Kafa ke Neng ka Felelwa ke Lorato Lwa me Lwa Ntwa ka Teng
Jaaka go boletse Thomas Stubenvoll
KE NE ka tsholelwa kwa New York City ka November 8, 1944. Mme ke goletse kwa South Bronx, e ka nako eo e neng e le motse o o neng o kgaogantswe ke bomorafe. Fa ke ne ke le mosimane, gantsi ke ne ke tlhola mo mebileng, mme go ise go ye kae ke ne ka ithuta go tlotla melelwane ya digopa tsa ditso tse di farologaneng. Digopa tseo di ne di boifiwa ka ntlha ya ditiro tsa tsone tsa bokebekwa le go rata dikgoka ga tsone.
Fa ke le dingwaga di le 12, ke ne ke le leloko la segopa se se rileng. Re ne re ipitsa Magata (The Skulls). Nna le balekane ba me re ne re a tle re thukhuthe dikolotsana tsa diterena tse di rwalang dithoto mme re bo re utswa makase a peanut butter le dijo tse dingwe. Digopa tse mo go tsone go neng go na le basimane ba ba mo dingwageng tsa bolesome di ne di le pelokgale thata. Go ne go na le dintwa tse dintsi tsa matlho a mahibidu mo gare ga digopa tse di ntseng jalo. Mo lekgetlong le lengwe tsala nngwe ya me e kgolo e ne ya tlhabiwa ka thiba a bo a swa ke mo lebile.
Go Kgatlhwa ke Ntwa
Go nna leloko la segopa go ne go sa intumedise tota. Morago ga nakwana, ke ne ka batla go ipona fela ke tswile mo toropong. Malome Eddie o ne a kile a bo a le mo Ntweng ya Korea, e mo go yone e neng e le leloko la Marine Corps, mokgatlho mongwe wa sesole sa United States. Tsela e malome Eddie a neng a tlhalosa Sesole seno sa Lewatle ka yone e ne e nkgatlha tota. Ke ne ka bolelelwa gore Lesole lengwe le lengwe la Lewatle ke moeteledipele yo o nang le boikarabelo e bile ke lesole le le pelokgale le le thapisitsweng go dira ditshwetso tse di siameng. Moano wa Marine Corps wa Semper fidelis o ka Selatine o kayang “go ikanyega ka metlha,” o gatelela boikanyego le boineelo jwa one jo bo gagametseng. Go ise go ye kae, ke ne ke batla fela go nna Lesole la Lewatle le le nang le bokgoni.
Ka November 8, 1961, ka lone letsatsi le ke neng ka nna dingwaga di le 17 ka lone, ke ne ka kwadisiwa go nna Lesole la Lewatle. Mo dikgweding tse di kafa tlase ga di le nnè morago ga foo, ke ne ka aloga go tswa mo kampeng ya thapiso mme ka nna Lesole la Lewatle. Eo e ne e le tshimologo ya tiro ya me ya bosole ya dingwaga di le 11.
Ke ne ka tsena mo sesoleng ka nako ya fa go ne go na le kagiso. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa Lesole la Lewatle ke jwa go nna o thapisiwa. La ntlha, ke ne ka romelwa kwa Oahu, Hawaii, kwa ke neng ka amogela thapiso e e tseneletseng ya maano a go tlhasela ke le lesole le le tsamayang ka maoto le mo dintweng tsa borukhutlhi. Ke ne ka nna setswerere sa go thuntsha, ke kgona go thuntsha mo sedikong sa disentimetara di le 25 ke le bokgakala jwa dimetara di le 460. Ke ne ka thapisediwa go lwa ke sa dirise dibetsa, go dirisa dibomo, go bala mmapa, go senya ka go dirisa dibomo le tsela ya go dira dipuisano. Ke ne ke itumelela sengwe le sengwe.
Morago ga tiro ya me ya kwa Hawaii, ke ne ka ya Japane ka dikgwedi di le thataro go ya go nna modisa wa dibetsa tsa kafa tlase ga metsi kwa Atsugi Naval Air Station. Go ise go ye kae, dikgotlhang tse di fa gare ga United States le Vietnam Bokone di ne tsa ya magoletsa mme ke ne ka abelwa go nna mo setlhopheng sa Masole a Lewatle a a neng a rongwa gore a tsamaye ka USS Ranger, e leng sekepe sa ntwa se se neng se kgona go pega difofane. Go tswa kwa Kgogometsong ya Tonkin, sekepe sa rona se ne sa kopanela mo ntweng ya dibomo ya difofane ya Vietnam Bokone. Kgabagare, ke ne ke lwa mo ntweng ya mmatota. Le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke le mo sekepeng, ke ne ke ikutlwa e kete ga ke mo ntweng ya mmatota.
Dilo Tse di Diregang Tota mo Ntweng
Ka dikgakologo tsa 1966, fa ke ne ke sa ntse ke le mo sekepeng sa Ranger, ke ne ka gololwa ka tlotlo mo tirong ya sesole ya dingwaga di le nnè. Bontsi jwa masole a a neng a le mo boemong jwa me a ne a ka boela gae a itumetse mme ba bo ba tila go lebana le tshololo ya madi e e neng e tla tloga e nna teng. Mme ke ne ke setse ke le Lesole la Lewatle le le ineetseng, motlhabani yo o thapiseditsweng tiro mme ke ne ke sa ikaelela go tlogela. Ke ne ka swetsa go ikwadisa gape.
Ke ne ke batla go lwa. Ke se ke neng ke se thapiseditswe. Ka jalo, ke ne ka ithaopela go direla mo sesoleng se se tsamayang ka maoto. Go ne go sa re sepe gore ke abelwa go dira kae, fa fela ke ne nka nna lesole le le tsamayang ka maoto la Marine Corps. Boikaelelo jwa me mo botshelong e ne e le go nna Lesole la Lewatle le le setswerere mme ntwa e ne e setse e nna modimo wa me.
Ka October 1967, ke ne ka romelwa kwa Vietnam. Ke tshogile e bile ke itumetse, ke ne ka isiwa ka bonako kwa lefelong la ntwa kwa porofenseng ya Quang Tri. Moragonyana go ise go fele letsatsi, ke ne ka iphitlhela ke le mo ntweng ya matlho a mahibidu. Go ne go na le banna ba ba neng ba bolawa le go gobadiwa gaufi le nna. Ke ne ke kgona go bona lerole la marumo a a neng a wela fa fatshe a baba ba ba neng ba a thuntsha. Go ne go se na fa re ka iphitlhang gone fa e se mo ditlhatshaneng di se kae fela. Ke ne ka simolola go thuntsha fela. Go ne go le maswe. Ke ne ke akanya gore ke tla swa. Kgabagare ntwa e ne ya fela. Ke ne ka falola mme go ne go sa nna jalo ka banna ba ke neng ka thusa go ba rwala re ba busetsa morago.
Mo dikgweding tse 20 tse di latelang, ke ne ka nna le seabe mo Ntweng ya Vietnam e e neng e fagile. Ka malatsi a le supa mo bekeng, mo e ka nnang letsatsi lotlhe, ke ne ke thuntsha kgotsa ke leka gore ke se ka ka thuntshiwa, ke lalela bangwe kgotsa ke laletswe ke mongwe. Ka nako eo yotlhe, gantsi ke ne ke thuntshana le baba go tswa mo dikhuting tse di mo mmung tse di neng tsa fetoga dikgatampi tsa seretse ka bonako fa pula e na. Ka dinako tse dingwe go ne go le tsididi mme maemo a sa itumedise gotlhelele. Ke ne ke robala le go jela mo dikhuting tse di ntseng jalo.
Tiro ya me ya go batla baba le go ba bolaya e ne e dira gore ke tswe le go tsena mo sekgweng se se bongola, mme ka metlha go ne go na le kotsi ya gore mmaba a ka nkgorogela mo sekgweng se se kitlaneng. Ka dinako tse dingwe ka diura di le dintsi, ke ne ke nna ke dikologilwe ke go thunya ga dibomo. Mo ntweng nngwe gaufi le motse wa Khe Sanh, mo e ka nnang tharonnè ya setlhopha sa mophato wa me se ne sa gobadiwa kgotsa sa bolawa—mme go ne ga sala ba le 13 fela ba rona.
Ka January 30, 1968, ke ne ke le kwa bothibelelong jwa sesole, kwa ke neng ka robala mo tenteng e le ka lekgetlo la ntlha mo nakong e e fetang ngwaga. Manobonobonyana ao a ne a fela phakela mo mosong oo, fa ke ne ke tsosiwa ke modumo o mogolo wa bomo e e thunyang. Ke ne ka gobala. Dikarolwana dingwe tsa ditshipi tsa bomo eo di ne tsa tsena mo legetleng le mo mokwatleng wa me. Mo mosong oo, baba ba rona ba ne ba simolotse tlhaselo e kgolo.
Dikgobalo tsa me di ne tsa dira gore ke amogele metale o o kgabisitsweng wa sesole o o bidiwang Purple Heart, mme e ne e se dikgobalo tse di masisi thata mo di neng di ka dira gore ke tlogele go lwa. Dingaka di ne tsa ntsha dikarolwana tseo tsa ditshipi tsa bomo ka bonako mme go ise go ye kae ke ne ke le mo tseleng ya go ya kwa toropong ya Hue, kwa nngwe ya dintwa tse dikgolo e neng e lwelwa gone. Fa ke le koo, ke ne ke le motšhine o o bolayang wa mmatota. Go ne go sa ntshwenye go thuntsha mmaba. Ka malatsi a le 32, ke ne ke dirisa ura nngwe le nngwe ke tsamaya ka ntlo le ntlo ke batlana le baba le go ba bolaya.
