O ne O ka Reng?
Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?
Bala Dipalo 22:21-27. Jaanong leba setshwantsho. Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase mme o bo o feleletsa setshwantsho seno ka go se tsenya mebala le go torowa dilo tse di tlhaelang.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke ka ntlha yang fa Baalame a ne a galefa? O akanya eng ka tsela e Baalame a ileng a tshwara esele ka teng mme ke ka ntlha yang fa o ikutlwa jalo?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 7-8 Go boifa batho go ka dira eng? Diane 29:․․․
TSEBE 7 Sematla se tsamaya mo go eng? Moreri 2:․․․
TSEBE 7 Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng di dira eng? Diane 21:․․․
TSEBE 22 Baswi ba itse eng? Moreri 9:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
O Itse Eng ka Baporofeti?
Bala Jeremia 38:1-13; 39:15-18. Morago ga foo araba dipotso tse di latelang.
4. ․․․․․
Ke mang yo o ileng a namola Jeremia, mme ke ka ntlha yang fa a ile a dira sengwe se se kotsi jaana?
5. ․․․․․
Jeremia o ne a raya monna yoo a reng moragonyana?
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke ka ntlha yang fa Jeremia a ile a bolela molaetsa wa ga Jehofa le fa go ne go le kotsi go dira jalo? Fa o direla Jehofa jaaka Jeremia, o ka solofela gore Jehofa a go direle eng?
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 27
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Esele.
2. Lore lwa ga Balaame.
3. Moengele wa ga Jehofa.
4. Ebede-meleke. O ne a itse gore Jeremia e ne e le moporofeti wa ga Jehofa le gore o ne a sa tshwanelwa ke go swa.
5. Gore Jehofa o ne a tla sireletsa Ebede-meleke fa Jerusalema e senngwa.