Basha ba Botsa Jaana
Ke ka Ntlha Yang fa ke Tshaba go Bolelela ba Bangwe ka Tumelo ya Me?
“Ke ile ka nna le ditshono tse di molemo tsa gore ke bue ka tumelo ya me kwa sekolong. Mme ga ke a ka ka di dirisa.”—Kaleb.a
“Morutabana wa rona o ne a botsa tlelase gore e akanya eng ka go iphetola ga ditshedi go nna tse dingwe. Ke ne ke itse gore eno e ne e le tshono e ntle ya gore ke bue ka tumelo ya me. Mme ke ne ka tshoga thata mme ka se ka ka bua sepe. Moragonyana ke ne ka swaba tota.”—Jasmine.
FA E le gore o mosha wa Mokeresete, gongwe o tlhaloganya se se diragaletseng Kaleb le Jasmine. Fela jaaka bone, o ka tswa o rata boammaaruri jwa Baebele jo o bo ithutileng mme o batla go bo bolelela ba bangwe. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o boifa thata fa o akanya fela ka kgang ya go bua ka tumelo ya gago. Mme o ka ithuta go nna pelokgale. Jang? Tsaya dikgato tse di latelang fa o ntse o ipaakanyetsa ngwaga mongwe le mongwe wa sekolo:
1. Tlhalosa dilo tse o di boifang. Fa o akanya ka go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago, go motlhofo go akanya ka sengwe se se maswe se se ka go diragalelang! Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe o ka fokotsa poifo ya gago ka go kwala dilo tse o di boifang.
Feleletsa seele se se latelang.
◼ Fa ke bua ka dilo tse ke di dumelang kwa sekolong, go ne go ka nna ga direga se se latelang:
․․․․․
Go ka go gomotsa go itse gore o boifa dilo tse di tshwanang le tse basha ba bangwe ba Bakeresete ba di boifang. Ka sekai, Christopher wa dingwaga di le 14 o dumela jaana: “Ke tshaba gore bana ba bangwe ba tla ntshega mme ba bo ba bolelela mongwe le mongwe gore ga ke tshwane le batho ba bangwe.” Mme Kaleb yo o nopotsweng kwa tshimologong a re, “Ke ne ke boifa gore mongwe o tla mpotsa potso mme ke bo ke sa kgone go e araba.”
2. Amogela kgwetlho. A tota o na le lebaka la go boifa? Ee tota. Ashley a re: “Bana ba bangwe ba ne ba dira e kete ba kgatlhegela dilo tse ke di dumelang. Mme moragonyana ba ne ba fetola mafoko a me, ba bo ba ntshotla fa pele ga bana ba bangwe.” Nicole wa dingwaga di le 17, o ne a diragalelwa ke seno: “Mosimane mongwe o ne a bapisa temana nngwe mo Baebeleng ya gagwe le temana e e tshwanang mo Baebeleng ya me mme mafoko a ne a sa tshwane. O ne a re Baebele ya me e fetotswe. Ke ne ka gamarega! Ke ne ke sa itse gore ke reng.”b
Maemo a a tshwanang le ano a ka bonala a tshosa tota! Mme go na le gore o tshabe, amogela kgwetlho eno e le tsela e e tlwaelegileng e botshelo jwa Mokeresete bo ntseng ka yone. (2 Timotheo 3:12) Matthew wa dingwaga di le 13 a re: “Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba tla bogisiwa, ka jalo, re ka se ka ra lebelela gore mongwe le mongwe a re rate kgotsa a rate dilo tse re di dumelang.”—Johane 15:20.
3. Akanya ka mesola. A tiragalo nngwe e e lebegang e sa itumedise e ka go sologela molemo? Amber wa dingwaga di le 21 o akanya jalo. A re: “Go thata go tlhalosetsa batho ba ba sa tlotleng Baebele ka tumelo ya gago mme go go thusa go tlhaloganya tumelo ya gago botoka le go e tlhatlhoba.”—Baroma 12:2.
Akanya gape ka tiragalo e o e tlhalositseng mo Kgatong ya 1. Akanya bobotlana ka dilo di le pedi tse di molemo tse di ka nnang tsa direga ka ntlha ya gone mme o di kwale fa tlase fano.
1 ․․․․․
2 ․․․․․
Ntlha e o ka e dirisang: Go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago go ka dira jang gore balekane ba gago ba se ka ba go gatelela thata? Go dira jalo go ka go thusa jang gore o itshepe? Go ka ama jang tsela e o ikutlwang ka yone ka Jehofa Modimo? Go ka ama jang tsela e ene a ikutlwang ka yone ka wena?—Diane 23:15.
4. Nna o ipaakantse. Diane 15:28 ya re: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.” Mo godimo ga go tlhatlhanya ka se o tla se buang, leka go akanya ka dipotso tse ba bangwe ba ka di botsang. Dira dipatlisiso ka ditlhogo tseo mme o akanyetse dikarabo tse o tla di neelang o gololesegile.—Bona tšhate ya setlhogo se se reng “Akanyetsa Dikarabo Tsa Gago,” e e mo tsebeng 25.
5. Simolola. Fa o setse o siametse go bua ka dilo tse o di dumelang, o tshwanetse go simolola jang? Go na le ditsela tse o ka di tlhophang. Ka tsela nngwe, go bolelela batho ba bangwe ka tumelo ya gago go tshwana le go thuma: Batho bangwe ba tsena ka kelotlhoko mo metsing; ba bangwe ba thabuela fela mo metsing. Ka tsela e e tshwanang, o ka nna wa simolola motlotlo ka kgang e e sa amaneng le bodumedi mme ka bonya ka bonya o leke go bona gore a motho o na le kgatlhego. Mme fa o iphitlhela o tshwenyegile ka gore go ka direga eng se se sa siamang, selo se se molemo se o ka tlhophang go se dira e ka nna go tsena ka tlhamalalo mo kgannyeng. (Luke 12:11, 12) Andrew wa dingwaga di le 17 a re: “Go akanya ka go bolelela ba bangwe ka tumelo ya me go ne go le thata ka metlha go gaisa go go dira tota. Gantsi fa motlotlo o setse o simolotswe, go ne go le motlhofo thata go na le kafa ke neng ke akanya gore go tla nna ka teng!”c
6. Nna botlhale. Fela jaaka o se kitla o tlolela mo metsing a a seng boteng, nna kelotlhoko gore o se ka wa tlolela mo dikganetsanong tse di se nang mosola. Gakologelwa gore go na le nako ya go bua le nako ya go didimala. (Moreri 3:1, 7) Ka dinako tse dingwe, tota le Jesu o ne a gana go araba dipotso. (Mathaio 26:62, 63) Mme gakologelwa molaomotheo ono: “Batho ba ba botlhale ba bona mathata a tla mme ba bo ba a tila, mme motho yo o sa akanyeng o tla tsena ka tlhamalalo mo go one mme a bo a ikwatlhaya moragonyana.”—Diane 22:3, Today’s English Version.
Ka jalo, fa o lemoga gore kganetsano e a simolola, o se ka wa ‘tsena ka tlhamalalo mo go yone.’ Go na le moo, araba ka bokhutshwane le ka botlhale. Ka sekai, fa mongwe yo o nang le ene mo tlelaseng a go sotla a re, ‘Ke eng o sa goge sekerete?’ o ka nna wa re fela, ‘Ka gonne ga ke batle go kgotlela mmele wa me!’ Go ikaegile ka karabo ya gagwe, o ka nna wa dira tshwetso ya gore a ke o tlhalose mo go oketsegileng ka dilo tse o di dumelang kgotsa nnyaa.
Dikgato tse di fa godimo di ka go thusa gore ‘ka metlha o nne o iketleeleditse go femela,’ tumelo ya gago. (1 Petere 3:15) Gone ke boammaaruri gore go nna o ipaakantse ga go reye gore o ka se ka le ka motlha wa ikutlwa o tshogile. Mme Alana wa dingwaga di le 18 a re: “Fa o tlhalosa dilo tse o di dumelang le fa o tshaba, go dira gore o ikutlwe gore o fitlheletse sengwe—o fentse poifo ya gago mme o ipeile mo kotsing ya gore dilo di ka nna tsa se ka tsa tsamaya sentle. Mme fa go tsamaya sentle, o tla ikutlwa botoka le go feta! O tla itumela go bo o ile wa nna le bopelokgale jwa go bua.”
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
b Dithanolo tsa Baebele di dirisa mafoko a a sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, tse dingwe di ranotswe ka tsela e e gaufi thata le e e tshwanang le ya dipuo tsa ntlhantlha tse Baebele e neng e kwadilwe ka tsone.
c Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Ditsela Tsa go Simolola Motlotlo,” mo tsebeng ya 26.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ A go ka tswa go na le mongwe yo o nang le dikakanyo tse di latelang kwa sekolong sa lona?
‘Ke a itse gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ka tswa o akanya gore ke batla go go sotla mme tota ke a go tlotla. O kgona jang go nna o ritibetse le fa go na le mathata a mantsi jaana mo lefatsheng? Nna ke a boifa. A go tla tloga go nna le ntwa e nngwe gape? A batsadi ba me ba tla tlhalana? A sekolo se tla tswa gompieno ke sa thuntshiwa kgotsa ke sa tlhabiwa ka thipa? Nna ke na le dipotso tse dintsi tota, mme wena o bonala o itse se o se batlang mo botshelong. A ke ka ntlha ya bodumedi jwa gago? Nka rata go tlotla le wena ka gone mme ke tshaba go simolola kgang. A o ka simolola motlotlo le nna tlhe?’
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]
SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG
“Go na le bana bangwe ba ba ileng ba ntshega fa ke ne ke bua ka tumelo ya me. Mme gantsi ba a ntlogela fa ba lemoga gore go ntshotla ga bone ga go ntshwenye.” —Francesca, Belgium.
“Fa o sa bolelele batho gore o Mokeresete, o ka nna wa simolola go itebala mme wa simolola go itshwara jaaka mongwe le mongwe fela. Ga o a tshwanela go itetla go latela se ba bangwe ba se dirang; o tshwanetse go nna o ntse o le se o leng sone.” —Samantha, United States.
“Fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ke sa batle go farologana le bana ba bangwe. Mme moragonyana ke ne ka simolola go tlhaloganya gore tumelo ya me e nthusa jang go nna le botshelo jo bo botoka. Go lemoga seo go ile ga nthusa thata gore ke itshepe—ga dira gore ke nne motlotlo ka se ke se dumelang.”—Jason, New Zealand.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
DITSELA TSA GO SIMOLOLA MOTLOTLO
◼ “O ikaeletse go dira eng ka malatsi ano a boikhutso?” [Fa motho a sena go araba, umaka dilo tsa semoya tse o ikaeletseng go di dira, tse di jaaka go ya kopanong ya kgaolo kgotsa go oketsa bodiredi jwa gago.]
◼ Umaka sengwe se se tlhagileng mo dikgannyeng, mme o bo o botsa jaana: “A o utlwile ka seo? O akanya eng ka gone?”
◼ “A o akanya gore seemo sa lefatshe sa tsa madi [kgotsa bothata jo bongwe] se ka tokafala? [Mo letle gore a arabe.] Ke ka ntlha yang fa o ikutlwa jalo?”
◼ “A go na le bodumedi jo o leng mo go jone?”
◼ “O akanya gore botshelo jwa gago bo tla bo bo ntse jang mo dingwageng tse tlhano tse di tlang?” [Fa a sena go araba, mmolelele ka mekgele ya gago ya semoya.]
[Tšhate mo go tsebe 25]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Akanyetsa dikarabo tsa gago
Segolola seno!
Kakantsho: Tlotla ka tšhate eno le batsadi ba gago le ditsala. Feleletsa tšhate. Go tswa foo, bona gore a o ka kgona go akanya ka dipotso tse dingwe tse bana ba o nang le bone mo tlelaseng ba ka nnang ba go botsa tsone.
Boitsholo
Potso
O leba jang bosodoma?
Karabo
Ga ke a tlhoa basodoma, mme ga ke amogele boitsholo jwa bone.
Potso e e latelang
A go ikutlwa jalo ga go supe gore o tlhaola batho?
Patlisiso
1 Bakorintha 6:9, 10; Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di nang le Tharabololo, Bolumo 2, Kgaolo 28.d
Karabo
Nnyaa, ka gonne ke kgatlhanong le mefuta yotlhe ya boitsholo jo bo sa siamang—e ka tswa e le bosodoma kgotsa mefuta e mengwe
Go intsha le mongwe
Potso
Ke ka ntlha yang fa o sa intshe le mongwe?
Karabo
Ke dirile tshwetso ya gore ke se ka ka intsha le ope go fitlha ke nna mogolo
Potso e e latelang
A ke ka ntlha ya bodumedi jwa gago?
Patlisiso
Sefela sa Difela 8:4; Basha ba botsa jaana, Bolumo 2, kgaolo 1.
Karabo
Ee. Re intsha le mongwe fela ka boikaelelo jwa go nyala mme ke a itse gore ga ke ise ke siamele lenyalo! Go sa tseye letlhakore
Potso
Ke ka ntlha yang o sa tlotle folaga?
Karabo
Ke tlotla naga e ke nnang mo go yone mme ga ke e obamele.
Potso e e latelang
A seo se raya gore o ka se lwele naga ya gago?
Patlisiso
Isaia 2:4; Johane 13:35; Totatota baebele e Ruta Eng?, tsebe 148-151.e
Karabo
Nnyaa, mme le dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa kwa dinageng tse dingwe ba ka se ka ba lwa le naga eno
Madi
Potso
Ke ka ntlha yang fa o se kitla o dumela go tshelwa madi?
Karabo
Nka dumela ditsela dingwe tsa kalafi tse go sa dirisiweng madi mo go tsone, tse di se nang kotsi ya gore di ka nna le AIDS. Mme Baebele e bolela gore re tshwanetse go ithiba mo mading, ka jalo ke dira tumalanong le seo.
Potso e e latelang
Mme go tweng fa e le gore o ne o tla swa? A Modimo a ka se ka a go itshwarela?
Patlisiso
Ditiro 5:28, 29; Bahebera 11:6; buka ya Baebele e Ruta Eng?, tsebe 129-131.
Karabo
Dilo tse o tlhopang go di dira
Semangmang le ene ke wa bodumedi jwa lona mme o dirile jaana le jaana. Ke ka ntlha yang fa le wena o sa go dire?
Karabo
Re rutiwa ka dilo tse Modimo a batlang gore re di dire mme ga re patelediwe go di dira! Rotlhe re tshwanetse go itlhophela gore re batla go dira eng.
Potso e e latelang
A seo ga se boitimokanyi?
Patlisiso
Karabo
Popo
Potso
Ke ka ntlha yang fa o sa dumele mo thutong ya gore ditshedi di iphetola go nna tse dingwe?
Karabo
Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go dumela thuto ya gore ditshedi di iphetola go nna tse dingwe? Baitsesaense ga ba dumalane ka gone mme ke bone ba tshwanetseng go bo e ka bo e le bomankge!
Potso e e latelang
Patlisiso
Karabo
[Dintlha tse di kwa tlase]
d E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
e E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago go tshwana le go thuma. O ka nna wa tlhopha go simolola ka bonya—kgotsa wa thabuela fela mo metsing!