LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/09 ts. 10-11
  • A Batho ba ba Bosula ba Tla Fisiwa Kwa Diheleng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Batho ba ba Bosula ba Tla Fisiwa Kwa Diheleng?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lekgetlho la Ntlha la fa Modimo A ne A Otlhaya Motho
  • A re Ka Boga Morago ga Loso?
  • Tshiamiso ya Modimo
  • Tota go Diregang fa Motho a Swa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tota Dihele ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Baswi ba Kae?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Re ya Kae fa re Swa?
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 9/09 ts. 10-11

Baebele ya Reng

A Batho ba ba Bosula ba Tla Fisiwa Kwa Diheleng?

GERTRUDE yo e leng moruti mo bodumeding bongwe jwa Pentakosete, o ne a sa batle go utlwa sepe ka tumelo ya gagwe ya molelo wa dihele. Kakantsho fela ya gore go ka direga gore ga go na lefelo le le ntseng jalo e ne e ganetsana le se a neng a akanya gore se siame. O ne a tlhalosa gore fa e le gore batho ba ba bosula ba ne ba sa fisiwe kwa diheleng, go ne go tla raya gore mefuta yotlhe ya bokebekwa e ne e tla tswelela pele go se na kotlhao epe. Gertrude o ne a nna a tatalala ka se a se dumelang. O ne a re: “Ke akanya gore nka se ka ka batla go obamela  Modimo fa e le gore ga go na molelo wa dihele o batho ba ba boikepo ba tla fisiwang mo go one.”

A batho ba ba bosula ba tla fisiwa kwa diheleng jaaka madumedi a mantsi a ruta? Fa e le gore ga go a nna jalo, ba tla otlhaiwa jang?

Lekgetlho la Ntlha la fa Modimo A ne A Otlhaya Motho

Go ya ka Baebele, Modimo o ne a bopa banyalani ba ntlha ba itekanetse. (Genesise 1:27; Duteronome 32:4) O ne a ba baya mo tshimong ya paradaise mme a ba naya tshono ya go tshelela ruri. Le fa go ntse jalo, batho ba ntlha, e leng Adame le Efa, ba ne ba thibetswe mo selong se le sengwe. Modimo o ne a ba tlhagisa jaana: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.”—Genesise 2:16, 17.

Ka maswabi, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba palelwa ke teko eo e e motlhofo ya go ikanyega le go nna kutlo. Mmopi o ne a patelesega go ba atlholela loso. “O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.”—Genesise 3:19.

Fa e le gore Adame le Efa ba ne ba le mo kotsing ya gore ba tla ya go sha kwa diheleng, a Modimo a ka bo a ile a se ka a ba tlhagisa ka kotlhao e e ntseng jalo? Boammaaruri ke gore ga a umaka sepe kaga go boga morago ga loso. Ba ne ba tla boga jang? Ba ne ba se na meya e e sa sweng e e neng e tla tswelela e tshela morago ga gore ba swe. Baebele e tlhalosa seno sentle jaana: “Moya o o leofang—go tla swa one.”—Esekiele 18:4.a

Jaaka Monei wa botshelo, Mmopi wa rona o itse sengwe le sengwe ka botshelo le loso. Mo Lefokong la gagwe o re bolelela gore “baswi . . . ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Ke ka lebaka leo Adame le Efa ba neng ba se kitla ba boga mo molelong wa dihele fa ba sena go swa. Ba ne ba boela mo loroleng gape mme ba bo ba sa tlhole ba le gone. Ba ne “ba sa itse sepe gotlhelele.”

A re Ka Boga Morago ga Loso?

Baebele mo go Baroma 5:12 ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.” Ka jalo he, a go a utlwala go dumela gore batho ba a boga mo molelong wa dihele ka ntlha ya maleo a bone, fa Adame yo o tlisitseng loso mo bathong botlhe ene a ile a nna lorole fela fa a sena go swa?—1 Bakorintha 15:22.

Rotlhe re kafa tlase ga molao o Adame a neng a le kafa tlase ga one. “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” Mo godimo ga moo, fa motho a swa, o “golotswe mo boleong.” (Baroma 6:7, 23) Fa e le gore batho ba ba siameng le ba ba sa siamang ba a swa mme go se ope mo go bone yo o bogang fa a sena go swa, Modimo o tla diragatsa jang tshiamiso ya gagwe?

Tshiamiso ya Modimo

Boikaelelo jwa Modimo ka batho ba ba kutlo ga bo a fetoga fa e sa le a bopa banyalani ba ntlha mme a ba laela gore ba nne le bana le go tlhokomela lefatshe. (Genesise 1:28) Ga go na pelaelo gore e sa ntse e le boikaelelo jwa gagwe, ka gonne moragonyana o ne a bolela jaana: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Ela tlhoko gore basiami ba tla aga mo lefatsheng leno. Ba tla tshela botshelo jwa botsogo jo bo itekanetseng ba itumetse. Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jwa gore lefatshe le tladiwe ka batho ba ba siameng ‘ruri bo tla atlega.’ Seno se tla direga fa a emisetsa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ka lefatshe le lesha.—Isaia 55:11; Daniele 2:44; Tshenolo 21:4.

Dibilione tsa batho ba ba ileng ba swa ba sa itse se Modimo a se batlang ba tla tsosiwa mme ba tla amogela ditaelo tsa go tshela mo lefatsheng la Modimo le lesha. (Isaia 11:9; Johane 5:28, 29) Kafa letlhakoreng le lengwe, ope fela yo o ganang go tshela ka melao ya Modimo o tla otlhaiwa ka “loso lwa bobedi.” Loso lono ke lo ba se kitlang ba tsoga mo go lone.—Tshenolo 21:8; Jeremia 51:57.

Ga go na pelaelo gore, jaaka Modimo yo o lorato, Jehofa a ka se ka a tlhokofatsa batho mo molelong wa dihele. (1 Johane 4:8) E bile a ka se ka a letlelela boikepo go ya go ile. Ke ka moo Pesalema 145:20 e re tlhomamisetsang gore “Jehofa o disa botlhe ba ba mo ratang, mme botlhe ba ba boikepo o tla ba nyeletsa.” A seo ga se go bontsha lorato le go nna le tshiamiso?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo Baebeleng, “moya” o kaya motho yo o feletseng—e seng sengwe se se tshelang kwa ntle ga mmele. Genesise 2:7 ya re: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” Adame ga a ka a newa moya o o neng o arogane le mmele wa gagwe. Go na le moo, Adame ka boene, e ne e le moya o o tshelang.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

◼ A re na le moya o o sa sweng?—Esekiele 18:4.

◼ Baswi ba mo seemong sefe?—Moreri 9:5.

◼ Modimo o tla otlhaya jang batho ba ba boikepo?—Pesalema 145:20.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

“Baswi . . . ga ba itse sepe gotlhelele.”—Moreri 9:5

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Photo: www.comstock.com

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela