Basha ba Botsa Jaana
Nka Apara Eng?
Heather o batla go tswa ka lebati mme batsadi ba gagwe ga ba dumele se ba se bonang.
Rraagwe o mo gakalela jaana: “A o apara selo seo?”
A gakgametse, Heather o araba ka gore: “Bothata ke eng? Ke ya mabenkeleng fela le ditsala tsa me.”
Mmaagwe a re: “E seng o apere diaparo tseo!”
Heather o ngongorega jaana: “Mama tlhe, bana botlhe ba apara jaana, . . . mme e bile go kaya sengwe fa motho a apere jaana!”
Rraagwe o araba jaana ka bogale: “Mme ga re rate se di se bolelang! Ka jalo, mosetsana, tsamaya o ye go apola diaparo tseo kgotsa ga o ye gope!”
GO LWA ka ntlha ya diaparo ga se selo se sesha. Batsadi ba gago ba ka tswa ba nnile le dintwa tse di ntseng jalo le batsadi ba bone fa ba ne ba lekana le wena. Mme ka nako eo, ba ka tswa ba ne ba ikutlwa ka tsela e wena o ikutlwang ka yone gompieno! Mme gone jaanong ke bone batsadi mme kgang ya gore o ka apara eng e baka dikgotlhang tse di sa feleng.
Wena wa re: Ke gololesegile ka seaparo seno.
Bone ba re: Ga se bothakga.
Wena wa re: Se sentle thata!
Bone ba re: Se tsosa keletso ya tlhakanelodikobo.
Wena wa re: Se ja halofo ya tlhwatlhwa ya sone.
Bone ba re: Se tshwanetse sa bo se ja halofo ya tlhwatlhwa ya sone. . . . Ka gonne halofo ya sone ga e yo!
A go ka nna le tsela e lo ka dirang kagiso ka yone? Ee! Megan yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 23 o itse sephiri sa gone. A re: “Ga lo tlhoke go ganetsana. Lo ka dumalana.” Go dumalana? A seo se raya gore o tshwanetse go apara e kete o motho wa dingwaga di le 40? Diga makgwafo! Go dumalana go raya fela gore wena le batsadi ba gago lo ka tlotla ka dilo tse lo sa dumalaneng ka tsone mme go nne le dikakantsho tse dingwe tse bone—le wena—lo ka di itumelelang. Melemo ya gone ke efe?
1. O tla lebega o le montle thata, tota le e leng mo balekaneng ba gago.
2. Go ka se direge gore batsadi ba gago ba go tshwaye diphoso ka se o se aparang.
3. Fa batsadi ba gago ba sena go bona kafa o nang le maikarabelo ka teng mo kgannyeng eno, ba ka nna ba bo ba go naya kgololesego le mo dilong tse dingwe.
Ka jalo, a re simolole. Akanya ka “seaparo se o se batlang tota” se o se boneng mo Internet kgotsa kwa lebenkeleng. Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira ke go . . .
Akanya ka Melaometheo ya Baebele
Go a gakgamatsa gore Baebele ga e bue go le gontsi ka moaparo. Tota e bile, o ka kgona go balela kwa godimo kgakololo ya Dikwalo e e buang ka tlhamalalo ka kgang eno ka metsotso e se kae fela! Le fa go ntse jalo, mo nakong eo, o ka kgona go bona dikaelo tse di tlhomameng tse di botlhokwa. Ka sekai:
◼ Baebele e gakolola basadi gore ba ikgabise “ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.”a—1 Timotheo 2:9, 10.
Lefoko “boingotlo” le ka nna la dira gore o tshwenyege. O ka nna wa ipotsa gore, ‘A jaanong ke tshwanetse go apara kgetsi?’ Le e seng! Mo go se go buiwang ka sone fano, boingotlo bo kaya gore diaparo tsa gago di tshwanetse go supa gore wa itlotla le gore o akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. (2 Bakorintha 6:3) Go na le diaparo tse dintsi tse di farologaneng tse di tshwanelang tlhaloso eo. Danielle wa dingwaga di le 23 a re: “Go ka tswa go le thata mme o ka kgona go nna montle kwantle ga gore o apare ditaele tse di feteletseng.”
◼ Baebele ya re fa go tla mo kgannyeng ya tebego ya gago, o tshwanetse go tlhoma mogopolo mo ‘mothong wa sephiri wa pelo’—kgotsa jaaka Today’s English Version e tlhalosa, “se o leng sone tota kafa teng.”—1 Petere 3:4.
Seaparo se se se nang seriti se ka nna sa dira gore batho ba go lebe ka nakwana, mme ke bontle jwa gago jwa kafa teng jo bo tla dirang gore bagolo le balekane ba gago ba go tlotle nako e telele. Balekane ba gago? Ee—tota le bone ba ka nna ba bona boeleele jwa ditaele tse di feteletseng. Brittany wa dingwaga di le 16 a re: “Go ferosa sebete go bona kafa basadi ba itatlhelang mo banneng ka teng ka tsela e ba aparang ka yone!” Kay o dumalana le seo. Fa a tlhalosa motho yo e kileng ya bo e le tsala ya gagwe a re: “Sengwe le sengwe se a neng a se apara se ne se re ‘ntebe.’ O ne a batla go ngoka kgatlhego ya basimane mme gore ba mo kgatlhegele o ne a apara diaparo tse di neng di ngoka kgatlhego tota, tse a neng a ka di fitlhela.”
Ntlha E e Ka Thusang ka Moaparo: Tila mofuta wa diaparo tse di tsosang boikutlo jwa tlhakanelodikobo. Di dira gore o lebege o le motho yo o gagamalelang go ngoka kgatlhego le yo o ikakanyetsang a le nosi. Mme gape di ka dira gore o tlhaselwe motlhofo—kgotsa le e leng go diragalelwa ke se se bosula le go feta. Go farologana le seo, moaparo o o nang le seriti o tokafatsa tsela e o lebegang ka yone e bile o dira gore dinonofo tsa gago tse dintle di bonale sentle.
Kopa Thuso ya Batsadi ba Gago
Go tsenya seaparo sengwe se se se nang seriti mo teng ga beke ya gago ya sekolo mme o bo o se apara fa o fitlha kwa sekolong ga se tsela e e siameng ya go dira dilo. Batsadi ba gago ba tla go tshepa ka tsela e kgolwane fa o ikanyega mo go bone le mo dilong tse o neng o ka tswa o akanya gore o ka di dira kwantle ga gore ba itse. Tota e bile, o tla bo o dira sentle fa o ka kopa kakantsho ya bone fa o akanya go reka seaparo sengwe.—Diane 15:22.
Mme gone o tla batlelang go dira jalo? A tiro ya batsadi ba gago ga se gone go fokotsa bokgoni jwa gago jwa go apara? E seng tota. Gone ke boammaaruri gore batsadi ba gago ba ka tswa ba leba dilo ka tsela e e farologaneng. Mme ka dinako tse dingwe ke sone se o se tlhokang. Nataleine wa dingwaga di le 17 a re: “Ke anaanela kgakololo ya batsadi ba me ka gonne ga ke batle go tswa mo ntlong ke bo ke itlhabisa ditlhong kgotsa ke nne motho yo batho ba sa bueng sentle ka ene ka ntlha ya tebego ya me.”
Mo godimo ga moo, fa re bua boammaaruri fela: Fa o sa ntse o nna le batsadi ba gago, o kafa tlase ga taolo ya bone. (Bakolosa 3:20) Le fa go ntse jalo, fa o tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka teng—mme bone ba tlhaloganya kafa wena o ikutlwang ka teng—o tla gakgamala go bona kafa gantsi lo dumalanang ka teng. Ka ntlha ya seo, dintwa tsa lona tsa moaparo kgabagare di tla bo di fedile!
Ntlha E e Ka Thusang ka Moaparo: Fa o itekanya diaparo, o se ka wa akanya fela ka se o se bonang mo seiponeng. Seaparo se se ka tswang se lebega se na le seriti se ka nna sa se ka sa nna le seriti fa o nna fa fatshe kgotsa o inama go sela sengwe. Fa go kgonega, kopa kakantsho ya motsadi kgotsa tsala nngwe e e godileng.
O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Ntlha e e kwa tlase]
a Le fa gone kgakololo eno ya Baebele e lebisitswe mo basading, melaometheo ya yone e dira mo basading le mo banneng. Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng, “Go Tweng ka Basimane?”
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
Akanya ka seaparo se o batlang go se reka. Go tswa foo ipotse jaana:
◼ Se fetisa “molaetsa” ofe?
◼ Se ka dira gore batho ba bangwe ba ntebe jang?
◼ A tota ke batla gore batho ba ntebe jalo le go lebana le ditlamorago tsa gone?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]
Kaedi ya Moaparo
Ditaelo: Dira khopi ya tsebe eno. Dira gore batsadi ba gago ba tlatse kholomo e e kafa mojeng mme wena o tlatse e e kafa molemeng. Moragonyana naya batsadi ba gago pampiri e o kwaletseng mo go yone mme le bone ba go neye ya bone mme lo bo lo tlotla ka dikarabo tsa lona. A go na le dilo dingwe tse di lo gakgamatsang? Ke eng se mongwe le mongwe wa lona a se ithutileng se a neng a sa se itse malebana le kafa yo mongwe a akanyang ka teng?
YA GAGO
Akanya ka seaparo sengwe se se rileng se o batlang go se apara kgotsa go se reka.
◼ Ke eng fa o rata seaparo seno? Kwala mabaka a a kafa tlase fano go ya ka tsela e a latelanang ka yone go ya ka wena
․․․․․ Leina la seaparo
․․․․․ Se ngoka batho ba bong bo sele
․․․․․ Se amogelwa ke balekane
․․․․․ Se go nna sentle
․․․․․ Tlhwatlhwa ya sone
․․․․․Tse dingwe․․․․․
◼ Gongwe batsadi ba me ba tla itshwara ka tsela eno fa ba simolola go bona seaparo seno
□ “Nnyaa, le e seng!”
□ “Gongwe.”
□ “Ga go na bothata.”
◼ Gongwe lebaka la go bo ba sa se batle e ka tswa e le
□ “Se tsosa keletso ya tlhakanelodikobo.”
□ “Ga se bothakga le e seng.”
□ “Ke feshene e e feteletseng.”
□ “Se re senya leina jaaka batsadi ba gago.”
□ “Se tura thata.”
□ Tse dingwe ․․․․․
YA BATSADI BA GAGO
Akanya ka seaparo se se rileng se ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a batlang go se apara kgotsa go se reka.
◼ O akanya gore ke ka ntlha yang fa ngwana wa gago a rata seaparo seno? Kwala mabaka a a kafa go tlase fano go ya ka tsela e a latelanang ka yone go ya ka se o akanyang gore se botlhokwa mo go ene.
․․․․․ Leina la seaparo
․․․․․ Se ngoka batho ba bong bo sele
․․․․․ Se amogelwa ke balekane
․․․․․ Se mo nna sentle
․․․․․ Tlhwatlhwa ya sone
․․․․․ Tse dingwe ․․․․․
◼ Kafa ke tla itshwarang ka teng fa ke simolola go se bona
□ “Nnyaa, le e seng!”
□ “Gongwe.”
□ “Ga go na bothata.”
◼ Lebaka la go bo ke sa se batle ke
□ “Se tsosa keletso ya tlhakanelodikobo.”
□ “Ga se bothakga le e seng.”
□ “Ke feshene e e feteletseng.”
“Se re senya leina jaaka batsadi ba gago.”
□ “Se tura thata.”
□ Tse dingwe ․․․․․
A RE KA DIRISANA MMOGO MO GO SENO?
◼ A lebaka la go bo re gana seaparo seno ke fela ka ntlha ya gore rona ga re se rate?
□ Ee □ Gongwe □ Nnyaa
◼ Go tweng fa e le gore go ka dirwa sengwe gore seaparo seno se amogelesege?
TSHWETSO
․․․․․
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 20]
SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG
“Go siame gore o apare ‘setaele’ se se rileng, fa fela se sa thulane le melaometheo ya Baebele. Go na le dilo tse dintsi tse o ka di rekang tse dintle mme e le tse di amogelegang.”—Derrick.
“Fa ke ne ke le mosha wa dingwaga tsa bolesome, ke ne ke batla go gololesega. Ke ne ke sa batle go bolelelwa gore ke apare eng. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore ke ne ke sa fiwe tlotlo e ke neng ke e batla—go fitlha ke akanyetsa dikakantsho tsa batsadi ba me le tsa batho ba ba godileng.”—Megan.
“Fa ke bona basetsana ba ba apereng diaparo tse di se nang seriti, tlotlo ya me mo go bone e a fokotsega. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa ke bona batho ba ba apereng diaparo tse di nang le seriti mme di le dintle, ke akanya gore, ‘Ke kafa ke batlang gore batho ba ntebe ka teng.’”—Nataleine.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]
GO TWENG KA BASIMANE?
Melaometheo ya Baebele e go tlotliwang ka yone mo setlhogong seno e dira le mo basimaneng. Nna bori. Dira gore motho wa sephiri wa pelo ya gago—se o leng sone tota kafa teng—a bonale. Fa o akanya ka seaparo se se rileng, ipotse jaana: ‘Se tla bolela eng ka nna? A se “se se bolelang” se bontsha se ke leng sone tota?’ Gakologelwa, diaparo di na le se di se bolelang. Tlhomamisa gore diaparo tsa gago di bontsha dilo tse o di dumelang!
[Lebokoso mo go tsebe 21]
MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING
Akanya ka tiragalo ya ntlha mo setlhogong seno, mme o akanye ka Heather e le morwadio. Ga go kafa o ka itlhokomolosang seaparo se sekhutshwane se a se apereng ka teng—go ya ka wena, ga a apara tota. O tsibogela seo ka bonako ka gore, “Mosetsana, tsamaya o ye go apola diaparo tseo kgotsa ga o ye gope!” Go tsiboga ka tsela eo go tla nna le ditlamorago tsa gone. Aitsane, morwadio ga a na se a ka se dirang fa e se go dira se o se mmolelelang. Mme gone, o ka mo ruta jang gore a fetole e seng fela diaparo tsa gagwe mme le tsela e a akanyang ka yone?
◼ Sa ntlha, gakologelwa gore ditlamorago tsa go apara diaparo tse di se nang seriti di tshwanetse tsa nna botlhokwa mo ngwaneng wa gago wa dingwaga tsa bolesome fela jaaka di ntse mo go wena. Mo pelong ya gagwe, ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome ga a batle go lebega jaaka seeleele kgotsa go ngoka kgatlhego e e sa batlegeng. Ka bopelotelele mmontshe gore ditaele tse di se nang seriti ga di kgatlhe tota.b Akantsha sengwe se sele.
◼ Sa bobedi, “a go nna tekatekano ga lona go itsiwe.” (Bafilipi 4:5) Ipotse gore, ‘A seaparo sa gagwe se thulana le molaomotheo wa Baebele, kgotsa a ke kgang fela ya gore ke rata eng?’ (2 Bakorintha 1:24) Fa e le gore ke kgang ya gore wena o rata eng, a o ka mo letla gore a se apare?
◼ Sa boraro, o se ka wa bolelela ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome fela gore ke eng se se sa amogelesegeng. Mo thuse gore a batle diaparo tse di tshwanelang. E tla bo e se matsapa a bophiri.
[Ntlha e e kwa tlase]
b Ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a ka tswa a tshwenyega thata ka tsela e a lebegang ka yone, ka jalo, nna kelotlhoko gore o se ka wa kaya gore go na le sengwe se se phoso ka tebego ya gagwe.