LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/09 ts. 8
  • Sephiri 6: Go Itshwarela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sephiri 6: Go Itshwarela
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Itshwarelang ka Gone
    Tsogang!—2013
  • 4 Go Itshwarelana
    Tsogang!—2018
  • Fa Botsala bo Setse bo Fetelela
    Tsogang!—2013
  • A lo Ka Letlana?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 10/09 ts. 8

Sephiri 6: Go Itshwarela

“Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.”—Bakolosa 3:13.

Se seno se se kayang. Banyalani ba ba atlegileng ba ithuta mo dilong tse di fetileng; mme ga ba nne ba ntse ba gakologetswe diphoso tsa bogologolo mme ba bo ba di dirisa go dira ditatofatso tse di jaaka “O nna o le thari ka metlha” kgotsa “Le ka motlha ga o ke o reetsa.” Monna le mosadi ka bobedi ba itse gore “ke bontle . . . go itlhokomolosa tlolo.”—Diane 19:11.

Lebaka la go bo seno se le botlhokwa. Modimo o “iketleeleditse go itshwarela,” mme ga se ka metlha go ntseng jalo ka batho. (Pesalema 86:5) Diphoso tsa bogologolo tse di sa rarabololwang di ka dira gore go nne le dikgopi tse di koelanang go fitlha go bonala e kete go ka se kgonege go itshwarela. Molekane mongwe le mongwe a ka nna a gana go buisana le yo mongwe ka maikutlo a gagwe—mongwe le mongwe a itlhokomolosa maikutlo a yo mongwe. Ka bobedi jwa bone ba ikutlwa ba kganeletswe mo lenyalong le le se nang lorato.

Leka se se latelang. Lebelela dinepe tsa bogologolo tsa gago le molekane wa gago tse lo di tsereng pelenyana mo lenyalong la lona kgotsa ka nako ya fa lo sa ntse lo ratana. Leka go tsosolosa lorato lo lo neng lo na le lone, pele ga mathata a fetola maikutlo a lona. Go tswa foo akanya ka dinonofo tse kwa tshimologong di ileng tsa dira gore o kgatlhegele molekane wa gago.

◼ Ke dinonofo dife tse gone jaanong o di ratang thata mo molekaneng wa gago?

◼ Akanya ka ditsela tse di molemo tsa kafa bana ba gago ba ka solegelwang molemo ka gone fa o ka nna motho yo o itshwarelang.

Dira tshwetso. Akanya ka tsela e le nngwe kgotsa di le pedi tse o tla dirang gore diphoso tsa nako e e fetileng di se ka tsa amana le dikgotlhang tse o nang le tsone gone jaanong le molekane wa gago.

Ke eng o sa akgole molekane wa gago ka ntlha ya dinonofo tse o di ratang ka ene?—Diane 31:28, 29.

Akanya ka ditsela tse o tla bontshang gore o itshwarela bana ba gago ka tsone.

Ke eng o sa tlotle le bana ba gago ka kgang ya go itshwarela le kafa bokgoni jwa go itshwarela bo ka solegelang mongwe le mongwe mo lelapeng molemo ka teng?

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa o itshwarela, molato o phimotswe. Ga o leke go dira gore motho a o duelele gape

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela