LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/09 ts. 12-15
  • Ke Mang yo o Tsibogang fa o Kopa Thuso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang yo o Tsibogang fa o Kopa Thuso?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Seno se Thusang Setšhaba ka Teng
  • Go Thapisediwa go Boloka Matshelo
  • Dikotsi le Dikgwetlho
  • Go Kopa Thuso ya Potlako Kwa Lontone
    Tsogang!—2006
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2009
  • Thuso ya Kalafi ka Dipalangwa
    Tsogang!—2010
  • Dikokelo Fa O Le Molwetsi
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 4/09 ts. 12-15

Ke Mang yo o Tsibogang fa o Kopa Thuso?

Ka go tobetsa konopo fela, dipone tsa thuso ya potlako tsa ambulense ya rona di bonala mo dikoloing le mo meagong. Sedirisiwa se se tlhabang mokgosi se se lelelang kwa godimo se dira gore dikoloi le batho ba ba tsamayang ka dinao ba eme mme seno se dira gore re kgone go feta mo gare ga dikoloi gore re tle re tsibogele kopo ya thuso.

KE NTSE ke le modiri wa kalafi ya potlako mo e ka nnang ka dingwaga tse di fetang 20 mme ke thusa batho ba ba lwalang le ba ba gobetseng ka kalafi ya potlako pele ga ba fitlha kwa kokelong.a Letsatsi lengwe le lengwe la tiro le na le maemo a masha a a farologaneng. Maemo a ke ileng ka kopana le one a farologana go tloga ka a a tlwaelegileng go ya go a a sa tlwaelegang mme ke bone ditlamorago tse di nnileng le diphelelo tse di itumedisang le masetlapelo a mantsi a a sa itumediseng.

Kafa Seno se Thusang Setšhaba ka Teng

Badiri ba kalafi ya potlako ke karolo e e botlhokwa thata ya thulaganyo ya kalafi kwa Canada. Kalafi e e tshwanelang e ba e nayang motho pele ga a fitlha kwa kokelong e ka boloka botshelo kgotsa bobotlana ya fokotsa bomasisi jwa malwetse mangwe le dikotsi dingwe.b

Mo mafelong a le mantsi badiri ba kalafi ya potlako ba bereka diura di le 24 ka letsatsi, malatsi a le 365 ka ngwaga. Ba ka nna ba bo ba hirilwe ke masepala, ba tsa kgwebo, kgotsa mokgatlho mongwe wa tirelo ya kalafi ya potlako o o amanang le kokelo. Ba bangwe ba bereka le ba diambulense kgotsa ba lephata la batimamolelo.

Banna le basadi bano ba ba thapisitsweng ka tsela e e kgethegileng ba tsiboga ka bonako fela fa ba sena go amogela kopo ya thuso ya potlako. Seno se ka direga nako nngwe le nngwe fela, ba sa bolelelwa go sa le gale. Akanya ka se modiri wa kalafi ya potlako a thapiseditsweng go se dira.

Go Thapisediwa go Boloka Matshelo

Le fa gone thapiso ya badiri ba kalafi ya potlako le tsela e ba bidiwang ka yone di farologana go ya ka diporofense tsa kwa Canada, gantsi di kgaoganngwa ka dikarolo di le nnè—motho yo o tsibogelang kalafi ya potlako, modiri wa kalafi ya potlako yo o neelang thuso ya konokono ya kalafi, motho yo o thusang ka kalafi e e botlhokwa le motho yo o go neelang kalafi fa seemo se le masisi. Balaodi bangwe ba puso le ba kalafi ba batla disetifikeiti tse di bontshang gore motho o ithutetse ditiro tseno.

Mo kgannyeng ya me mono Canada, thapiso ya motheo e akaretsa diura di le dintsi mo tlelaseng, kwa kokelong le mo ambulenseng. Re ile ra ithuta gore re ka sekaseka jang matshwao a a botlhokwa, kafa re ka dirisang didirisiwa tse di thusang motho ka okesejene le tsa go hema le kafa re ka thusang pelo gore e boe e iteye gape le gore ditshika tsa yone di dire sentle gape (cardiopulmonary resuscitation [CPR]), mmogo le tsela ya go bofa difapo, didirisiwa tse di dirisiwang go tlhamalatsa marapo a a robegileng le tse di thusang gore lerapo la mokokotlo le se ka la suta.

Go tswa foo go nna le thapiso e e botlhokwa ya go bona kafa balwetse ba alafiwang ka teng e e neng ya tsaya diura di le 300 e e neng e le kwa mafelong a kalafi ya potlako, a go tlhokomelwang balwetse ba ba lwalang thata le a go belegelwang mo go one mo dikokelong tse di farologaneng. Lekgetlho la ntlha la fa ke thusa go belegisa ngwana e ne e le boitemogelo jo nka se bo lebaleng—go ne go ntse e kete ke ne ke le karolo ya sengwe se se gakgamatsang se se neng se direga! Tiragalo eno le tse dingwe di ile tsa nthusa gore ke siamele thapiso ya me e e latelang, e e neng e akaretsa diura tse di fetang 300 tsa dilo tse di neng di diragala mo ambulenseng ke kaelwa le go tshegediwa ke badiri ba bangwe ba babedi ba kalafi ya potlako ba ba nang le maitemogelo. Fa ke sena go falola ditlhatlhobo tse di kwalwang le tsa go dira dilo tse ke di ithutileng, ke ne ka newa setifikeiti sa go nna mothusi wa kalafi ya potlako, e gone jaanong go tweng ke ya modiri wa kalafi ya potlako yo o neelang batho kalafi ya konokono.

Ka dingwaga di le mmalwa ke ne ke bereka kwa metseselegaeng le mo ditoropong. Ke ne ka bona ka bonako kafa bokgoni jwa me jo bosha jwa go boloka botshelo bo leng botlhokwa ka teng, fa modiri mongwe yo o agang yo o neng a na le setlhabi mo sehubeng a ne a tsena mo lephateng la kalafi ya potlako ya kokelo. Ka bonakonyana fa a sena go goroga, pelo ya monna yono e ne ya ema. Ke ne ka bereka le dingaka le baoki ba ba neng ba mo dira CPR le go dirisa motšhini o o thusang pelo go itaya gape mme ba mo naya melemo. Mo metsotsong e se kae, pelo ya molwetse yoo e ne ya itaya gape mme a simolola go hema ka boene. Morago ga foo, o ne a isiwa kwa lephateng la batho ba ba lwalang thata la (critical care unit [CCU]). Ka letsatsi le le latelang, ke ne ka romelwa kwa CCU, mme ngaka nngwe e ne ya nkitsise monna yo o neng a dutse mo bolaong a bua le mosadi wa gagwe. Ke ne ke sa lemoge gore ke ene, go fitlha a re: “A o a nkgakologelwa? O bolokile botshelo jwa me maabane!” Joo e ne e le boikutlo jo bo itumedisang thata.

Karolo ya bofelo ya thapiso ya me e ne e akaretsa go bereka le ngaka e e neng ya tsamaya le nna ka diura di le 12 go bona kafa ke dirang ka teng mo go tlhokomeleng balwetse. Kgabagare, ke ne ka falola ditlhatlhobo tse di kwalang le tsa go dira ditiro tse di rileng mme ka fiwa setifikeiti sa go nna modiri wa kalafi ya potlako yo o tsweletseng pele.

Badiri ba kalafi ya potlako ba dira kafa tlase ga kaelo ya mokaedi wa kalafi, yo gantsi a berekang le komiti ya kgakololo ya kalafi e e rulaganyang dithulaganyo tse di kwadilweng tsa kalafo. Kalafi ya potlako e badiri ba kalafi ya potlako ba thusang batho ka yone e theilwe mo dithulaganyong tseno, kgotsa ba dira ka go kaelwa ka radio kgotsa ka go buisana le dingaka tse di rileng ka founo. Ka ntlha ya seno, badiri ba kalafi ya potlako ba tlhalosiwa e le matlho, ditsebe le diatla tsa dingaka. Kalafi e e neelwang molwetse kwa gae, kwa dikagong tsa batho botlhe, kgotsa fa go na le kotsi ya koloi e ka simolola ka go naya motho okesejene, melemo le go dirisa motšhini o o tla thusang gore pelo e iteye gape go ya mo go tsenyeng motho tšhupu le go dira mefuta mengwe ya dikaro tse dinnye.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Bokgoni Jwa go Alafa Jwa Badiri ba Kalafi ya Potlako,” mo tsebeng ya 15.

Dikotsi le Dikgwetlho

Badiri ba kalafi ya potlako ba lebana le dikotsi le dikgwetlho letsatsi le letsatsi. Ba bereka mo maemong a a farologaneng a bosa mme ka dinako tse dingwe, mo mafelong le mo maemong a a sa babalesegang. Tota le go ya kwa lefelong le go kopiwang thuso ya potlako gone go ka nna kotsi.

Go bereka ka madi, diedi tsa mmele le malwetse a a tshwaetsanang ke kotsi e re lebanang le yone ka metlha. Go itshireletsa, re tsenya dilo tse di sireletsang tse di jaaka ditlelafo, dithibanko, diborele kgotsa disireletsi tsa sefatlhego le disutu tse di kgethegileng kgotsa diaparo dingwe tse di rileng.

Go tlhokomela balwetse go akaretsa go dirisana le ba malapa a bone, ditsala tsa bone kgotsa le e leng batho ba ba sa ba itseng, go amega maikutlo ga bone go ka nna ka tsela e e feteletseng kgotsa e e sa laolesegeng. Go utlwisa botlhoko thata fa monna le mosadi ba ba nnileng mmogo ka masome a dingwaga ba kgaoganngwa ke loso. Ga go motlhofo go begela molekane yo o setseng gore yo mongwe o tlhokafetse. Ka lekgetlho lengwe ke ne ka tshwanelwa ke go bolelela mosadi mongwe gore monna wa gagwe o tlhokafetse. O ne a tsibogela seo ka go mpetsa, a taboga a tswa mo ntlong a sianela kwa mmileng a goa le go lela. Ke ne ka mo tshwara mme o ne a retologa, a ntshwara, a ntlamparela mme a simolola go lela ka tsela e e sa gomotsegeng a ikegile ka nna.

Fa o buisana le batho ba ba nang le mathata a tlhaloganyo kgotsa ba ba dirisitseng bojalwa kgotsa diokobatsi go tla tlhoka gore o ba akanyetse o dirise botlhale le go ba utlwela botlhoko. Batho ba ba mo seemong se se ntseng jalo ba ka nna ba bo ba sa laolesege. Mo tirong eno ya me, ke ile ka lomiwa, ka kgwelwa mathe le go tlhaselwa ka ditsela tse dingwe ke balwetse ba ba neng ba sa kgone go itshwara.

Tiro eno gape e a lapisa, ka gore gangwe le gape o tlhoka go tsholetsa dilo tse di bokete, mme ka dinako tse dingwe o sa nna ka tsela e e tshwanetseng. O dirisa nako e ntsi o khubame ka mangole kgotsa o iname fa o ntse o alafa balwetse. Rona badiri ba kalafi ya potlako re nna le dikgobalo tse di amanang le tiro thata. Go tlwaelegile thata gore re gobale mekwatla, magetla le mangole. Dikgobalo tse dingwe di masisi thata mo e leng gore di ka dira gore motho a se ka a tlhola a kgona go nna modiri wa kalafi ya potlako. Go lebeletswe gape le gore re bereke ka dinako tse di farologaneng motshegare kgotsa bosigo mme seo le sone se ka lapisa thata.

Go tlhokomela batho ba ba nang le bolwetse jo bo kotsi kgotsa ba ba gobetseng thata go lapisa thata mo mogopolong le mo maikutlong. Modiri wa kalafi ya potlako o tshwanetse go nna a ritibetse, a akanyetse dilo sentle le go dira ditshwetso tse di siameng fa go nna le mathata. Badiri ba kalafi ya potlako ke batho ba ba bonang kafa batho ba bogang le go welwa ke masetlapelo ka teng. Ba bona batho ba ba gobetseng thata le go ba alafa. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle lekawana lengwe le le neng le papetlilwe mo kotsing kwa madirelong. Le fa go ne go se na sepe se o ka kgonang go se bona sa mmele wa gagwe go tloga kafa tlase ga sehuba sa gagwe, o ne a kopa nna le modiri mmogo ka nna gore re se ka ra mo letla gore a swe. Ka maswabi, le fa rona le setlhopha sa dingaka le baoki re ne re dirile gotlhe mo re ka go kgonang, o ne a swa nako e e kafa tlase ga ura moragonyana.

Dilo tse dingwe tse di diragalang di tlhomola pelo thata. Ke ne ka bilediwa go ya go thusa kwa ntlong nngwe e e neng e sha phakela mo mosong. Monna o ne a sa tswa go goroga go tswa tirong fa mosadi wa gagwe le morwadie wa dingwaga di le tharo ba ne ba falola mo ntlong ya bone e e shang. Bana ba bangwe ba bararo, ba ba nang le dingwaga tsa go tloga ka dikgwedi di le nnè go ya go dingwaga di le tlhano, le rremogolo wa bone ba ne ba kgabeletswe mo ntlong go fitlha batimamolelo ba kgona go ba ntsha mo ntlong. Ke ne ke le mongwe wa ditlhopha tsa badiri ba kalafi ya potlako ba ba neng ba dira matsapa a bophiri go boloka matshelo a bone.

Gongwe gone jaanong o ipotsa gore ke ka ntlha yang fa motho a nna modiri wa kalafi ya potlako. Ka dinako tse dingwe le nna ke ipotsa potso eo. Ke gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamarea yo molemo yo ka go rata a ileng a ithaopa go thusa monna yo o gobetseng. (Luke 10:30-37) Go nna modiri wa kalafi ya potlako le gone go akaretsa go intsha setlhabelo go dira ka natla le go amega ka motho yo o kopang thuso. Mo go nna, go nna modiri wa kalafi ya potlako e nnile tiro e e duelang, mme gone ke lebeletse pele nako ya fa ke tla bo ke sa tlhole ke bereka. Ke ka ntlha yang ke tla bo ke sa bereke? Ka gonne fela jaaka Modimo o solofetsa, gautshwane go tla bo go sa tlhole go na le ope yo o reng: “Ke a bobola.” Mo godimo ga moo, ‘loso le khutsafalo di tla bo di sa tlhole di le gone.’ (Isaia 33:24; Tshenolo 21:4)—Jaaka go boletse modiri wa kalafi ya potlako kwa Canada.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e malebana le go lwa ga segakolodi sa Mokeresete le kgang ya go nna modiri wa kalafi ya potlako, bona Tora ya Tebelo ya April 15, 1999, tsebe 29, le ya April 1, 1975, tsebe 215-216, ka Seesemane.

b Mo dinageng dingwe badiri ba kalafi ya potlako ga ba tsene le batho mo diambulenseng. Ke boikarabelo jwa mokgweetsi wa ambulense gore a ise molwetse kwa kokelong ka bonako ka mo go ka kgonegang ka teng.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Ke ne ke sa lemoge gore ke ene go fitlha a re: “A o a nkgakologelwa? O bolokile botshelo jwa me maabane!” Joo e ne e le boikutlo jo bo itumedisang tota

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Mo tirong ya me, ke ile ka lomiwa, ka kgwelwa mathe, le go tlhaselwa ka ditsela tse dingwe ke balwetse ba ba neng ba sa kgone go itshwara

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]

BOKGONI JWA GO ALAFA JWA BADIRI BA KALAFI YA POTLAKO

Modiri wa kalafi ya potlako o thapisitswe go tlhomamisa gore molwetse o kgona go hema sentle, gore moya o kgone go fetela kwa makgwafong. Seno se ka nna sa akaretsa kalafi e e bidiwang intubation e leng go fetisa tšhupu ya polasetiki e e obegang mo kgokgotshong, e fetisiwa ka molomo le mo dikodung, go dirisiwa sedirisiwa se se bidiwang laryngoscope. Kgotsa go dirisa kalafi e go tweng ke cricothyrotomy, e leng go dirisa lomao, sedirisiwa se sennye se se bidiwang catheter, terata e e kaelang, le thipa e e arang go tsenya catheter e kgolwane mo thamong ya molwetse gore e fetele mo kgokgotshong. Go tsenya lomao le catheter mo marapong a sehuba go dirisiwa fa go na le seemo se se kotsi sa mathata a lekgwafo le le sa berekeng.

Bokgoni jo bongwe ke kalafi ya lomao. Go dirisiwa lomao go tsenya catheter mo tshikeng. Ka jalo, go ka tsenngwa metswako e e jaaka motswako o o tlwaelegileng wa letswai. Kgotsa fa go sa dirisiwe seo, go ka dirisiwa sedirisiwa se se kgonang go tsenya seedi ka tlhamalalo mo mokong wa lerapo.

Modiri wa kalafi ya potlako a ka nna a dirisa cardiac monitor/defibrillator go sekaseka electrocardiogram ya molwetse. Mo godimo ga moo, sedirisiwa seno se ka dirisiwa go dira gore pelo e boe e iteye gape le go dira sentle fa e le gore e ne e eme kgotsa se ka dirisediwa go fokotsa go itaya ga pelo ka bonako ka tsela e e kotsi. Monitor/defibrillator e ka dirisiwa gape jaaka pacemaker (sedirisiwa se se thusang pelo go itaya sentle) e e berekang e le kafa ntle ga mmele go oketsa lobelo lwa pelo e e itayang ka bonya thata.

[Motswedi wa Setshwantsho]

All photos: Taken by courtesy of City of Toronto EMS

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

Taken by courtesy of City of Toronto EMS

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela