Ke Ranotse mo Sephiring ka Dingwaga di le 30
Jaaka go boletse Ona Mockutė
Ka April 1962 ke ne ka sekisiwa mo kgotlatshekelong e e tletseng kwa Klaipeda, kwa Lithuania, ke latofadiwa ka go tlola molao wa setšhaba. Mo kgweding ya October mo ngwageng o o fetileng ke ne ke tshwerwe mme ka latofadiwa ka tiro ya bodumedi e e neng e tsewa e le tlolomolao kgatlhanong le Puso ya Soviet. Mma ke tlhalose gore ke eng se se ileng sa dira gore ke tshwarwe mme ke bo ke romelwe kgolegelong ka ntlha ya go ranola dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa mo sephiring.
KE NE ka tsholwa ka 1930 kwa bophirima jwa Lithuania, e e seng kgakala le Lewatle la Baltic. Pele ke tsholwa mmè o ne a rapeletse gore ngwana wa gagwe e nne moitlami. Le fa go ntse jalo, o ne a kile a mpolelela jaana: “Ga go na ka tsela e ke neng nka rapela fa pele ga St. Peter kgotsa setshwantsho sengwe se se se nang botshelo.” E re ka ke ne ke gakologelwa seno ke ne ka tila go khubama kwa kerekeng, le fa gone ke ne ke khubama fa pele ga sefapaano fa ke ne ke ya gae ke tswa sekolong.
Moragonyana, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II—e e simolotseng ka 1939 go fitlha ka 1945—ke ne ka bona bosetlhogo jo bo feteletseng mme seno se ne se ntshwenya fela thata. Letsatsi lengwe ka nako ya fa Jeremane e ne e gapile motse wa rona, ke ne ke ile kwa sekgweng le mmangwane go ya go kgetla meretlwa. Re ne ra bona mesima e mebedi e megolo e e neng e kgatshitswe ka madi. E re ka re ne re itse gore setlhopha sa Bajuda ba ba neng ba akaretsa ditsala tsa me tsa kwa sekolong e bong Tese le Sara, ba ne ba bolailwe bosheng jaana, re ne ra swetsa ka gore re bone lebitla la bone. Ke ne ka goa jaana ke gamaregile: “Modimo, o molemo! Mme ke ka ntlha yang fa o letlelela bosetlhogo jo bo kana kana?”
Ka 1949, ke ne ka aloga mo sekolong se segolwane kwa Klaipeda e e neng e le gaufi le kwa gae, mme morago ke ne ka tswelela ke ithutela mmino. Ka 1950 ke ne ka nna leloko la mokgatlho wa baithuti wa dipolotiki mme re ne ra okiwa mme nna mmogo le ba bangwe ba le 12 re ne ra tshwarwa. Ke ne ka romelwa kgolegelong kwa Klaipeda mme fa ke le koo, ke ne ka kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka lekgetlho la ntlha.
Ke ne Ka Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele
Mosadi mongwe wa dingwaga tse di mo magareng o ne a latlhelwa mo seleng ya rona kwa kgolegelong. O ne a nyenya ka botsalano a lebile rona basadi ba basha ba le supa. Ke ne ka mmotsa jaana: “Ao mma, gantsi magolegwa a hutsafetse fa ba tsenngwa mo kgolegelong mme wena o a nyenya! A nka botsa gore ke ka ntlha yang o le fano?”
O ne a araba jaana: “Ka ntlha ya boammaaruri.”
Ke ne ka mmotsa jaana: “Boammaaruri ke eng?”
Leina la mosadi yoo e ne e le Lydia Peldszus. E ne e le Mojeremane yo o neng a tshwaretswe tumelo ya gagwe ya go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra nna le metlotlo e mentsi ya Baebele. Boammaaruri jo bo itumedisang jo Lydia a neng a re ruta jone ga bo a fetola botshelo jwa me fela mme gape bo ne jwa fetola le botshelo jwa basadi ba bangwe ba bararo ba ba neng ba na le rona mo seleng.
Kafa Kitso Ya me Ya Baebele e Neng ya Gola ka Teng
Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le 25 kwa kgolegelong mme di le tlhano ke le kwa nageng ya botshwarwa, ka ntlha ya go nna mo mokgatlhong wa dipolotiki o o neng o le kgatlhanong le go gapiwa ke puso ya Soviet. Kitso ya me ka Modimo le maikaelelo a gagwe e ne ya gola ka ntlha ya Basupi ba ke neng ka kopana le bone mo dingwageng tse ka tsone ke neng ke le kwa kgolegelong le kwa dikampeng tsa kwa Siberia tse go dirwang tiro e e boima gone. Fela jaaka Lydia, Basupi bano ba ne ba otlhaetswe tumelo ya bone.
Mo godimo ga go gola ga kitso ya me ya Baebele mo dingwageng tseo, ke ne gape ka bolelela ba bangwe ka tumelo ya me. Le fa ke ile ka se ka ka nna le tshono ya go kolobediwa go bontsha boineelo jwa me mo Modimong, bagolegwa bangwe le badiredi ba bagolo ba kgolegelo ba ne ba ntsaya ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka 1958 morago ga go nna kwa kgolegelong dingwaga di le robedi mo go tse ke neng ke di atlholetswe, ke ne ka gololwa. Ke ne ka boela kwa Lithuania botsogo jwa me bo le bokoa mme tumelo ya me mo go Jehofa yone e ne e nonofile.
Tiro ya go Ranola mo Sephiring e a Simolola
Ka nako eo go ne go setse Basupi ba le mmalwa fela kwa Lithuania. Ba bangwe ba ne ba le kwa kgolegelong kgotsa e le batshabi kwa Siberia. Ka 1959, Basupi ba le babedi ba ne ba boa go tswa kwa Siberia mme ba ne ba akantsha gore ke ranolele dikgatiso tsa rona tsa Baebele mo puong ya Se-Lithuania. Ke ne ka amogela kgwetlho eo ka boitumelo, ke e leba e le tshiamelo.
Ka March 1960, ke ne ka simolola go ranola mme ka July ke ne ka kolobediwa mo sephiring kwa Nokeng ya Dubysa. Ka ntlha ya kganetso ya KGB [Soviet State Security Committee (Komiti ya Sepodisi ya Puso ya Soviet)] ke ne ke sa kgone go bona tiro gore ke itshedise, ka jalo, ke ne ke nna le batsadi ba me ba ba neng ba sa ganetse ditumelo tsa me. Ke ne ke disa dikgomo tsa ga rre le tsa baagelani ba bangwe. Fa ke ntse ke disitse diphologolo tseno, gape ke ne ke ranola. Ke ne ke na le ofisi e ntle tota, fa ke dutse mo sesaneng sa setlhare ke dikologilwe ke bojang jo botala. Siling ya me e ne e le loapi lo lotala mme dirope tsa me e ne e le teseke ya me.
Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore go ranola kwa mafulong go ne go sa babalesega e re ka badiredi ba KGB kgotsa ditlhodi tsa bone di ne di ka nna tsa ntemoga. Ka jalo, fa go ne go simologa go nna le mafelo a go iphitlha a ke neng nka ranola kwa go one, ke ne ka tswa kwa gae. Ka dinako dingwe ke ne ke berekela kwa mabolokelong kwa diphologolo di neng di le kafa letlhakoreng le lengwe mme kafa letlhakoreng le lengwe nna ke ne ke tswelela ke tlanya mo motšhineng wa me wa go tlanya.
Go ne go se na motlakase, ka jalo ke ne ke bereka motshegare. Go dira gore modumo wa motšhine wa me wa go tlanya o se ka wa utlwala, go ne ga agiwa lefetlho fela ka kwa ntle ga bobolokelo. Fa go ne go nna lefifi ke ne ke tsena kwa ntlong ke bo ke ja dijo tsa maitseboa. Morago ga foo ke ne ke boela kwa bobolokelong mme ke bo ke robala mo bolaong jwa bojang.
Ka October 1961 fa tiro ya me ya bodumedi e lemogiwa, ke ne ka tshwarwa mmogo le Basupi ba bangwe ba le babedi. Seno se ne sa felela ka tsheko e e neng ya nna teng ka 1962 e ke e umakileng kwa tshimologong ya kgang eno. Puso e ne ya re letla go tlhalosa phatlalatsa se re neng re se dumela mme re ne ra itumela gore re kgonne go neela batho ba bantsi ba ba neng ba le teng bosupi. (Mareko 13:9) Ke ne ka newa katlholo ya dingwaga di le tharo kwa kgolegelong mme ka romelwa kgolegelong ya kwa Tallinn, kwa Estonia. Go ya ka se ke se itseng, ka nako eo e ne e le nna fela motho yo o neng a tshwerwe ka ntlha ya tumelo ya me. Batsamaisi ba motse ba ne ba tla go nketela mme ke ne ka ba bolelela se ke se dumelang.
Go Tswelela ka Tiro ya go Ranola
Fa ke sena go gololwa kwa kgolegelong kwa Estonia ka 1964 ke ne ka boela kwa Lithuania. Fa ke ne ke le koo, ke ne ka tswelela ka tiro ya go ranola dikgatiso tsa rona, gantsi ke di ranola go tswa mo puong ya Se-Russia go ya go Se-Lithuania. Tiro eo e ne e le e ntsi tota. Le fa batho ba bangwe ba ne ba nthusa, ke nna fela ke neng ke le moranodi wa ka metlha wa puo ya Se-Lithuania. Gantsi ke ne ke bereka malatsi a le supa ka beke go tswa phakela go fitlha maitseboa. Fa e ka bo e se ka thuso ya ga Jehofa, nka bo ke sa nna le maatla a go dira tiro eo.
E re ka ke ne ke lemoga gore tiro eo e ne e le botlhokwa jang, ke ne ke leka go nna kelotlhoko ka metlha. Gantsi bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ne ba baya matshelo a bone le a malapa a bone mo kotsing e le gore ba tle ba mphitlhe, ba ntlamele ka dilo tse ke neng ke di tlhoka le go ntshireletsa. Tirisanommogo e e ntseng jalo e ne ya dira gore re atamalane thata. Fa ke ntse ke bereka, lelapa le ke neng ke nna le lone le ne la nna le tlhokometse go bona ba ba neng ba ka ntlaleya. E le tsela ya go ntlhagisa, mongwe o ne a tla itaya diphaepe tse di gotetsang ka tshipi gabedi. Fa ke utlwa tlhagiso eo, ka bonako fela ke ne ke fitlha sengwe le sengwe se se neng se ka nna bosupi jwa tiro e ke neng ke e dira.
Fa re lemoga gore go na le mongwe yo o lebileng ntlo e ke neng ke berekela mo go yone, ka bonako fela ke ne ke ya kwa lefelong le lengwe. Ka nako eo, go nna le motšhine wa go tlanya kwantle ga tetla e ne e le tlolomolao e e masisi, ka jalo mongwe o ne a isa motšhine wa me wa go tlanya kwa lefelong le lesha le ke neng ke tla direla kwa go lone. Morago ga foo, gantsi bosigo ke ne ke fudugela kwa lefelong le lesha leo.
Ruri Jehofa o ne a ntshireletsa. Le fa badiredibagolo ba ne ba se na bosupi, ba ne ba itse gore ke dira eng. Ka sekai, ka 1973, fa Basupi ba ga Jehofa ba le robedi ba ne ba sekisiwa, mosekisi o ne a mpitsa gore a tle go mpotsa dipotso. O ne a mpotsa jaana ka tlhamalalo: “Mockutė o setse o gatisitse dikgatiso tse kae mo dingwageng tse di fetileng?”
Ke ne ka mo raya ka re nka se kgone go araba potso eo. Morago ga foo o ne a mpotsa gore, “Ke potso efe e o ka kgonang go e araba?”
Ke ne ka araba ka re: “Ke potso e e sa amaneng le tiro eno.”
Maemo a a Fetoga
Go ela kwa bofelong jwa bo1980 maemo a kwa Lithuania a ne a simolola go fetoga. Go ne go sa tlhole go tlhokega gore re iphitlhele baemedi ba puso. Ka jalo, ka 1990, ba bangwe ba ne ba simolola go dira tiro ya go ranola. Morago ga foo, ka September 1, 1992 go ne ga tlhomiwa ofisi e nnye ya thanolo kwa Klaipeda, toropo e kgabagare ke neng ka nna kwa go yone.
Fa ke tlhakanya dingwaga, ke berekile dingwaga di le 30 ke le moranodi, mo mafelong a le 16. Ke ne ke se na ntlo. Le fa go ntse jalo, a bo ke itumelela go bona matswela a tiro ya rona jang ne! Gompieno go na le mo e ka nnang Basupi ba ga Jehofa ba le 3 000 kwa Lithuania. Mme tiro ya go ranola e ke neng ke e dira ke iphitlhile mo mafelong a polokelo le mo matlwaneng a a kwa godimo, gone jaanong e diriwa ka kgololesego kwa ofising ya lekala ya Lithuania gaufi le toropo ya Kaunas.
Ke sa ntse ke gakologelwa maitemogelo a a sa tlwaelegang a ke nnileng le one kwa seleng e e tsididi mo e ka nnang dingwaga di le 60 tse di fetileng kwa Klaipeda. A ne a fetola botshelo jwa me! Ke tla nna ke leboga Mmopi yo mogolo wa rona e bong Jehofa, gore ke bone boammaaruri ka ene le maikaelelo a gagwe le gore ke ne ka ineela mo go ene go dira go rata ga gagwe.
[Mafoko a a mo go tsebe 13]
Boammaaruri jwa Baebele jo bo itumedisang jo Lydia a neng a re ruta jone bo ile jwa fetola matshelo a rona re le banè
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Tsheko ya me e ne ya tlhagelela mo lokwalodikgannyeng lwa Soviet ka 1962
[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]
Dingwe tsa dikgatiso tsa Baebele tse ke di ranotseng ke baya kgololesego ya me mo kotsing
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Lydia o ne a nthuta boammaaruri jwa Baebele kwa kgolegelong
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Basupi ba babedi (kafa molemeng) ba ne ba nthuta mo go oketsegileng ka Modimo fa ke ne ke le kwa kampeng ya kgolegelo kwa kgaolong ya Khabarovsk, kwa Russia, ka 1956
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Motšhine wa go tlanya o ke neng ke o dirisa fa tiro ya rona e ne e thibetswe