LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/09 ts. 18-20
  • A ke Tlhoka Ditsala Tse di Botoka?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ke Tlhoka Ditsala Tse di Botoka?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se o Se Batlang mo Tsaleng #1​—Dinonofo Tse di Rategang
  • Se o Se Batlang mo Tsaleng #2—Go Latela Melao ya Baebele
  • Se o Se Batlang mo Tsaleng #3—Tlhotlheletso e e Siameng
  • Nka Tlhopha Jang Ditsala Tse di Siameng?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ditsala Tsa me Tsa Boammaaruri ke Bomang?
    Tsogang!—2011
  • Ditsala Tse di Siameng le Tse di sa Siamang
    Tsogang!—2004
  • Tlhopha Ditsala ka Botlhale
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 3/09 ts. 18-20

Basha ba Botsa Jaana

A ke Tlhoka Ditsala Tse di Botoka?

“Fa ke galefile ke tlhoka mongwe yo nka mmolelelang kafa ke ikutlwang ka teng. Fa ke hutsafetse ke tlhoka mongwe yo o ka mpolelelang gore dilo tsotlhe di tla siama. Fa ke itumetse ke batla mongwe yo ke tla itumelang le ene. Mo go nna go botlhokwa thata go nna le ditsala.”—Brittany.

GA TWE bana ba bannye ba tlhoka yo ba tla tshamekang le ene mme basha bone ba tlhoka ditsala. Pharologano ke eng?

Motho yo o tshamekang le ene ke mongwe yo o go ntshang bodutu.

Tsala ke mongwe yo o nang le mekgwa e mentle fela jaaka wena.

Mo godimo ga moo, Baebele e bolela gore “molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Gongwe seno se tlhalosa botsala jwa mmatota jo bo fetang jwa mongwe yo o tshamekang le ene!

Boammaaruri: Fa o ntse o gola o tlhoka ditsala tse di

(1) Nang le dinonofo tse di rategang.

(2) Latelang melao ya Baebele.

(3) Nang le tlhotlheletso e e siameng mo go wena.

Potso: O ka bona jang gore ditsala tsa gago di na le dinonofo tse di umakilweng fa godimo? Mma re tlhatlhobe dintlha tseno ka bongwe ka bongwe.

Se o Se Batlang mo Tsaleng #1​—Dinonofo Tse di Rategang

Se o tshwanetseng go se itse. Ga se mongwe le mongwe yo o ipitsang tsala yo o kgonang go nna tsala ya boammaaruri. Tota e bile, Baebele ya re “go na le balekane ba ba sekametseng mo go senyaneng.” (Diane 18:24) Seo se ka utlwala e le go feteletsa dilo. Mme le fa go ntse jalo akanya ka seno: A o kile wa nna le “tsala” e e neng e tla kwa go wena fela fa e tlhoka sengwe? Go tweng ka tsala e e neng e go seba kgotsa e anamisa dikgang tsa maaka ka wena? Maitemogelo a a ntseng jalo a ka dira gore o se ka wa tlhola o ikanya ditsala dipe.a Ka metlha nna o gakologelwa gore go molemo go nna le ditsala di le mmalwa tsa boammaaruri go na le go nna le tse dintsi mme e se tse di siameng.

Se o ka se dirang. Tlhopha ditsala tse di nang le dinonofo tse o ka di etsang.

“Mongwe le mongwe o bua bontle ka tsala ya me e bong Fiona. Le nna ke batla gore ke buiwe bontle fela jalo. Ke batla go itirela leina le le molemo fela jaaka ene. Mo go nna seno ke sengwe se se molemo.”—Yvette, 17.

Leka go dira se se latelang.

1. Bala Bagalatia 5:22, 23.

2. Ipotse gore, “A ditsala tsa me di bontsha dinonofo tsa ‘leungo la moya’?”

3. Kafa tlase fano kwala maina a ditsala tse o ntshanang se inong le tsone. Go bapa le leina lengwe le lengwe kwala nonofo e e ka mo tlhalosang sentle.

Leina Nonofo

․․․․․ ․․․․․

․․․․․ ․․․․․

․․․․․ ․․․․․

Ntlha e o ka e dirisang: Fa e re o akanya ka ditsala tsa gago o bo o akanya fela ka dinonofo tse di sa siamang, go ka nna molemo gore o batle ditsala tse di botoka!

