Basha ba Botsa Jaana
Nka Dirisa Jang Nako Ya me Ka Botlhale?
“Ke ne ka utlwa mongwe a dira metlae fela a bolela gore fa o batla gore ke bo ke le kwa lefelong lengwe ka ura ya bonè o tshwanetse go mpolelela gore ke fitlhe koo ka ura ya boraro. Ke gone fa ke neng ka lemoga gore ke tshwanetse go dirisa nako ya me ka botlhale!”—Ricky.a
O NE o ka rata go nna le diura tse kae tse di oketsegileng mo letsatsing? O ne o ka dirisetsa nako e e oketsegileng eo eng?
□ Go itisa le ditsala
□ Go robala
□ Go ithuta
□ Go itshidila mmele
□ Tse dingwe ․․․․․
Le fa go ka tswa go ne go ka nna molemo go oketsa letsatsi ka diura di le mmalwa, seo se ka se direge! Ka jalo, ke eng se o ka se dirang? Basha ba le bantsi ba fitlhetse gore go dirisa nako ya bone sentle go ne ga ba thusa gore ba bone diura di le mmalwa tse di oketsegileng tse ba neng ba di tlhoka thata. Gape ba lemogile gore go laola tsela e ba dirisang nako ya bone ka yone go ne ga fokotsa go ngomoga pelo, ga tokafatsa maduo a bone kwa sekolong mme ga dira gore batsadi ba bone ba ba tshepe ka tsela e kgolwane. Mma re bone gore go dirisa nako ka botlhale go ka go thusa jang.
Kgwetlho #1 Go Dira Thulaganyo
Se se ka go thibelang. Kakanyo fela ya go dira thulaganyo e dira gore o ikutlwe e kete o gaeletswe! O rata go itirela dilo fela, mme ga o batle gore motsotso mongwe le mongwe wa botshelo jwa gago o laolwe ke thulaganyo.
Lebaka la go bo o tshwanetse go go dira. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” (Diane 21:5) Ga go na pelaelo gore Solomone e ne e le motho yo o tshwaregileng. E ne e le monna yo o nyetseng, e le rre mme gape e le kgosi—go ka direga gore dilo tseno tsotlhe di diregile pele a nna le dingwaga di le 20! Mme o ne a na le mo gontsi go go dira le go feta morago ga moo. Ka tsela e e tshwanang le wena o na le dilo tse dintsi tse o di dirang gone jaanong. Mme gongwe fa o ntse o gola o tla nna le dilo tse di oketsegileng tse o tshwanetseng go di dira. Go botoka gore o nne le thulaganyo gone jaanong go na le go e dira mo nakong e e tlang!
Se balekane ba gago ba se bolelang. “Mo e ka nnang dikgwedi di le thataro tse di fetileng, ke ne ka simolola go rulaganya dilo tsa me ka metlha. Ke ne ke leka go dira gore dilo di nne motlhofo mme go bonala fa go nna le thulaganyo go ne go nthusa!”—Joey.
“Go dira lenaane go dira gore ke latele thulaganyo ya me. Fa ke na le dilo tse dingwe tse dintsi tse ke tshwanetseng go di dira, nna le mmè ra di kwala re bo re leka go bona gore re ka thusana jang gore re fitlhelele mekgele ya rona.”—Mallory.
Se se tla go thusang. Go lebe ka tsela eno: Mma re re lo tsaya loeto. Mongwe le mongwe mo lelapeng o latlhela beke ya gagwe mo butung ya koloi. Go lebega e kete dilo di ka se lekane mo butung. Lo ka dira eng? Lo ka nna lwa ntsha dilo tsotlhe mme lwa simolola gape, lo tsenya dibeke tse dikgolo pele. Fa lo ntse lo di tsenya, lo tla bona lo nna le phatlha ya gore lo tsenye dibeke tse dinnye.
Go ntse jalo le ka botshelo jwa gago. Fa o simolola go tlatsa nako ya gago ka dilo tse dinnye o ipaya mo kotsing ya gore o se ka wa kgona go bona nako ya dilo tse di botlhokwa. Itirele nako ya dilo tse di botlhokwa pele, mme o tla gakgamala go bona kafa o ka nnang le nako e e oketsegileng ka teng go dira dilo tse dingwe tsotlhe!—Bafilipi 1:10.
Ke dilo dife tse di botlhokwa tse o tlhokang go di dira?
․․․․․
Jaanong boela kwa morago mme o bo o baya dilo tse di botlhokwa kwa pele—kwala dilo tse o tlhokang go di dira go ya ka botlhokwa jwa tsone. Fa o dirile dilo tsa botlhokwa pele, o tla gakgamala gore o tla sala o na le nako e e kana kang ya go dira dilo tse dinnye. Mme gakologelwa, o ka se atlege fa o ka simolola ka go dira dilo tse dinnye pele!
Se o ka se dirang. Ipatlele sedirisiwa se sennye se o ka se dirisetsang go rulaganya dilo mme o bo o baya dilo tsa botlhokwa tse o tlhokang go di dira kwa pele. Kafa letlhakoreng le lengwe, gongwe nngwe ya dilo tse di latelang e ka go thusa.
□ Khalendara ya founo ya selula
□ Bukana ya go kwala dintlha
□ Khalendara ya mo khomputareng
□ Khalendara ya mo tafoleng
Kgwetlho #2 Go Latela Thulaganyo ya Gago
Se se ka go thibelang. Morago ga sekolo o batla fela go iketla le go lebelela thelebishene ka metsotso e le mmalwa. Kgotsa o rulagantse gore o tla ithuta mme o amogela molaetsa mo founong ya gago ya selula o o go laletsang go ya go bona filimi. Nako ya filimi eo e ka se fetolwe, mme wena o ka kgona go beela nako ya gago ya go ithuta maitseboa. O ipolelela gore ‘tota e bile go bonala ke dira botoka fa ke le kafa tlase ga kgatelelo.’
Lebaka la go bo o tshwanetse go go dira. O ka tokafatsa maduo a gago fa o ithuta ka nako ya fa tlhaloganyo ya gago e sa lapa. Mme a kgatelelo e o lebaneng le yone ga e a lekana? Ke ka ntlha yang fa o e oketsa ka go tshwara dilo ka tlhogo bosigo pele ga o kwala tlhatlhobo? Go tla direga eng mo mosong o o latelang? O ka nna wa selwa, wa ikutlwa o gateletswe le go feta, o tshwanelwa ke go itlhaganela mme gongwe o bo o fitlha thari kwa sekolong.—Diane 6:10, 11.
Se balekane ba gago ba se bolelang. “Ke rata go lebelela thelebishene, go tshameka katara le go itisa le ditsala. Dilo tseno ga di phoso; mme ka dinako dingwe di mpateletsa gore ke beele dilo tse di botlhokwa kwa morago mme ke feleletsa ke dira dilo ka lepotlapotla.”—Julian.
Se se tla go thusang. O se ka wa rulaganya fela dilo tse o tshwanetseng go di dira, rulaganya le dilo tse o di ratang. Julian a re: “Go motlhofo go dira dilo tse ke tshwanetseng go di dira fa ke itse gore ke rulagantse go dira tse ke ratang go di dira moragonyana.”
Kakantsho e nngwe: Ipeele mokgele o mogolo, mme o bo o ipeela mekgele e mennye e e tla go thusang go fitlhelela mokgele oo. Joey wa dingwaga di le 16 yo o umakilweng pelenyana a re: “Ke batla go nna morutisi wa Baebele wa nako e e tletseng. Mokgele oo o nthusa gore ke latele thulaganyo ya me gone jaanong go ipaakanyetsa nako ya fa ke tla bo ke na le mo gontsi thata go go dira moragonyana mo botshelong.”
Se o ka se dirang. Ke mokgele ofe kgotsa e mebedi e o tla kgonang go e fitlhelela e o ipeetseng yone e o ka e fitlhelelang mo dikgweding tse thataro tse di latelang?
․․․․․
Ke mokgele ofe o o ka o fitlhelelang mo dingwageng tse pedi tse di latelang mme o tlhoka go simolola go dira eng gore o kgone go o fitlhelela?
․․․․․
Kgwetlho #3 Go Nna Phepa le go Rulaganya Dilo
Se se ka go thibelang. Ga o tlhaloganye sentle gore go nna phepa le go rulaganya dilo go tsamaisana jang le go dirisa nako ya gago botoka. Mo godimo ga moo, go lebega go le motlhofo go nna mo tlhakatlhakanong. O ka nna wa phepafatsa phaposi ya gago ka moso—fa e le gore gone o tla go dira! Tota e bile ga o na mathata a a kalo ka go nna mo tlhakatlhakanong, ga se kgang e e botlhokwa. Kgotsa a ke kgang e e botlhokwa?
Lebaka la go bo o tshwanetse go go dira. Go phepafatsa le go rulaganya dilo sentle go tla go bolokela nako fa o batla dilo tsa gago. Gape seno se tla dira gore o nne le kagiso ya mogopolo e o e tlhokang thata.—1 Bakorintha 14:40.
Se balekane ba gago ba se bolelang. “Ka dinako dingwe fa ke se na nako ya go baya diaparo tsa me sentle, dilo tsa botlhokwa di felela di latlhegile mo tlhakatlhakanong!”—Mandy.
“Ke ne ke sa bone sepatšhe sa me beke yotlhe. Seno se ne sa ntshwenya thata. Kgabagare ke ne ka se bona fa ke ne ke phepafatsa phaposi ya me.”—Frank.
Se se tla go thusang. Leka go busetsa dilo kwa di nnang gone ka bonako ka mo o ka kgonang ka teng. Go dira jalo ka metlha go na le go emela gore dilo di tlale go tla dira gore o kgone go phepafatsa ka bonako mme o tla bona dilo motlhofo.
Se o ka se dirang. Leka go itlwaetsa go nna phepa. Boloka sengwe le sengwe se rulagantswe sentle mme o bone gore a seo ga se kitla se dira gore dilo di nne motlhofo.
Simolola ka dilo tse go leng motlhofo go di dira—simolola gompieno! Ke dikakantsho dife tse di mo setlhogong seno tse di go thusitseng thata?
․․․․․
Ke tla leka dikakantsho tseno ka dibeke di le ․․․․․․ go bona gore a di a nthusa.
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mo setlhogong seno a fetotswe.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ O tlhoka go robala diura di le kae gore o kgone go dira dilo sentle?
◼ O ka kopa mang gore a go thuse ka thulaganyo ya gago?
◼ Fa e le gore o setse o dirisa thulaganyo e e rileng, o ka tlhoka go dira diphetogo dife?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]
Mo bekeng e le nngwe fela bana ba dingwaga tse di magareng ga 8 le 18 ba dirisa diura tsa bone ka tsela eno:
17
le batsadi ba bone
30
kwa sekolong
44
ba lebeletse thelebishene, ba tshameka metshameko ya bidio, ba romelelana melaetsa kgotsa ba reeditse mmino
NAKO YA ME E FELELA KAE?
Tlhakanya diura tse o di dirisang beke nngwe le nngwe
ke lebeletse thelebishene: ․․․․․
ke tshameka metshameko ya bidio: ․․․․․
ke dirisa khomputara: ․․․․․
ke reeditse mmino: ․․․․․
Palogotlhe: ․․․․․
Diura tse nka di dirisetsang dilo tse di botlhokwa thata: ․․․․․
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fa o baya dilo tse dinnye kwa pele, go ka se nne le mo o ka bayang dilo tsa botlhokwa gone