Rotlhe re Lelapa le le Lengwe
O IKUTLWA jang ka batho ba mmala o o farologaneng kgotsa ba lotso lo lo farologaneng le lwa gago? A o ba tsaya ba lekana le wena? Ka maswabi batho ba le bantsi ba tseela batho ba ditso tse dingwe kwa tlase. Tshupiso nngwe e tlhalosa gore “tlhaolele ke go dumela gore lotso longwe lo kwa godimo ga ditso tse dingwe le gore lo na le bokgoni jo bo gaisang jwa ditso tse dingwe le gore motho o kwa godimo ga batho ba bangwe ka ntlha ya lotso lo a tsholetsweng mo go lone.”
Tumelo eno e dirile gore go nne le mathata a mantsi. Porofesa Wen-Shing Tseng mo bukeng ya gagwe ya Handbook of Cultural Psychiatry o ne a kwala gore go dumela gore lotso lo longwe lo kwa godimo ga lo longwe go dirile gore “batho ba bone go siame fela go gatelela batho ba merafe e mengwe le go dira batho ba bangwe makgoba.” O ne a oketsa ka gore lotso lo ntse lo dirisiwa go “bolela fa go sa lekane ga tsa loago, ikonomi le dipolotiki go siame.” Tota le gompieno batho ba sa ntse ba tlhaolwa ka lotso mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Mme gone, a tumelo eno e e utlwisang botlhoko e theilwe mo boammaaruring? Saense le Baebele di a reng?
Saense ya Reng?
Se se lemogilweng mo dijining se ne sa tlhomamisa maaka a a malebana le go tlhaola batho ka lotso. Babatlisisi ba ba neng ba ithuta ka batho ba ba tswang mo dikontinenteng tse di farologaneng ba ne ba fitlhela gore pharologano e e leng teng magareng ga DNA ya batho ba babedi ba ba tlhophilweng fela go tswa gongwe le gongwe mo lefatsheng e ka nna diperesente di le 0,5.a Mme diperesente di le 86 go ya go di le 90 tsa pharologano eo e ne e le fa gare ga sengwe sa ditlhopha tseo tsa lotso. Ka jalo, ke pharologano ya diperesente di le 14 kgotsa kafa tlase ga foo tsa diperesente di le 0,5 e e neng e le teng magareng ga ditlhopha tseo tsa lotso.
“Batho ba tshwana go ya ka dijini,” kgotsa ba batlile ba tshwana
Lokwalopaka lwa Nature lo bolela gore, e re ka “batho ba tshwana go ya ka dijini, seo se tshwanetse sa dirisiwa go thusa batho gore ba fedise kgang ya go tlhaolana ka lotso.”
Kakanyo e e ntseng jalo ga e ntšha. Go simolola ka 1950 United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization e ne ya gatisa motseletsele wa ditlhaloso tse maikaelelo a tsone e neng e le go fedisa go tlhaola batho ka lotso. Ditlhaloso tseo di ne di kwadilwe ke batho ba ba neng ba ithuta ka batho, ba ba ithutang ka dijini le ba ba ithutang ka loago. Le fa go ntse jalo, go tlhaola batho ka lotso go ntse go tswelela. Ga go na pelaelo gore go itse boammaaruri fela ka seno ga go a lekana. Go tshwanetse ga fitlhelelwa motho wa kafa gare e leng pelo. Jesu Keresete o ne a re: “Mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo.”—Mathaio 15:19, 20.
Se Baebele e se Bolelang
Baebele e kwadilwe gore e tlhotlheletse pelo. Ka sekai, mo godimo ga go bua se saense e se buang gore “[Modimo] o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe,” Baebele gape ya re: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35; 17:26) A seo ga se dire gore o rate Modimo?—Duteronome 32:4.
Jehofa Modimo o batla gore re bontshe gore re a mo rata ka gore re mo etse. Baefeso 5:1, 2 ya re: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong.” Go “tsamaya mo loratong” go akaretsa go rata batho jaaka Modimo a ba rata, go sa kgathalesege mmala wa letlalo la bone kgotsa gore ke ba lotso lofe.—Mareko 12:31.
Modimo a ka se amogele batho ba dipelo tsa bone di tletseng ka bosula, go akaretsa letlhoo le go tlhaola batho ka lotso, gore e nne batlhanka ba gagwe. (1 Johane 3:15) Tota e bile, nako ya gore Modimo a fedise batho botlhe ba ba bosula mo lefatsheng e atamela ka bonako. Go tla sala fela ba ba etsang dinonofo tsa gagwe. Ka nako eo, batho botlhe ba tla nna lelapa le le lengwe la mmatota—ka tsela ya nama le ya semoya.—Pesalema 37:29, 34, 38.
a Le fa go ntse jalo, pharologanyo e nnye fela e e leng teng mo dijining tsa batho e botlhokwa mo go tsa kalafi ka gonne malwetse a mangwe a lebega a tsamaisana le dijini.