Ka nako eo, ke ne ke akanya gore ke na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo. Ke ne ke ipolelela gore, ‘gone mme, baba ba bolaya diketekete tsa banna, basadi le bana ba ba senang molato mo toropong ya Hue. Go ne go lalaane ditopo di le diketekete mo mebileng le mo diphashiting. Re ne re beetswe dirai gongwe le gongwe, tota le kafa tlase ga ditopo dingwe. Re ne re nna re tshosediwa ke baba ba ba thunyang ba iphitlhile.’ Ga go na sepe sa dilo tseno se se neng sa nkgoba marapo. Mo mogopolong wa me, go bolaya mmaba e ne e le selo se se siameng.
Lorato Lo lo Sa Siamang Lwa Ntwa
Nakonyana morago ga ntwa ya kwa Hue, ke ne ka wetsa kabelo ya me ya sesole ya dikgwedi di le 13. Le fa go ntse jalo, ntwa e ne e fagile mme ke ne ke batla mo go oketsegileng. Ka jalo, ke ne ka ithaopela go nna kwa Vietnam go diragatsa kabelo e nngwe ya sesole. Ka nako eo ke ne ke le sajene wa masole mme ka abelwa tiro e e kgethegileng. Tiro eno e ne e akaretsa go etelela pele mephato ya Sesole ya Lewatle go ya kwa metsaneng e mennye ya metseselegae. Fa re le koo, re ne ra dirisana le batho ba e seng masole, re ba thapisa gore ba sireletse metse ya bone. Re ne re nna re ntshitse matlho dinameng ka gonne gantsi mmaba o ne a tle a inaakanye le batho ba lefelo. Fa go le bosigo re ne re tsamaya ka tidimalo—re senka re tshwara le go bolaya baba ba rona. Le fa go ne go na le go sa iketlang thata jalo, lorato lwa me lwa ntwa lo ne lwa tswelela lo gola.
Kabelo ya me ya bobedi ya kwa Vietnam e ne ya fela ka bonako. Ke ne ka kopa gape go sala kwa ntweng. Mo lekgetlong leno baokamedi ba me ba ne ba gana kopo ya me, gongwe ka gore ba ne ba lemogile lorato lwa me lo lo feteletseng lwa ntwa. Mme tiro ya me ya go nna Lesole la Lewatle e ne e sa fela. Ke ne ka busediwa kwa United States go nna mokatisi wa masole, ke katisa batho ba ba sa tswang go nna masole. Ka dingwaga di le tharo le halofo, ke ne ka tlhoma mogopolo mo ditirong tsa me tsa go nna mokatisi wa masole. Go ne go na le go le gontsi go ke neng ke ka go ruta masole a masha ano mme ke ne ka dira gotlhe mo nka go kgonang go dira gore mongwe le mongwe wa bone a nne motšhine wa ntwa o nna ke neng ke le one.
Ke ne Ka Bona Boikaelelo jo bo Botoka mo Botshelong
Ke ne ka tsalana le mokatisi ka nna wa sesole. Mosadi wa gagwe o ne a sa tswa go mo tlogela. Kgaitsadie e bong Christine Antisdel, yo o neng a sa tswa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a ithaopa go tla go nna le ene le go mo thusa go tlhokomela bana ba gagwe ba babedi ba babotlana. E ne e le lekgetlo la ntlha ke utlwa ka Basupi.
Ke godisitswe ke le Mokatoliki mme ke ne ka tsena sekolo sa Katoliki ka dingwaga di le robedi. Ke ne ka bo ka nna mosimane yo o thusang kwa aletareng ya kwa kerekeng. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itse sepe ka Baebele. Christine o ne a fetola seo. O ne a nthuta boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke iseng ke ko ke bo utlwe. Ke ne ka ithuta se tota Baebele e se rutang le se e sa se ruteng.
Ka sekai, ke ne ka ithuta gore Baebele ga e rute gore Modimo o otlhaya batho mo molelong wa dihele fa ba sena go swa. (Moreri 9:5, 10) Ga e rute gore Modimo ke karolo ya Tharonngwe. (Johane 14:28) Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore Modimo o tla tlosa boikepo, botlhoko le loso mme batho ba ba kutlo ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:9-11; Tshenolo 21:3, 4) Ke ne ka ithuta gape boammaaruri ka melao ya Modimo ya boitsholo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Ke ne ka ithuta gore Modimo o na le leina, e bong Jehofa. (Pesalema 83:18) Seno sotlhe se ne se nkgatlha!
Ka November 1972, ke ne ka fudusediwa kwa kampeng e nngwe ya sesole, kwa ke neng ka tshwanelwa ke go ruta badiredi ba sesole ba maemo a a kwa tlase maano a ntwa. Fa ke le koo, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ya kwa dipokanong tsa bone mme ke ne ka kgatlhiwa thata ke botsalano le bokaulengwe jwa mmatota jwa Basupi.
Mme fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ka Baebele, segakolodi sa me se ne sa ntshwenya le go feta. Boammaaruri jwa Baebele bo ne bo thulana thata le tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ke ne ke ineetse mo go tlotlomatseng ntwa ya bosetšhaba le thubakanyo, dilo tse Modimo a di ilang.
Ke ne ka swetsa gore nka se kgone go nna Lesole la Lewatle le go obamela Jehofa Modimo ka nako e e tshwanang. Ke ka nako eo ke neng ka felelwa ke lorato lwa me lwa ntwa. Ke ne ka swetsa go tlogela tiro ya me. Morago ga dikgwedi di le dintsi tsa go tlatsa dipampiri, tsa dipotsolotso le tsa ditlhatlhobo tsa tlhaloganyo, ke ne ka gololwa mo tirong ka tlotlo—mo lekgetlong leno ke le motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleleleng go dira tiro eno. Tirelo ya me ya Sesole sa Lewatle ya dingwaga di le 11 e ne ya fela ka tsela eo.
Jaanong ke ne ka kgona go bolelela Jehofa mafoko ano a a mo go Isaia 6:8: “Ke fano! Roma nna.” Ee, ke ne ke siametse go dirisa maatla a me le matlhagatlhaga a me mo go direleng Modimo wa boammaaruri go na le gore ke nne mo Sesoleng sa Lewatle. Ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka July 27, 1973. Dikgwedi di le tlhano moragonyana ke ne ka nyalana le Christine Antisdel, Mosupi wa ntlha yo ke neng ka kopana le ene.
Nna le Christine re ne ra dirisa dingwaga tsa rona di le 36 re le mmogo go thusa ba bangwe go bona kitso ya Baebele le go atamalana le Modimo. Re ne ra nna barongwa ka dingwaga di le robedi kwa Dominican Republic. Mo dingwageng di le 18 tse di fetileng, ke ne ke le molebedi yo o etang. Nna le mosadi wa me re ile ra etela diphuthego di le dintsintsi tsa Basupi ba ga Jehofa tse go buiwang Se-Spain mo go tsone go ralala United States.
Go fitlha gompieno, ga ke ise ke lemoge mathata ape a maikutlo kgotsa a tlhaloganyo ka ntlha ya nako e ke nnileng mo ntweng ka yone. Ga ke na bothata jwa go ngomoga pelo ka ntlha ya ditiragalo tse di garolang pelo, ditoro tse di tshosang le dipono tsa dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, morago ga go atamalana le Jehofa Modimo, ke ikwatlhaela thata go bo ke ile ka bolaya batho mo ntweng.
Ke ne ka dira diphetogo tse dikgolo—mme e ne e se matsapa a bophiri. Gone jaanong ke ikutlwa gore Modimo o intshwaretse ka ntlha ya se ke se dirileng mo nakong e e fetileng. Go na le gore ke bolaye, gone jaanong tiro ya me ke go naya batho tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Fa ke ne ke le Lesole la Lewatle, ke ne ka dira se ke se dirileng ka go bo ke ne ke sa itse le ka go bo ke ne ke na le tlhoafalo e e sa tshwanelang. Jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, e re ka ke ithutile se Baebele e se rutang, ke dira se ke se dirang ka go bo ke tlhatswegile pelo tota gore go na le Modimo wa boammaaruri yo o tshelang, gore ke Modimo yo o lorato le gore kwa bofelong, batho ba ba mo ratang le ba ba mo utlwang ba tla diragalelwa ke dilo tse di siameng fela.
[Mafoko a a mo go tsebe 25]
Ka malatsi a le supa mo bekeng, mo e ka nnang letsatsi lotlhe, ke ne ke thuntsha kgotsa ke leka gore ke se ka ka thuntshiwa, ke lalela bangwe kgotsa ke laletswe ke mongwe
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Morago ga go atamalana le Jehofa Modimo, ke ikwatlhaela thata go bo ke ile ka bolaya batho mo ntweng
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Ke le mokatisi wa masole (fa godimo) le mo mophatong wa sesole se se tsamayang ka maoto kwa Vietnam (kafa molemeng)
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Dikgobalo tsa me di ne tsa dira gore ke amogele metale wa sesole o o kgabisitsweng o o bidiwang Purple Heart, mme e ne e se dikgobalo tse di masisi thata mo di neng di ka dira gore ke tlogele go lwa
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Nna le Christine re ne ra dirisa dingwaga tsa rona di le 36 re le mmogo go thusa ba bangwe go bona kitso ya Baebele