Se o Se Batlang mo Tsaleng #2—Go Latela Melao ya Baebele

Se o tshwanetseng go se itse. Fa o dira sengwe le sengwe fela gore o nne le ditsala, o tla feleletsa o nna le ditsala tse di sa siamang. Baebele ya re: “Yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Lefoko “dimatla” ga le reye batho ba ba seng botlhale. Go na le moo, le raya batho ba ba ganang go reetsa kgakololo e e siameng mme ba dira dilo tse di sa siamang—ditsala tse o sa di tlhokeng!

Se o ka se dirang. Go na le go nna tsala le mongwe le mongwe fela yo o tla go amogelang, tlhaola. (Pesalema 26:4) Nnyaa, seno ga se reye gore o tshwanetse go ba tlhaola ka lotso. Mo kgannyeng eno, go tlhaola go raya go nna kelotlhoko mo o ka kgonang go bona “pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo [direleng].”—Malaki 3:18.

Modimo ga a na tlhaolele mme gone o a tlhaola fa go tla mo kgannyeng ya gore ke mang yo a tla mo amogelang e le ‘molalediwa mo mogopeng wa gagwe.’ (Pesalema 15:1-5) Le wena o ka dira se se tshwanang. Tshela ka melao ya Modimo, mme o tla ngoka batho ba le bone ba tshelang ka yone. Kwa bokhutlong batho bao e tla nna ditsala tse lo ntshanang se inong.

“Ke leboga gore batsadi ba me ba nthusitse gore ke bone ditsala—tse di lekanang le nna mme gone di tshela ka melaometheo ya Modimo.”—Christopher, 13.

Leka go dira se se latelang.

Araba dipotso tse di latelang:

◼ Fa ke na le ditsala tsa me, a gantsi ke tshoga gore di tla nkgatelela gore ke dire sengwe se ke itseng gore se phoso?

□ Ee □ Nnyaa

◼ A ke a okaoka go itsise batsadi ba me ka ditsala tsa me, ke boifa gore batsadi ba me ba ka nna ba se ka ba di amogela?

□ Ee □ Nnyaa

Ntlha e o ka e dirisang: Fa o arabile dipotso tse di fa godimo ka ee, batla ditsala tse di tshelang ka melao e e kwa godimo ya boitsholo. Ke ka ntlha yang o sa simolole ka ba ba go fetang mme ba tlhoma sekao se se molemo sa go tshela ka tsela ya Bokeresete?

Se o Se Batlang mo Tsaleng #3—Tlhotlheletso e e Siameng

Se o tshwanetseng go se itse. Baebele ya re: “Ditsala tse di sa siamang di senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33,Today’s English Version) Mosha mongwe yo o bidiwang Lauren a re: “Ditsala tsa me tsa kwa sekolong di ne di nkamogela fa fela ke ne ke dira se ba neng ba nthaya ba re ke se dire. Ke ne ke jewa ke bodutu, ka jalo ke ne ka swetsa go dira se ba neng ba se batla gore ba nkamogele.” Lauren o ne a lemoga gore, fa o tshela go ya ka tsela e ba bangwe ba batlang ka yone, o a bo o ba letla go go goga ka nko jaaka e kete o pawn mo motshamekong wa chess. O tshwanelwa ke sengwe se se botoka go gaisa seno!

Se o ka se dirang. Fedisa botsala jwa gago le batho ba ba go pateletsang go fetola tsela ya gago ya botshelo gore o tshele ka tsela ya bone. Fa o dira jalo, o tla ikutlwa o itlotla mme o tla nna le ditsala tse di botoka—tse di tla go tlhotlheletsang go dira dilo tse di siameng.—Baroma 12:2.

“Tsala ya me e kgolo e bong Clint ga a dire dilo ka go phamoga fela e bile o tlhaloganya maikutlo a batho ba bangwe, mme ka jalo o nnile le tlhotlheletso e e molemo thata mo go nna.”—Jason, 21.

Leka go dira se se latelang.

Ipotse dipotso tse di latelang:

◼ A ke fetola tsela e ke aparang ka yone, e ke buang ka yone kgotsa e ke itshwarang ka yone gore ke kgatlhe ditsala tsa me?

□ Ee □ Nnyaa

◼ A ke feleletsa ke ya kwa mafelong a a sa siamang a ke neng nka se ye kwa go one fa e ka bo e se ka ntlha ya ditsala tsa me?

□ Ee □ Nnyaa

Ntlha e o ka e dirisang: Fa o arabile ka ee mo dipotsong tse di fa godimo, ya kwa batsading ba gago kgotsa kwa mothong mongwe yo o godileng gore a go neye kgakololo e e molemo. Fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ka nna wa bua le mogolwane mongwe wa Mokeresete mme o bo o mmolelela gore o tlhoka thuso mo go tlhopheng ditsala tse di tla go tlhotlheletsang go dira dilo tse di siameng.

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gone ke boammaaruri gore mongwe le mongwe o dira diphoso. (Baroma 3:23) Ka jalo, fa tsala e go utlwisa botlhoko mme e bo e bontsha boikwatlhao jwa mmatota, gakologelwa gore “lorato lo bipa maleo a le mantsi.”—1 Petere 4:8.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

◼ Ke dinonofo dife tse o ka di kgatlhegelang mo tsaleng mme gone ka ntlha yang?

◼ Ke dinonofo dife tse o tlhokang go di tokafatsa gore o nne tsala e e botoka?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BUANG

“Fa batsadi ba me ba ne ba batla gore ke kgaogane le setlhopha sengwe sa ditsala, ke ne ka ipolelela gore bano ke bone fela ba ke neng ke batla go tsalana le bone. Le fa go ntse jalo, kgakololo ya batsadi ba me e ne e siame mme morago ga gore ke simolole go akanya ka yone, ke ne ka lemoga gore go na le ditsala tse dintsi tse di molemo tse nka tlwaelanang le tsone.”—Cole.

“Go ya bodireding jwa Bokeresete ke tsela e e molemo ya gore ke itse batho ba ba mo phuthegong ya rona. Ke gone koo ke kopanang le batho ba ba farologaneng, ba basha le ba ba godileng. Mme ke fetsa nako le batho ba ba ratang Jehofa.”—Yvette.

“Ke ne ka rapelela go nna le ditsala mme morago ga foo ke ne ka lemoga gore ga ke dire sepe gore ke nne le tsone. Ka jalo, ke ne ka simolola go tsaya kgato ka go bua le ba bangwe kwa dipokanong tsa Bokeresete. Go ise go ye kae, ke ne ka nna le ditsala tse dintsi tse disha. Gone jaanong, gantsi ga ke jewe ke bodutu.”—Sam.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

LEKA DIKAKANTSHO TSENO

Bua le batsadi ba gago ka ditsala. Ba botse gore ba ne ba na le ditsala tse di ntseng jang fa ba ne ba lekana le wena. A ba a ikwatlhaya ka ditsala tse ba neng ba di tlhophile. Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang? Ba botse gore o ka dirang gore o tile mangwe a mathata a bone ba nnileng le one.

Itsise batsadi ba gago ka ditsala tsa gago. Fa o okaoka go dira jalo, ipotse gore ‘Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?’ A go na le sengwe ka ditsala tsa gago se o itseng gore batsadi ba gago ga ba ne ba se rata? Fa go ntse jalo, o ka nna wa tlhoka gore o tlhophe ditsala tsa gago sentle.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

DITSELA TSE THARO TSA GO TSWELELA O NA LE DITSALA TSE DI MOLEMO

◼ Nna moreetsi yo o molemo. Bontsha gore o kgatlhegela ditsala tsa gago le se ba amegang ka sone.—Bafilipi 2:4.

◼ Itshwarele. O se ka wa lebelela gore ba itekanele. “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.”—Jakobe 3:2.

◼ Ba neye nako ya bone ba le nosi. Ga o a tshwanela go ngaparela ditsala tsa gago thata. Ditsala tsa boammaaruri di tla nna gone fa o di tlhoka.—Moreri 4:9, 10.

[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Fa o tshela go ya ka tsela e ba bangwe ba batlang ka yone, o a bo o ba letla go go goga ka nko jaaka e kete o “pawn” mo motshamekong wa “chess”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela