Ka bonako fela fa setlhopha sengwe sa batshabi se ne se ntshiwa mo holong go ne go goroga setlhopha se sengwe. Batho ba ba neng ba sa tswa go goroga ba ne ba isiwa kwa diphuthegong tse dingwe ka diteraka.
Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Nigeria e ne ya nkopa gore ke etele Basupi botlhe ba ba tswang kwa Benin. Go tswa foo ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o etang wa setlhopha sa diphuthego tse di buang Se-Yuroba kwa Nigeria mme moragonyana ke ne ka abelwa kwa diphuthegong tse di buang Se-Gun. Re ne re tsamaya ka sekuta. Bola o ne a dula fa pele ga me mme Kola o ne a dula fa gare ga me le Julienne.
Ka 1979, re ne ra lemoga gore re ne re lebeletse go tsholwa ga morwadiarona e bong Jemima mme seo sa dira gore re tlogele tiro ya go etela diphuthego. Nnakaagwe Julienne yo re neng re mmitsa Pépé o ne a tswa kwa Benin go tla go nna le rona. Lelapa la rona le ne la tswelela le gola. Re ne ra nna le bana ba le babedi gape ba basimane: Caleb o ne a tsholwa ka 1983 mme Silas a tsholwa ka 1987. Ka jalo, re ne re le lelapa la batho ba le robedi. Nna le Julienne re ne re batla go nna batsadi ba ba molemo, mme re ne re batla go tswelela re le mo bodireding jwa nako e e tletseng fa go ka kgonega. Re ne re tla dira seo jang? Re ne ra hira tshimo mme ra lema manioc, mmidi le cocoyam. Morago ga foo re ne ra aga ntlo e nnye mo motseng wa Ilogbo-Eremi.
Fa bana ba sena go ya sekolong, nna le Julienne re ne re dira tiro ya rona ya go rera mo mosong. Re ne re tla gae ka nako, gore lelapa le je mmogo. Morago ga foo, fa re sena go robala go se kae, re ne re bereka mo tshimong. Julienne le Pépé ba ne gape ba rekisa dilo tse re neng re di jala kwa marekisetsong. Rotlhe re ne re dira ka natla. Ka lesego, re ne re lwala ka sewelo mo dingwageng tseo.
Go Bona Masego Kwantle ga Thutego e e Kwa Godimo
Le ka motlha ga re a ka ra rotloetsa bana gore ba nne le thutego e e kwa godimo. Re ne re itse gore go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele, go leka go nna le dinonofo tsa Bokeresete le go dira ka natla ke tsone dilo tse di tla dirang gore re atlege mo botshelong. Re ne ra leka go tsenya dikgopolo tseno mo dipelong tsa bana ba rona. Ke ne ke ithuta le bone mme a bo go ne ga re itumedisa jang ne go bona ba rata Jehofa, ba ineela mo go ene go mo direla le go bontsha boineelo jwa bone ka go kolobediwa!
Pépé o ne a le mogolwanyane mo baneng ba rona mme e ne ya nna ene wa ntlha go tswa mo gae. Pelenyana fa a ne a tla go nna le rona, ke ne ka mo ruta go bala. Le fa a ne a sa rutega go le kalo, o ne a tlhoma mogopolo mo thutong ya Baebele le mo dilong tse dingwe tsa semoya. Morago ga gore a nne mmulatsela ka nako e e rileng, o ne a nyalana le Monday Akinra, molebedi mongwe yo o etang mme a tsamaya le ene mo tirong ya gagwe. Gone jaanong ba na le morwa e bong Timothy. Pépé le Monday ba ile ba tswelela ka bodiredi jwa nako e e tletseng mme Monday o na le maikarabelo a le mantsi kwa dikopanong tse dinnye.
Bola o ne a ithutela tiro ya go apaya kwa khampaning e kgolo. Go ise go ye kae, mongwe wa batsamaisi o ne a lemoga mekgwa ya gagwe e mentle ya go bereka, go ikanyega ga gagwe le dinonofo tse dingwe tse dintle tsa Bokeresete. Fa nako e ntse e ya, o ne a newa maikarabelo a magolwane mo khampaning. Se se botlhokwa le go feta, ke monna yo o molemo wa mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Jane, gape ke rre yo o molemo wa bana ba gagwe ba bararo, e bile ke mogolwane yo o nang le boikarabelo mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Lagos, kwa Nigeria.
Kola o ne a ithutela tiro ya go nna moroki wa diaparo mme a bo a nna mmulatsela. E re ka a ile a ithuta Seesemane fa a ne a le kwa Nigeria, ka 1995 o ne a lalediwa go ya go direla mo Lephateng la Thanolo kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Benin. O ntse a direla koo ka dingwaga di le 13 tse di fetileng.
Bodiredi Jwa Rona Gape Kwa Benin
Re ne ra itumela thata fa re utlwa gore molawana o mongwe wa puso ya kwa Benin o o ntshitsweng ka January 23, 1990, o ne o bolela gore molawana o o neng o ntshitswe pelenyana wa gore tiro ya rona e thibetswe, o phimotswe. Batshabi ba le bantsi ba ne ba boela gae. Mme gape, go ne ga goroga barongwa ba basha kwa Benin mme ofisi ya lekala e ne ya bulwa gape. Ka 1994, lelapa la rona le ne la boela kwa Benin, mme Pépé, Bola, le malapa a bone ba ne ba sala kwa Nigeria.
Ke ne ka kgona go bona tiro e e seng ya malatsi otlhe. Ka madi a mannye a re neng re a bona ka go hirisa ntlo ya rona e e kwa Nigeria le ka thuso ya bopelotshweu ya ga Bola, re ne ra kgona go aga ntlo e re neng re nna re le batlhano mo go yone e e neng e se kgakala le ofisi ya lekala. Jemima o ne a nna mmulatsela ka dingwaga tse di fetang tse thataro, a itshedisa ka go bereka e le moroki. Morago ga foo o ne a nyalwa ke Kokou Ahoumenou mme gone jaanong ba bereka kwa lekaleng le le gaufi. Caleb le Silas ba tloga ba fetsa sekolo. Ka thuso ya Modimo le ka go dirisana mmogo ga lelapa la rona, nna le Julienne re ile ra tswelela pele mo bodireding jwa nako e e tletseng—ka dingwaga tse di fetang 40.
Modimo o segofaditse thata tiro ya go rera mo Benin. Fa ke ne ke kolobediwa ka 1961, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 871 ba ba neng ba rera molaetsa wa Bogosi mo nageng eno. Ka ngwaga o ke neng ka tshwarwa ka one, palo eo e ne e tlhatlogetse go 2 381. Ka nako ya fa re boela kwa Benin ka 1994, palo eo e ne e tlhatlogetse go 3 858, le fa tiro ya go rera e ne e thibetswe ka dingwaga di le 14. Gompieno palo eo ya baboledi e oketsegile go menagane gabedi—batho ba ba fetang 9 000—mme palo ya ba ba nnileng teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 2008 e ne e le 35 752.
Ka dinako tse dingwe ke ya kwa lefelong le ke neng ka tshwarwa kwa go lone dingwaga tse di fetang 30 tse di fetileng mme ke akanya ka sengwe le sengwe se se neng sa direga. Ke leboga Modimo segolobogolo go bo a ile a segofatsa lelapa la me. Re ne re sa tlhoke sepe. Mme ke sa ntse ke dumedisa mongwe le mongwe ka tumediso ya “Bonjour!”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka nako eo Benin e ne e itsege e le Dahomey mme e ne e le karolo ya French West Africa.
[Mafoko a a mo go tsebe 13]
O ne a nyenya mme a re: “Loeto lono ke mpho ya me go lona. Ga lo tlhoke go duela sepe”
[Mafoko a a mo go tsebe 14]
Le ka motlha ga re a ka ra rotloetsa bana ba rona gore ba nne le thutego e e kwa godimo
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ke le molebedi yo o etang ka 1970
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Re na le barwa ba rona ba babedi e bong Bola le Kola ka 1976
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Gompieno, ke dikologilwe ke ba lelapa la me—mosadi wa me, bana ba me ba le batlhano, ditlogolwana tsa me di le tharo le ba lelapa la ga Pépé