“Lefatshe le le Latlhegileng” la Kwa Bolivia
KA 1906 poresidente ya Royal Geographical Society ya Boritane e ne ya tlotla le Mokolonele Percy Harrison Fawcett ka kgang ya gore ikonomi ya Amerika Borwa e ka gola thata. A kgoromeletsa tšhate fa pele ga Fawcett, o ne a re: “Lebelela kgaolo eno! E na le diphatla tse dintsi tse di se nang sepe ka gonne ga go itsiwe go le gontsi ka yone.” O ne a abela mokolonele tiro ya go ya go batlisisa kgaolo eo. Fawcett o ne a amogela tiro eo.
Mo dibukeng tsa gagwe tse a neng a kwala dintlha tsa botlhokwa mo go tsone Fawcett o ne a tlhalosa mekgokolosa e e tletseng ka dikgwa tse di kitlaneng e gone jaanong e itseweng e le Setlhaba sa Huanchaca kwa Bolivia. O ne a bitsa lefelo leo a re ke “lefatshe le le latlhegileng.”a Batho ba bangwe ba dumela gore dibuka tseo le ditshwantsho tsa ga Fawcett di ne tsa tlhotlheletsa mokwadi yo o tumileng wa kwa Boritane e bong Motlotlegi Arthur Conan Doyle yo o neng a kwala buka ya The Lost World, e e tlhalosang lefatshe la ditlhamane la “batho seka-ditshwene” le di-dinosaur tse di tshosang tse go tweng di ne tsa tshela go fitlha mo motlheng wa segompieno. Gompieno kgaolo eno e e leng karolo ya bogologolo ya Amazonia e akaretsa Noel Kempff Mercado National Park ya kwa Bolivia, e e ileng ya dirwa Lefelo le le Itlhaolang ka Bontle Jwa Lone mo Lefatsheng ka ngwaga wa 2000.b
Paraka eno e e kwa bokonebophirima jwa Bolivia gaufi le molelwane wa Brazil, ke sekgwa se se iseng se senngwe ke batho sa disekwerekilometara tse di fetang 15 000. Se na le mefuta e le metlhano ya tikologo, dikgwa tse di kwa dithabeng tse di nnang di le ditala, dikgwa tse di nang le ditlhare tse di tlhotlhoregang, dithaba tse di nang le tlhaga e e omileng, lefelo la ditsobotla le le nang le tlhaga le dikgwa tse di ditsobotla. Setlhaba sa Huanchaca ka bosone ke lefika la moshawa le le bogolo jwa disekwerekilometara di le 5 180 le bogodimo jwa dimetara di le 550 mme se kwa godimo ga dipoa tse di se dikologileng gape se boleele jwa dikilometara di le 150 go bapa le molelwane o o ka kwa botlhaba jwa paraka eno. Dinoka tse dintsi tse di nosetsang setlhaba seno le dipoa tse di se dikologileng di naya diphororo di le 20 metsi go akaretsa le diphororo tsa Salto Susana, tsa Arco Iris, tsa Federico Ahlfeld, tsa Gemelas le tsa El Encanto.
Loeto Lwa Rona lo lo Itumedisang lo a Simolola
E re ka paraka eno e sireletsegile ka go bo e le kwa thoko, e ngoka bajanala ba ba kgatlhegelang go sireletsa tikologo le diphologolo, mme ba le bantsi ba bone ba tla ka sefofane go tswa kwa Santa Cruz, kwa Bolivia bogare. Rona re ne ra swetsa go tsaya loeto lwa dikilometara di le 700 ka koloi mme seo se ile sa dira gore re kgone go bona mafelo a a kwa thoko a Bolivia sentle. Mo lefelong lengwe re ne ra bona kwa pelenyana ga rona se se neng se bonala e kete ke matlhare a mantsi a a mebalabala a a phaphaselang mo tseleng. Le fa go ntse jalo, “matlhare” ao e ne e le dirurubele mme e ne e se rona fela re di lebileng. Go ne go na le mekgantitswane e mentsi e e tshwerweng ke tlala e e neng e tlolaka e ja dirurubele tseno tse di neng di se na botso.
Fa re fitlha kwa parakeng e go tlhokomelwang diphologolo kwa go yone, re ne ra kopana le mokaedi wa rona e bong Guido, kwa motseng wa La Florida, mo dintshing tsa Noka ya Paragua. Guido o ne a re ralatsa noka le koloi ya rona mo godimo ga mokoro o o tshwanang le borogo mme go tswa foo re ne ra kgweetsa sekgala se sekhutshwane go ya kwa kampeng ya Los Fierros. Fa re le mo tseleng re ne ra bona phokoje le mofuta wa ubane—nonyane nngwe e ntle e e neng ya kgabaganya tsela mo pele ga rona.
Letsatsi le le latelang fa re tsoga re ne ra utlwa molodi o o kwa godimo wa dinonyane—dipapalagae di le nnè tsa mmala o montle o o bobududu le boserolwana tse di neng di kotame kwa godimo mo setlhareng ka kwa ntle ga mogope wa rona. Go ne go ntse jaaka e kete di a re, “Re a lo amogela mo legaeng la rona!” Go simolola letsatsi la rona la ntlha mo parakeng ka tsela eno e e itumedisang go ne go bontsha gore re tlile go itumelela loeto lwa rona tota.
E Nyeuma ka Botshelo
Noel Kempff Mercado National Park e na le mefuta e e fetang 600 ya dinonyane, diamusi di le 139 tse di farologaneng (tse di fetang tsotlhe tsa kwa Amerika Bokone), mefuta e le 74 ya digagabi le mo e ka nnang mefuta e le 3 000 ya dirurubele—re sa bale mefuta e mentsintsi ya ditshenekegi. Dinonyane di akaretsa mefuta e e fetang 20 ya dipapalagae, mmogo le ntsu ya harpy, di-hoatzin le di-helmeted manakin. Nick Acheson mokaedi wa dinonyane wa lefelo leo e bile e le mosireletsi wa tsone, o ne a re bolelela gore “mofuta o o sa tlwaelegang o o jaaka rufous-sided pygmy-tyrant le dinonyane tsa black-and-tawny seedeater di ngoka barati ba dinonyane go ralala lefatshe lotlhe.”
Gare ga diamusi di le dintsi go na le dithakadu tse dikgolo, bophiri ba ba seriri, dinkwe tsa kwa Amerika (di-jaguar), di-peccary (mefuta ya dikolobe tsa naga), di-tapir le mofuta wa dikgama tsa pampas. Dinoka tse dintsi tse di dikologileng paraka eno e bile di tsaya metsi mo go yone, le tsone di nyeuma ka botshelo, go akaretsa le mefuta e le 62 ya ditshedi tse di kgonang go tshela mo metsing le mo lefatsheng le mefuta e le 254 ya ditlhapi mmogo le mefuta ya dikwena e e bidiwang di-caiman, manyibi a magolo a noka, di-capybara le dolofine tse dintle tse di pinki. Ruri paraka eno ke lefelo le lentle le batho ba ba ratang tlhago ba ka yang kwa go lone!
E re ka go na le dikatse tse dikgolo kwa Amazonia, baeti ba le bantsi ba tshwenyega ka pabalesego—mme le rona re ne re tshwenyegile ka yone. Mookamedi wa kampa ya Los Fierros o ne a re bolelela ka maitemogelo a bosigo jwa gagwe jwa ntlha mo parakeng. O ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ka tsoga mo gare ga bosigo ke na le boikutlo jo bo sa tlwaelegang jwa gore ke lebilwe. Ke ne ka leba ka fensetere mme ka bona jaguar e ntibile, re kgaoganngwa fela ke nnete e e thibelang ditshenekegi! Ke tshogile, ke ne ka itotlelela mo teng ga ntlwana ya botlhapelo go fitlha ka masa.” E ne e se se re neng re batla go se utlwa!
Mme mookamedi o ne a tswelela ka go bolela jaana: “Go ise go ye kae ke ne ka utlwa gore phologolo eno e e sa tlwaelegang, gantsi e eta bosigo mme ga e tsewe e le kotsi. Tota e bile, ka malatsi a go leng mogote ka one, gantsi di-jaguar di tsena mo kampeng di bo di rapama mo patlelong e e tsiditsana ya matlwana e e adilweng ka dithaele. Jaaka o ka tswa o akanya, seo e ka nna sengwe se se tshosang tota mo bathong ba ba sa tswang go goroga! Mo nakong e e fetileng, ka metlha re ne re nna re tshwere ditlhobolo, segolobogolo fa re bontsha batho lefelo bosigo, mme gone jaanong ga re ke re di tshwara. Diphologolo ga di a fetoga; ke tsela e rona re ikutlwang ka yone ka tsone e fetogileng.” Le fa go ntse jalo, o ne a re tlhagisa gore re tlotle diphologolo tsotlhe tsa naga.
Go Tsamaya mo Sekgweng go ya Kwa Diphororong Tsa El Encanto
Diphororo tse dintsi tsa paraka eno di ngoka batho ba le bantsi. Re ne ra simolola loeto lwa rona le mokaedi wa rona e bong Guido phakela mme ra tsaya loeto go ya kwa diphororong tsa El Encanto tse di tshologelang kwa tlase sekgala sa dimetara di le 80 go tswa kwa Setlhabeng sa Huanchaca. Fa re ntse re tsamaya sekgala sa dikilometara di le thataro mo dikgweng tseno tsa pula, re ne ra dumedisiwa ke di-spider monkey (mofuta wa dikgabo) le dikgabo tse di bokolelang tse di neng di le fa godimo mo dikaleng. Mefuta eno ka bobedi e na le maina a a tshwanelang—di-spider monkey ka gonne di na le matsogo le maoto a maleele mme tse di bokolelang tsone di bidiwa jalo ka gonne di dira modumo o mogolo wa go bokolela o o ka utlwalang bokgakala jwa dikilometara di le tharo! Kwa pelenyana, piping-guan ya mometso o mohibidu, nonyane nngwe e e tshwanang le kalakune, e kgabaganya tsela fa pele ga rona e ya go batla sefitlholo. Guido o ne a re tlhokomedisa metlhala e e fa thoko ga dintshi tsa molatswana o o gaufi. Matlho a gagwe a a setseng a kgona go lemoga dilo tseno, a bona metlhala ya mefuta e mebedi ya dikgama mmogo le ya tapir, jaguar le puma. Re ne ra lemoga gore re lebilwe ke mefuta e mentsi ya diphologolo e e iphitlhileng le gore bosigo le motshegare lefelo leno le nyeuma ka botshelo.
Diphologolo tseno tse di nnang di ntshitse matlho dinameng di na le matlhare a mantsi a di ka iphitlhang ka one, ka gonne paraka eno e na le mefuta e e farologaneng ya tikologo e mefuta e mentsi ya dimela e golang mo go yone. Tota e bile, go fopholediwa gore go na le mefuta ya dimela e e ka nnang 4 000 mo lefelong leno, go akaretsa le mefuta e le 100 ya malomo a orchid, mmogo le mefuta e mentsi ya ditlhare, dipatadikgagane, dimela tsa di-bromeliad le merara. Re ne ra bona mebala e mentle le go utlwa menko e e monate ya maungo a a golang fa thoko ga tsela. Maungo ano a ne a akaretsa maungo a mangaba a a golang mo setlhareng le granadilla, e e golang mo morareng.
Kgabagare, fa re kgabaganya molatswana, re ne ra simolola go utlwa modumo wa metsi a a tshologang mme modumo wa teng o ne o oketsega fa re ntse re atamela. Mme re sa lebelela, re ne ra tsena mo lebaleng le le bulegileng, mme fa pele ga rona go ne go na le diphororo tse dikgolo tsa El Encanto, mme karolo ya tsone e e kwa tlase e ne e tletse ka mouwane. Dimela tsa dipatadikgagane le tsa di-bromeliad di ne di kgabisitse mafika a a neng a dikologile lekadiba le le phepa leno. Guido o ne a re: “Ka malatsi a a mogote, dikgabo di tla mo metsing gore di ntshe mogote wa letsatsi.” Re ne ra etsa sekao sa tsone mme le rona ra ntsha mogote, re ntse re itumelela lefelo le lentle leno le le iketlileng le modumo o o itumedisang wa metsi a a tshologang.
Lefelo le le Sireleditsweng—Boswa jo Noel Kempff Mercado a bo Tlogetseng
Mosireletsi wa tikologo e bong Noel Kempff Mercado o ne a tlhokafala ka 1986. Le fa go ntse jalo, tiro e a e simolotseng ya go sireletsa karolo eno ya Bolivia e ntse e tswelela pele. Ka 1996 mebuso ya kwa Bolivia le United States e ne ya dumalana go sireletsa diheketara di le 880 000 tsa dikgwa tsa pula le go dira gore go nne le thulaganyo e e tla tshegetsang seo e le ka boiteko jwa go fokotsa digase tse di kotsi kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Ngwaga o o latelang puso ya Bolivia le dikhampani tse tharo tsa motlakase di ne tsa simolola Noel Kempff Climate Action Project, e gareng ga dilo tse dingwe e neng ya fedisa ditshwanelo tsa go kgaola ditlhare mo diheketareng di le 880 000 tsa sekgwa seo. Karolo eno e ne ya akarediwa mo parakeng, mme ya dira gore bogolo jwa yone bo menagane gabedi.
Ketelo ya rona mo lefelong le lentle leno e ne ya oketsa kanaanelo ya rona mo Mmoping, mo bontleng le mo mefuteng e e farologaneng ya botshelo e a e beileng mo polaneteng ya Lefatshe. Pesalema 104:24 ya re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.” Ebu, fa re ntse re tsamaya mo ditselaneng tseno tsa “lefatshe le le latlhegileng,” go ne ga itlela fela gore re batle go nna kelotlhoko gore re se ka ra senya tikologo, re itumelele bontle mme re se ka ra tsamaya le sepe fa e se ditshwantsho tse di mo dikhamereng tsa rona le mo megopolong ya rona.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka May 1925, Fawcett o ne a kwalela mosadi wa gagwe ka letsholo la gagwe. E nnile lekgetlo la bofelo le go ileng ga utlwiwa sengwe go tswa mo go ene mme go nyelela ga gagwe e sa ntse e le masaitseweng.
b Paraka eno e e tlhomilweng ka 1979 kwa tshimologong e ne e bidiwa Huanchaca National Park. E ne ya newa leina le lesha ka 1988 go tlotla moithutatshelo wa kwa Bolivia e bong Noel Kempff Mercado, yo o neng a bolawa kwa setlhabeng seo ke batho ba ba rekisang diokobatsi fa ka phoso a sena go bona laboratori ya khokeine e e seng kafa molaong.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Malomo a “orchid” a mmala o phepole le o mohibidu
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Diphororo tsa Ahlfeld tse di mo teng ga paraka ya ditshedi
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Dipapalagae
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Diphororo tsa El Encanto
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]
Aerial: ® 2004 Hermes Justiniano/BoliviaNature.com
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]
Orchid, Ahlfeld Falls, and macaws: ® 2004 Hermes Justiniano/BoliviaNature.com