LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/09 ts. 28-29
  • A go Phoso go Fetola Bodumedi Jwa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Phoso go Fetola Bodumedi Jwa Gago?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batla Boammaaruri Jwa Bodumedi
  • Nna Tekatekano Malebana le Kafa o Ikanyegang ka Teng Mo go Ba Lelapa
  • Go Fenya Dipoifo
  • A O Bone Bodumedi jo bo Siameng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A Modimo o Tla Pele mo Lelapeng la Lona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 7/09 ts. 28-29

Baebele ya Reng

A go Phoso go Fetola Bodumedi Jwa Gago?

Fa Avtar a ne a simolola go ithuta Baebele, lelapa la gaabo la Ba-Sikh le ne la galefa. A re: “Kwa nagagaeng ya gaetsho, go fetola bodumedi jwa gago go dira gore setšhaba se ikgogone mo go wena. Tota le maina a rona a na le bokao jwa sedumedi. Go fetola bodumedi jwa gago go tsewa e le go itatola se o leng sone le go tlontlolola ba lelapa la gaeno.”

KGABAGARE Avtar o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. A go ne go le phoso gore a fetole bodumedi jwa gagwe? Gongwe o ikutlwa jaaka ba lelapa la gaabo. O ka tswa o akanya gore bodumedi jwa gago ke karolo e e sa fetogeng ya hisitori ya lelapa la gaeno le ngwao ya gaeno mme ga e a tshwanela go fetolwa.

Go botlhokwa go tlotla ba lelapa la gaeno. Baebele ya re: “Reetsa rrago yo o dirileng gore o tsholwe.” (Diane 23:22) Mme go botlhokwa thata gore o batlisise boammaaruri ka Mmopi wa rona le ka maikaelelo a gagwe. (Isaia 55:6) A o ka kgona go dira patlisiso e e ntseng jalo? Fa go ntse jalo, patlisiso eno e botlhokwa go le kana kang mo go wena?

Go Batla Boammaaruri Jwa Bodumedi

Madumedi a lefatshe a ruta dithuto tse di thulanang. Boammaaruri ke gore, dithuto tseo di ka se ka tsa nna boammaaruri tsotlhe. Ka ntlha ya seo, go tshwanetse ga bo go na le batho ba bantsi ba jaaka Baebele e bolela ba “ba [nang] le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Baroma 10:2) Le fa go ntse jalo, jaaka go kwadilwe mo go 1 Timotheo 2:4, moaposetoloi Paulo a re ke go rata ga Modimo gore “batho ba mefuta yotlhe . . . ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” Kitso e e ntseng jalo ya boammaaruri e ka bonwa jang?

Akanya ka mabaka a go bo o tshwanetse go tlhatlhoba Baebele. Paulo yo e neng e le mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Baebele, o ne a re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng.” (2 Timotheo 3:16) Mo patlisisong ya gago, tlhatlhoba bosupi jwa Baebele jwa gore e boammaaruri. Itlhatlhobele ka bowena gore e na le botlhale jo bo ka se kang jwa lekanngwa le jwa ga ope, ditiragalo tse di boammaaruri le boporofeti bo diragaditsweng.

Go na le gore Baebele e rute gore madumedi otlhe a ka re thusa go atamela Modimo, e bolelela babadi ba yone gore ba se ka ba dumela sengwe le sengwe fela se ba se utlwang mme ba “[tlhatlhobe] dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.” (1 Johane 4:1) Ka sekai, thuto epe fela e tota e tswang mo Modimong e tshwanetse ya dumalana le se Modimo a leng sone, go akaretsa le nonofo ya gagwe e e di gaisang tsotlhe ya lorato.—1 Johane 4:8.

Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo o batla gore ‘ruri re mmone.’ (Ditiro 17:26, 27) E re ka Mmopi a batla gore re batle boammaaruri, go tshwanetse ga bo go se phoso go dira tumalanong le bosupi jo re bo boneng—tota le fa seo se kaya gore re tshwanetse go fetola bodumedi jwa rona. Mme go tweng ka mathata a seno se ka a bakang?

Nna Tekatekano Malebana le Kafa o Ikanyegang ka Teng Mo go Ba Lelapa

Fa batho ba fetola ditumelo tsa bone, ba ka nna ba swetsa gore ba ka se tlhole ba nna le seabe mo dingwaong tsa bodumedi kgotsa mo malatsing a boikhutso. Go a utlwala go bo seno se ka nna sa kgopisa ba malapa thata. Jesu o ne a dumela seno. O ne a bolelela balatedi ba gagwe a re: “Ke tlile go baka kgaogano, monna kgatlhanong le rraagwe, le morwadi kgatlhanong le mmaagwe, le mosadi yo mmotlana kgatlhanong le matsalaagwe.” (Mathaio 10:35) A Jesu o ne a bolela gore dithuto tsa Baebele di ne di dirilwe gore di bake ntwa e e ka se kang ya tilwa? Nnyaa. O ne a bonela pele fela se se ka diragalang fa maloko a lelapa a ne a sa itumele fa mongwe mo lelapeng a ema a nitame mo tumelong e e farologaneng le ya bone.

A dikgotlhang tsa lelapa di tshwanetse tsa tilwa ka ditsela tsotlhe? Baebele e ruta gore bana ba tshwanetse go utlwa batsadi ba bone le gore basadi ba tshwanetse go ikobela banna ba bone. (Baefeso 5:22; 6:1) Le fa go ntse jalo, e laela ba ba ratang Modimo gore ba ‘utlwe Modimo e le mmusi bogolo go batho.’ (Ditiro 5:29) Ka jalo, ka dinako tse dingwe, go ikanyega mo Modimong go ka nna ga dira gore o dire tshwetso e e tla dirang gore bangwe ba lelapa ba se ka ba go rata.

Le fa gone Baebele e dira pharologano e e bonalang sentle fa gare ga dithuto tsa boammaaruri le tsa maaka, Modimo o letla mongwe le mongwe gore a nne le kgololesego ya go itlhophela gore o tla tsibogela seo jang. (Duteronome 30:19, 20) Ga go na ope yo o tshwanetseng go patelediwa go obamela ka tsela e a bonang gore ga a e amogele kgotsa a patelediwa gore a tlhophe fa gare ga tumelo ya gagwe le ba lelapa. A go ithuta Baebele go dira gore malapa a thubege? Nnyaa. Tota e bile, Baebele e kgothaletsa banna le basadi ba ba seng mo bodumeding jo bo tshwanang go nna ba ntse ba le mmogo jaaka lelapa.—1 Bakorintha 7: 12, 13.

Go Fenya Dipoifo

O ka tswa o boifa kafa setšhaba se tla itshwarang ka teng fa o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mariamma o bolela jaana: “Ba lelapa la gaetsho ba ne ba tshwenyegile gore nka se ka ka kgona go bona monna yo o tshwanelang, yo o tla ntlhokomelang. Ka jalo, ba ne ba nkganetsa fa ke ithuta Baebele.” Mariamma o ne a ikanya Jehofa Modimo mme a tswelela pele go ithuta. (Pesalema 37:3, 4) Le wena o ka dira jalo. Go na le gore o boife gore ditlamorago e tla nna eng, akanya ka melemo ya gone. Molaetsa wa Baebele o fetola matshelo le botho jwa batho gore ba nne botoka. Batho ba ithuta go bontsha ba malapa a bone lorato lo lo se nang bopelotshetlha. Mekgwa e e maswe, e e jaaka thubakanyo le go sa dirise bojalwa le diokobatsi sentle, e ka fenngwa. (2 Bakorintha 7:1) Baebele e rotloetsa mekgwa e mentle e e jaaka go ikanyega, botshepegi le go dira ka natla. (Diane 31:10-31; Baefeso 4:24, 28) Ke eng o sa ithute Baebele mme o bone melemo ya go dirisa dithuto tsa yone mo botshelong jwa gago?

A O KILE WA IPOTSA GORE

◼ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tlhatlhoba ditumelo tsa gago tsa bodumedi?—Diane 23:23; 1 Timotheo 2:3, 4.

◼ O ka lemoga jang dithuto tse di boammaaruri?—2 Timotheo 3:16; 1 Johane 4:1.

◼ A go ganediwa ke ba lelapa go tshwanetse ga go thibela go ithuta Baebele?—Ditiro 5:29.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Molaetsa wa Baebele o fetola matshelo le botho jwa batho gore ba nne botoka

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Mariamma le monna wa gagwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela