Bana ba ba Ngomogileng Pelo
◼ “Ke ne ke se na nako e e lekaneng. Ke lapile,” seno se ne sa bolelwa ke Pablo mosimanyana wa dingwaga di le robedi, fa morutabana wa gagwe a ne a mmotsa ka tiro ya gagwe ya sekolo e e direlwang kwa gae. Fela jaaka mosimanyana yono yo o nang le matlho a a tletseng boroko, bana ba le bantsi kwa Spain ba lebana le malatsi a maleele a a lapisang a a ka akaretsang diura di le 12 kgotsa go feta tsa go ithuta le go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. Ke ka ntlha yang fa bana ba le bantsi ba tshwanelwa ke go dira tiro e ntsi jaana ya sekolo?
Batsadi bangwe ba kwadisa bana ba bone mo dilong tse di dirwang morago ga sekolo gore ba dire gore ba nne le se ba ka se dirang go fitlha Mama le Papa ba tla gae. Ba bangwe ba dira gore basha ba bone ba nne le thulaganyo e e ba tseelang nako e ntsi gore ba kgone go bona maduo a mantle thata kwa sekolong le gore ba kgone go bona tiro ya maemo a a kwa godimo. E le go fitlhelela seo, batsadi ba le bantsi kwa Korea Borwa ba romela bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome kwa dikolong tse di rutang thuto e e tseneletseng, kwa ba tshwanelwang ke gore ba itshokele thulaganyo e e lapisang, ka dinako dingwe go simolola ka 7:30 mo mosong go fitlha bosigogare kgotsa go feta moo, malatsi a le supa ka beke. Lokwalodikgang lwa New York Times lo bega jaana: “Ba ikaelela go dira sengwe le sengwe gore bana ba bone ba tsene kwa diyunibesithing tsa maemo a a kwa godimo.”
Lokwalodikgang lo lo tswang beke le beke lwa kwa Spain lwa Mujer hoy lo bega jaana: “Batsadi ba ba batlang mo gontsi mo baneng ba bone, ba batlela bana ba bone dilo tse di molemo mme le fa go ntse jalo ba batla se se fetang maatla a bone.” Gore ba kgotsofatse batsadi ba bone, bana ba ka nna ba dira se se fetang maatla a bone mme seno se ka ba ngomola pelo thata. Moporesidente wa Spanish Society for the Study of Anxiety and Stress yo o bidiwang Antonio Cano a re: “Go ya ka patlisiso ya rona, bana ba bannye ba imetswe.” Go ya ka motswedi mongwe wa tshedimosetso, diperesente di le 40 tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga 15 kwa Spain ba gateletswe thata mo maikutlong. Kgatelelo e e ntseng jalo e ka ba gobatsa kgotsa ya bo ya felela ka go dira gore ba ipolaye. Ka sekai, go ya ka The New York Times kwa Korea Borwa, “mo basheng ba dingwaga di le 10 go ya go 19 lebaka la ntlha la go swa ga basha ke dikotsi tsa ditsela mme go bo go latelwa ke go ipolaya.”
Gone ke boammaaruri gore basha ba tshwanetse go dira ka natla kwa sekolong mme batsadi ba tshwanetse go ba thusa kafa ba ka kgonang ka teng ka gonne dingwaga tseo di tla gangwe fela. Mme le fa go ntse jalo, morutabana mongwe yo o bidiwang Irene Arrimadas o bolela gore “bana ga se bagolo. Ba ka se kgone go emelana le malatsi a matelele a a lapisang jalo.” Ka go lemoga seno, batsadi ba ba lorato ba tlhomamisa gore bana ba bone ba na le nako e e lekaneng ya go ikhutsa le go nna le seabe mo dilong tse dingwe tse di itumedisang tse ba di dirang le lelapa. Fa Kgosi Solomone yo o botlhale a ne a bontsha botlhokwa jwa go lekalekanya dilo o ne a kwala jaana: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 4:6.a
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e oketsegileng ka kgang ya go gatelelwa mo maikutlong go bana ba le bantsi ba lebanang le gone, bona motseletsele wa ditlhogo tse di reng “Go Gatelelwa Fa o Le Kwa Sekolong Le fa O se Kwa Sekolong” mo kgatisong ya April 2009 ya makasine wa Tsogang!