LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/09 ts. 24-27
  • Basha ba Bakatoliki ba Rotloediwa go Neela Bosupi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha ba Bakatoliki ba Rotloediwa go Neela Bosupi
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • “Go Koafala ga Tumelo”
  • Dipontsho Tse di Magasigasi le Diphathi
  • “Nnang Basupi ba Me”
  • Basha ba ba Neelang Bosupi
Tsogang!—2009
g 6/09 ts. 24-27

Basha ba Bakatoliki ba Rotloediwa go Neela Bosupi

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA

KA KGWEDI ya July mo ngwageng o o fetileng, badumedi ba Katoliki ya Roma go ralala lefatshe ba ne ba phuthegela kwa Sydney, kwa Australia, go keteka Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe la 2008, tiragalo ya bodumedi e e tshegediwang ke Kereke ya Katoliki.

Baeti ba ba tswang kwa dinageng di le 170 ba ne ba phuthega mo mebileng ba ntse ba bontsha difolaga, ba duduetsa, ba opela le go dira gore moya wa moletlo o utlwale mo motseng. Go ne go na le diketekete tsa babogedi ba ba neng ba eme fa thoko ga Boemakepe jwa Sydney ba batla go bona Mopapa Benedict XVI, yo o neng a goroga ka mokoro o o neng o patilwe ke mekoro e mengwe e 12 ya mebalabala. Batho ba ba ka nnang dimilione di le 500 go ralala lefatshe ba ne ba lebelela tiragalo eno mo thelebisheneng.

Mmisa ya bofelo e e neng ya tshwarelwa kwa lebaleng la lobelo lwa dipitse, e ne ya ngoka batho ba le 400 000, go akaretsa badiredibagolo ba kereke ba le 4 000 le badiri ba metswedi ya tshedimosetso ba le 2 000. E ne e le kokoano e kgolo go gaisa e e kileng ya tshwarelwa kwa Australia, e e fetang palo ya batho ba ba nnileng teng kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya kwa Sydney ka 2000.

Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe ke eng? Ke ka ntlha yang fa le nna teng? Le akaretsa dilo dife? Mme le ne la bontsha eng ka tumelo ya basha ba kwa Sydney?

“Go Koafala ga Tumelo”

Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe ke moletlo wa ngwaga le ngwaga o go ketekiwang tumelo ya basha ba Bakatoliki. Gantsi maloko a kereke a keteka letsatsi leno mo kgaolong ya bone. Le fa go ntse jalo, dingwaga dingwe le dingwe di le pedi kgotsa di le tharo, toropo e kgolo e tshwara tiragalo eno mme basha ba Bakatoliki go ralala lefatshe ba lalediwa go nna teng. Go na le ditoropo di le lesome mo dikontinenteng di le tlhano tse di ileng tsa tshwara dikokoano tse di ntseng jalo mme batho ba le dimilione ba ile ba nna teng kwa go tsone.

Mme jaaka badiredibagolo ba kereke ba dumela, moletlo wa Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe o tshwarwa gape go fedisa go fokotsega ga maloko le go koafala ga tumelo ya batho ba Kereke ya Katoliki. Mokadinale George Pell yo e leng moruti yo mogolo wa Katoliki kwa Australia o ne a re: “Re na le bothata jo bogolo jwa batho ba ba sa tlholeng ba tsena kereke le jwa go koafala ga tumelo ya bone. Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe ke tsela ya go leka go rarabolola bothata jono.”

Go ya ka dipalopalo tsa kwa Vatican, palo ya baruti e a fokotsega go ralala lefatshe. Ba le diketekete ba bone ba tlogetse boruti mo masomeng a dingwaga bosheng jaana go ya go nyala. Palo ya ba ba thapisediwang boruti kwa Australia e fokotsegile ka diperesente di le 70 mo dingwageng di le 30 tse di fetileng. Gone jaanong dingwaga tse di tlwaelegileng tsa baruti kwa kgaolong e kgolo go gaisa kwa Australia ke tse di ka nnang 60, e leng dingwaga di le 20 go feta tse di neng di tlwaelegile ka 1977.

Palo ya batho ba ba nnang teng kwa kerekeng kwa dinageng di le dintsi le yone e fokotsegile. Mo e ka nnang diperesente di le 25 tsa Ba-Australia botlhe ba ipitsa Bakatoliki mme ke diperesente di le 14 fela tse di nnang teng ka metlha kwa kerekeng. Go akanngwa gore ke basha ba Bakatoliki ba ba kafa tlase ga diperesente di le lesome ba ba nnang teng kwa kerekeng. Go ntse go le jalo, Bakatoliki ba le bantsi ga ba ikobele melao ya kereke ya boitsholo jwa tlhakanelodikobo, thibela pelegi le tlhalo. Ba bangwe ba swabisiwa ke matlhabisa ditlhong a kereke a a jaaka a a amanang le baruti ba ba tlhakanelang dikobo le bana.

Lokwalodikgang lwa The Sydney Morning Herald lwa re, Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe “tota ke maiteko a bofelo a a dirwang go fedisa go fokotsega ga batho mo kerekeng. Baeteledipele ba kereke kwa Australia le kwa Roma ba batla ditsela tsa go tsosolosa tumelo ka go dirisa basha.” Baeteledipele ba kereke ba dira eng gore ba ba fitlhelele?

Dipontsho Tse di Magasigasi le Diphathi

Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe la 2008 le ne le akaretsa dipontsho tse di magasigasi tsa kereke, dipuisano tsa ditlhopha, maeto a sedumedi le dikokoano tse dikgolo tse go ketekiwang Mmisa mo go tsone. Le fa gone ditiro tseno di ile tsa ama baeti ba sedumedi thata, bangwe ba ne ba ela tlhoko gape boikutlo jo bongwe jo bo neng bo le teng. Mosha mongwe wa Mokatoliki e bong Alexandra wa kwa United States o ne a bolela jaana ka Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe: “Ke phathi fela e kgolo.”

Kokoano ya malatsi a le marataro ya kwa Sydney e ne e na le ditiragalo tsa moletlo di le 450, tse di neng di akaretsa dikhonsata, difilimi, metshameko, dipontsho le ditiragatso tse di neng di dirwa mo mebileng. Mmino o ne o simologa ka mmino wa opera le mmino wa moetlo wa sedumedi wa Gregory go ya go mmino wa heavy metal le wa rap. Dikhonsata tsa mmino wa rock di ne di ngoka diketekete tsa basha ba ba batlang go itlhapedisa.

Ditiragalo tseno di ne tsa tshwenya Bakatoliki bangwe. Moruti Peter Scott o ne a bolelela ABC News ya kwa Australia gore, tiragalo eno “e setse e le diphathi tsa boitumelo fela—beke ya go ya phathing le dikhonsateng le dilo tse dingwe tsa lefatshe mme go se na se se kalo se se boitshepo se se dirwang.” Tota e bile, ka ngwaga wa 2000, Mopapa Benedict XVI, yo ka nako eo e neng e le Mokadinale Ratzinger, o ne a kwala jaana: “[Mmino] wa ‘rock’ ke tsela ya go bontsha dikeletso tse di nonofileng tsa maikutlo mme ke mmino o batho ba o obamelang le go obamela baopedi ba one, tota e bile, ke sengwe se se thulanang le kobamelo ya Bokeresete.”—The Spirit of the Liturgy.

Potso e e ka nnang ya bodiwa ke gore, “A Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe le tla itshupa e le tiragalo e e tla fetolang matshelo a batho?” Paul Collins yo e kileng ya bo e le moruti a re: “Gongwe mo bathong ba sekaenyana fela. Mme bontsi jwa bone ba tla boela kwa mekgweng ya bone ya bogologolo ya go tshela. Diphetogo tse dikgolo ga di dirwe ka ntlha ya ditiragalo tse di tlhomologileng mme di bakiwa ke go akanya ka dilo tse di fetileng, go rulaganya ka kelotlhoko le go iketleeletsa go baakanya mathata a a masisi a motho a sa bolong go nna le one.”

“Nnang Basupi ba Me”

Baeteledipele ba kereke ba itse sentle ka dilo tseo. Ke gone ka moo, Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe la 2008 le neng le na le setlhogo se se reng: “Lo tla amogela maatla fa Moya o o Boitshepo o tla mo go lona; mme lo tla nna basupi ba me.”a

Babishopo ba ne ba rotloetsa baeti ba sedumedi gore “ba nne le tlhoafalo e ntšha ya boaposetoloi ya go neela bosupi ka botlalo ka Efangele mo motlheng o re tshelang mo go one.” Mopapa Benedict XVI o ne a kgothaletsa baeti ba sedumedi gore ba nne “kokomana e ntšha ya baaposetoloi” mme ka lekgetlho le lengwe o ne a ba rotloetsa gore ba anamise “Dikgang Tse di Molemo mo ditsaleng tsa bone, mo go ba malapa a bone le mo go mongwe le mongwe yo ba kopanang le ene.”

Boikuelo jono bo ile jwa ama baeti bangwe ba sedumedi ba ba tlhoafetseng. Ramido wa dingwaga di le 20 wa kwa United States, o ne a raya mmegadikgang mongwe a re: “Ke tsaya kgang ya go nna mosupi masisi.” Mme Beatrice wa dingwaga di le 18 wa kwa Italy, o ne a bolela jaana: “Basha gompieno ga ba bue ka Modimo. Go nna mosupi mo malatsing ano ke sengwe se se thata tota.” Baeti ba bantsi ba sedumedi ba ne ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa basetsana bangwe ba babedi ba dingwaga tsa bolesome ba kwa Texas, U.S.A. ba ba neng ba re: “Batho ba ba neelang bosupi fela kwa re tswang teng ke Basupi ba ga Jehofa!”

Basha ba ba Neelang Bosupi

Ee gone ke boammaaruri, Basupi ba ga Jehofa, ba bannye le ba bagolo, ba itsege gongwe le gongwe ka go neela bosupi ka tlhoafalo. Ke ka ntlha yang fa ba go dira? Sotir, Mosupi mongwe wa dingwaga di le 22 wa kwa Sydney a re: “Ba go dira ka go bo ba rata Modimo, ba rata batho le go bo ba rata Baebele.”

Ka Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe la 2008, basha ba Basupi ba ba ka nnang 400 go tswa kwa Sydney, le fa gone ba ne ba sa nne teng kwa tiragalong eno, ba ne ba kopanela mo letsholong le le kgethegileng la go bolelela baeti ba sedumedi ba Bakatoliki boammaaruri jwa Baebele. Travas wa dingwaga di le 25 a re: “Ke ne ka itumelela go kopana le basha bano ba Bakatoliki ba ba tlotlang Baebele. Ba le bantsi ba bone ba ne ba botsa dipotso tse dintle tsa Baebele mme ke ne ka itumelela go ba bontsha dikarabo tse di kgotsofatsang.”

Tarsha wa dingwaga di le 23 a re: “Ke ne ke bua le bone ke le botsalano le ka tsela e e neng e dira gore ba ritibale. Ke ne ke batla go ba amogela mo Sydney le go utlwa gore ba dumela eng.” Frazer wa dingwaga di le 20 a re: “Fa maemo a dumela, ke ne ke naya baeti mpho—buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?b Mongwe le mongwe yo ke neng ke kopana le ene o ne a itumelela go e amogela.”

Ga go na pelaelo gore baeti ba le bantsi ba ne ba itumelela go buisana le basha ba Basupi. Suzanne wa kwa Fiji, o ne a botsa Belinda Mosupi mongwe wa dingwaga di le 19, gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo. Belinda o ne a akantsha gore ba sekaseke karabo e e mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? Fa ba fetsa, Suzanne o ne a re: “Gantsi batho ba mpolelela fela gore Modimo o dira dilo ka ditsela tse di gakgamatsang. Mme mo lekgetlhong leno ruri ke bone karabo!” Fa Belinda a mo naya buka, Suzanne o ne a bolela jaana ka boitumelo: “Ke ne ke leka go tshwara sengwe le sengwe se o se buileng ka tlhogo. Ke ne ke sa akanye gore o tla nnaya buka eno!”

Moeti mongwe go tswa kwa Philippines o ne a kopa Marina, Mosupi mongwe wa dingwaga di le 27 gore a mo tseye setshwantsho fa pele ga letshwao lengwe la naga ya Sydney. Morago ga foo, ba ne ba nna le motlotlo o o monate mme Marina o ne a naya mosadi yoo buka ya Baebele e Ruta Eng? Mosadi yoo o ne a re: “Tota e bile maabane bosigo ke ne ka rapela gore ke tlhaloganye Baebele botoka. Buka eno e ka tswa e le karabo ya thapelo ya me!”

Levi, Mosupi mongwe wa dingwaga di le 27, o ne a simolola motlotlo le baeti ba babedi ba ba tswang kwa Panama, mmè le morwadie. Go ise go ye kae ba ne ba simolola go tlotla ka dilo tsa semoya mme morago ga foo ba ne ba nna le puisano e e itumedisang ka dithuto tsa Baebele. Ba ne ba amogela buka ya Baebele e Ruta Eng? Moragonyana, Levi o ne a ba botsa jaana: “Ke eng se lo se itumeletseng thata mo loetong lwa lona?” A tlamparetse buka ya Baebele e Ruta Eng? mosetsana o ne a re: “Go kopana le wena.”

Ee, basha ba le bantsi ba Bakatoliki ba ne ba tlhoafaletse go itse go le gontsi ka Baebele. Go tweng ka wena? A o ka rata go tlhaloganya Baebele botoka? Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa o sa kope Basupi ba ga Jehofa thuto ya mahala ya legae ya Baebele? Le wena ba tla itumelela go go thusa!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Setlhogo seno se nopotse karolo ya lokwalo lwa Ditiro 1:8 go tswa go The Jerusalem Bible.

b E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

“Re na le bothata jo bogolo jwa batho ba ba sa tlholeng ba tsena kereke le jwa go koafala ga tumelo ya bone.”—Mokadinale wa kereke ya Katoliki ya Roma e bong George Pell

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

DIPONTSHO TSA DITIRO TSA KEREKE

Ka Letsatsi la Basha la Lefatshe Lotlhe la 2008 go ne ga tshwarwa dipontsho tse dikgolo go gaisa kwa Australia tsa ditiro tsa kereke. Ditlhopha le mekgatlho e e fetang 100 ya Katoliki e ne ya rotloetsa baeti ba sedumedi ba ba fetang 50 000 go akanyetsa ditiro tsa Kereke ya Katoliki tse di jaaka go nna baruti, baitlami kgotsa badiri ba bodumedi.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Baeti ba sedumedi ba ba apereng diaparo tse di mebalabala ba ne ba gwanta mo mebileng

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa baeti ba sedumedi ba ba neng ba etetse toropo ya Sydney

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Getty Images

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela